mafapha seša ga se go fokotsa palo ya badiri

TOBETSA MO MOTSWING

Go sireletsega ga tiro go botlhokwa go maloko otlhe a badiri. Ga go gakgamatse go bo maloko a mantsi a badiri a ntse a akanya ka kgang eno fa e sa le botlhe ba sena go amogela lekwalo le le tswang kwa go motlatsa-mokanseliri le le buang ka diphelelo tsa go rulaganngwa seša ga mafapha.

 

Karolo ya lekwalo e e neng e bua ka kgonego ya go latlhegelwa ke tiro ke yone e e tsositseng matshwenyego go sekae. Le fa go ntse jalo, mo go lone lekwalo leo gape motlatsa-mokanseliri o ne a tlhalosa ka phepafalo boikaelelo jwa thulaganyo ya go rulaganngwa seša ga mafapha.

 

"Boikaelelo ke go fitlhelela katlego mo tirong ya rona le go tila, ka moo go ka kgonegang ka gone, diphelelo tse di sa siamang mo badiring le gore ba se ka ba latlhegelwa ke ditiro," o ne a bolela jalo.

 

Mme ke eng fa go ne go tlhokega gore go umakiwe kgonego ya go ka latlhegelwa ke tiro? Ke ka gonne go ka nna ga se ka ga kgonega gotlhelele go tila ditatlhegelo tsa tiro fa go rulaganngwa mafapha seša, go ne go tlhokega gore go latelelwe thulaganyo e e dumalanang le Molao wa Dikamano le Badiri.

 

Thulaganyo eno e ne e akaretsa go ntsha kitsiso e e amanang le Karolo 189A ya Molao wa Lefapha la Dikamano le Badiri wa bo 66 wa ka 1995 (o o tlhabolotsweng) e e yang go maloko otlhe a badiri. (E ne e le karolo ya lekwalo le o le amogetseng.)

 

Morago ga go romelelwa lekwalo leo – mo go lone letsatsi leo – motlatsa-mokanseliri o ne a tshwara khonferense ya bobegadikgang e mo go yone a neng a tlhalosa ka fa thulaganyo eno  e tlileng go tsenngwa tirisong ka gone le go tlhalosa ka botlalo ka fa thulaganyo e ntšha e tlileng go nna ka gone. O ka nna wa reetsa dinopolo dingwe tsa khonferense eno ya bobegadikgang ka go tobetsa fano.

 

Ka 1 Moranang 2016 gape lo ne lwa amogela imeile e e neng e lo itsise ka mananeo a a farologaneng a dikgakololano a a neng a tshwerwe mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo. Boikaelelo jwa mananeo ano ke go lo gakolola ka diteng tsa kitsiso e e amanang le Karolo 189A ya Molao wa Dikamano le Badiri. Re solofela gore lo ne lo le teng kwa mananeong ano kgotsa lo sa ntse lo tla ya kwa go one.

 

Fa o ka nna le dipotso kgotsa ditshwaelo ka go tsenngwa tirisong ga go rulagangwa boša ga mafapha, o ka nna wa di romela kwa atereseng ya imeile ya: NWUSTRUC@nwu.ac.za. Gape o ka nna wa tobetsa fano go etela tsebewebo ya rona ya tlhabololo ya leano la rona mo interaneteng ya YBB.

phetlolela kwa tlase

>

>