Leroborobo la Covid-19 le re pateleditse go fetola khalentara ya dithuto ya ngwaga wa 2020 mme seno se ama gape le khalentara ya 2021. Go nna jaaka e kete ke mogolagang wa diphetogo tse nngwe le nngwe ya tsone e bakang e e latelang.
Tobetsa fano go bona khalentara ka botlalo ya 2021.
Ke lekgetlo la ntlha ngwaga wa dithuto wa YBB (2020) o tlileng go fetela mo ngwageng o o latelang gore go felelediwe dimmojule di le mmalwa. Seno ke ka ntlha ya go bo leroborobo le fetotse dithulaganyo tsa rona le disekejule tsa 2020.
eish! e ne ya buisana le mokwadisi wa mo YBB e leng Mop Marlene Verhoef ka diphelelo tse seno se nnileng le tsone mo khalentareng ya dithuto tsa 2021, eo Lekgotla le neng la e amogela semmuso ka di 10 Lwetse 2020.
P: Goreng go ne go tlhokega gore khalentara ya dithuto ya 2021 e fetolwe?
K: Ka ntlha ya leroborobo la Covid-19, re ne ra tshwanelwa ke go fetola khalentara ya 2020. Sengwe sa dilo tse di neng tsa fetolwa e ne e le tekolo ya bofelo ya baithuti gore e simolole ka di 5 go ya go di 15 tsa Ferikgong 2021, mme seno se ne sa ama khalentara ya 2021.
P: A khalentara ya 2021 e tla fapoga thata mokgwa o gantsi re dirang ka one?
K: E seng thata go le kalo. Go santse go tla nna le disemesetara tse pedi le semesetara sa bogare jwa ngwaga le dinako tsa ditekolo tsa bokhutlo jwa semesetara. Phetogo e kgolo ke gore semesetara se segolo se tla simolola moragonyana go feta ka tlwaelo.
P: A re tlile go tswelela ka dithuto tsa mo inthaneteng mo ngwageng o o tlang?
K: Go bonala jalo, segolobogolo ka gore mogare o a tlhatloga gape kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, tiro ya go ruta le go ithuta e tlile go kopanngwa, mme re tlile go nna le “thulaganyo ya go sa kopane thata mo tirong ya go ruta le go ithuta”. Seno se raya gore ditlelase dingwe di tla tshwara ka inthanete, mo go tse dingwe baithuti ba tla kopana, mme tse dingwe tsone di tla dirwa bobedi ka go kopana le ka inthanete.
P: Dithuto di tla simolola leng ka 2021?
K: Mo baithuting ba ba tla bong bo boa, semesetara sa ntlha se tla simolola ka di 15 Tlhakole 2021 mme baithuti ba ngwaga wa ntlha ba tla simolola ka di 17 Mopitlwe 2021.
Lobaka lwa nako ya ntlha morago ga kgorogo ya baithuti ba ngwaga wa ntlha e tla bo e le lwa Kamogelo le Go Tlwaediwa Mafulo mme le lone le tla bo le fetotswe go sekae.
P: Goreng baithuti ba ngwaga wa ntlha ba tlile go goroga fela ka Mopitlwe?
K: Seno se bakilwe ke tiego ya go ntshiwa ga kitsiso ya dipholo tsa ditlhatlhobo tsa materiki tsa 2020. Gantsi kitsiso ya tsone e dirwa ka beke ya ntlha ya Ferikgong, mme jaanong di tlile go gololwa fela ka di 23 Tlhakole 2021. Seno ke ka gonne ditlhatlhobo tsa 2020 tsa Mophato 12 di simolotse morago ga nako e e tlwaelegileng.
P: Badiri ba YBB ba tshwanetse go boela tirong leng?
K: Jaaka gale, yunibesiti e tla tswalwa semmuso ka di 24 tsa Sedimonthole monongwaga, mme e tla bulwa gape ka di 4 tsa Ferikgong 2021. Badiri ba tshwanetse go boela tirong ka lone letsatsi leo, ntle le fa ba le mo malatsing a khunologo.
TSEPA GO
Khalentara ya dithuto tsa 2021:
go dira dilo ka tsela e e farologaneng
Mop Marlene Verhoef ke mokwadisi mo YBB.