Fa leroborobo la Covid-19 le lo thibela go tlisa baithuti ba ka moso mo dikhamphaseng tsa lona, lo ise dikhamphase kwa go bone. YBB e ile ya dira fela jalo ka Matlhatso wa di 8 Motsheganong, fa re ne re na le letsatsi la go lalediwa ga botlhe le le neng le tshwerwe ka mafaratlhatlha, la go isa YBB kwa malapeng a baithuti ba rona ba ka moso.
Ka nako ya tiragalo eno e e neng e tshwerwe ka mafaratlhatlha, motlatsa-mokanseliri e leng Mop Dan Kgwadi o ne a amogela baithuti ba ka moso ka molaetsa wa gagwe o o neng o rekotilwe, mme maloko a le mane a phanele a ne a tlhalosa gore ke eng se se dirang gore yunibesiti ya rona e nne e e kgethegileng thata.
Ka nako ya tiragalo eno, go ne ga tshamekiwa bidio, e e neng e re naya dintlha-kakaretso ka lengwe le lengwe la magoro a rona a le robedi.
Baithuti bangwe ba ga jaanong ba ne ba tlhalosa mabaka a go bo ba tlhophile go tla go ithuta mo YBB le gore yunibesiti e ba tlhomelela jang gore ba fitlhelele go feta ka fa ba neng ba lebeletse ka gone.
Morago ga letsatsi la go lalediwa ga botlhe, go ne ga latela diwebina tsa rona ka ga maitemogelo a botshelo jwa baithuti mo dikhamphaseng tsa rona tse tharo.
Bidio eno ya Letsatsi la Go Lalediwa ga Botlhe le le neng le tshwerwe ka mafaratlhatlha, le gopotsa motho gore ke eng se se dirang gore YBB e nne setheo sa maemo a a kwa godimo jaana sa akatemi, mme gape le bontsha batho gore baithuti ba tlhokomelwa ka tsela e e molemo mo “legaeng la bone kgakala le legae”.
-TSHEDIMOSETSO
eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesimane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.
Setlhopha sa botseleganyi: Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo
Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen
Go tsaya dinepe: Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona
Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe: Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937, nelia.engelbrecht@nwu.ac.za