Badiri ka nna ba ba rategang,

phetlolela kwa tlase

Morago ga go atlega mo go tlhameng leano la rona le le ntšha la YBB ka 2015, jaanong re simolotse ka go rulaganya mafapha boša.  Mo nakong eno lotlhe lo tla bo lo setse go amogetse kitsiso e e batlegang go ya ka Karolo 189A ya Molao wa Dikamano le Badiri. Fa e le gore e lo tshwentse go sekae ka diteng tsa yone tsa semolao, ke kopa lo intshwarele, mme ka maswabi e laotswe ke molao.

 

Ke rata go tlhalosa fano gore boikaelelo jwa thulaganyo ya go rulaganya mafapha boša ke go rotloetsa go tsenngwa tirisong ga leano la rona mme e seng go fokotsa palo ya badiri. Mme e re ka go ka direga gore thulaganyo eno e ame maemo a badiri bangwe le maemo a bone a boikarabelo, mmogo le go ama mafapha a a ntshang dipego, gape e re ka go ka nna ga se ka ga kgonega go tila phokotso ya palo ya diphatlhatiro tse di lekanyeditsweng, go a tlhokega gore re sale thulaganyo eno morago.

 

Jaaka lo itse, mathata a ditšhelete a diyunibesiti tsotlhe mo Aforikaborwa di iphitlhelang di le mo go one a ka nna a dira gore re akanye boša ka diphopholetso tsa rona ka madi mo isagweng.

 

Ke a gatelela gore go tla dirwa maiteko otlhe ka moo go kgonegang ka gone go tila go fokotsa palo ya badiri. Boikaelelo ke go godisa YBB – gore e nne le boleng le go tsenya letsogo ga rona go thusa ka tsa thutogodimo.

 

Tumalanong le tshwetso ya Lekgotla ya di 20 Ngwanaitseele 2015, kgato ya ntlha ke go feleletsa thulaganyo ya diporofaele tse di kwa godimo tsa tiro gore go tle go tshwarwe dikgakololano, go feleletsa maloko a setlhopha sa bakhuduthamaga le mokgwa o moša wa go dira.

 

Kgato ya bobedi e tla nna ya go berekana le lefapha, mokgwa o tiro e dirwang ka one le ditiro tse di tlileng go dirwa ke setlhopha sa botsamaisi se se ka fa tlase ga setlhopha sa bakhuduthamaga – le go ya kwa tlase kwa mafapheng otlhe, gore go tshwarwe dikgakololano.

 

Fa thulaganyo e e tseneletseng eno ya dikgakololano e sena go wediwa, go tla batlwa tshwetso le kamogelo ya Lekgotla mme morago ga moo go tla tlhomiwa maloko a lefapha le le ntšha mo maemong a one a tiro.

 

Ka ntlha ya dintlha tse di fa godimo, ke kopile setlhopha sotlhe sa batsamaisi ba bagolo gore se sikare maikarabelo ka thulaganyo eno e ntšha le porojeke ya mokgwa wa go dira tiro ya YBB.

 

Ba tla kopiwa go etelela pele dipuisano le badiri tsa diphetogo tsa go fuduga go tswa go thulaganyo ya ga jaanong le mokgwa o tiro e dirwang ka one wa yunibesiti ya rona go ya go o mo ntšha wa 2017 go ya pele.

 

Mme gone, rotlhe re na le boikarabelo mongwe go yo mongwe gore re diragatse leano la rona, e leng

 

Go fetola le go tlhoma YBB jaaka setheo seo se leng seoposengwe sa thuto ya boleng jo bo kwa godimo, se se iketleeleditseng go diragatsa tshiamiso mo loagong.

 

Eno ke phetogo mo go rona ka borona le phetogo go setheo ka bosone. Fa re sa fetoge rona jaaka batho setheo ga se kitla se fetoga.

 

Ka jalo ke lo kopa lotlhe gore lo amogele kgwetlho eno ya phetogo ka tlhagafalo. Ga re na tsela e nngwe.

 

Ka pelontle

 

Dan Kgwadi

>

>