phetlolela kwa tlase

Badiri ka nna ba ba rategang

 

Mo lefatsheng leno la puisano ka dijetale, selo se le sengwe fela se o ka tlhomamisegang ka sone ke phetogo. Diphitlhelelo tse di bonako tsa setegeniki di fitlhelelwa letsatsi le letsatsi, mme motho o tshwanetse go ntsha matlho dinameng gore a se ka a salela kwa morago.

 

E bile gape, motho ga a a tshwanela go fetolela dilo monate fela – ka mafoko a mangwe, fa selo se dira sentle, o se ka wa se fetola.

 

Malebana le dintlha tse di fa godimo, re kopa gore o tseye metsotswana e sekae go bontsha mo patlisisong e e fa tlase gore gantsi o buisa Eish! ya gago jang! – mo khomphutareng ya gago, mo seleng ya gago kgotsa mo theboleteng ya gago?

 

Lebaka la patlisiso eno ke gore re batla go fetola boalo jwa rona jwa Eish! gore bo tsamaisane le didirisiwa tsotlhe tsa dijetale. Ka mafoko a mangwe, o tshwanetse go kgona go buisa Eish! mo khomphutareng ya gago le mo theboleteng ya gago kgotsa mo seleng ya gago.

 

Le fa go ntse jalo, fa patlisiso e bontsha gore bontsi jwa babadi ba rona ba sa ntse ba eletsa go buisa Eish! mo dikhomphiutheng tsa bone, re tla itse gore boalo jwa ga jaanong bo siame le gore ga re tlhoke go bo fetola.

 

Ka jalo tsweetswee tobetsa konopo e e fa tlase go supa gore wena o eletsa go e buisa jang.

• Gantsi ke buisa Eish! mo khomphutareng

• Gantsi ke buisa Eish! mo theboleteng

• Gantsi ke buisa Eish! mo seleng

 

 

KARABO YA ME

 

Go tswa ka magoro ga se go latlhana, buisang ka boitumelo,

 

Nelia le setlhopha sa Eish!

>

>