Batho ba ba ratang go apaya ka maekeroweifi jaanong ba rata go fagela dipitsa mo godimo ga setofo se se mogote. Ba baka senkgwe mo gae letsatsi le letsatsi, e bile ba tsenya mmenyu wa bone dijo tse di dirang gore ba ikutlwe botoka.

 

Mme ba e neng e le bomankge ba go apaya pele ga totlelelo … dikgono tsa bone di tokafetse le go feta.

 

Ka ntlha ya seno sotlhe, Mop Sonia Swanepoel, modini-mogolo wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi, le Esmé Labuschagne, motlhankedi-mogolo wa tsamaiso, o ne a dira tshwetso ya go kokoanya diresipi tsa bogologolo le tse dintšha tse maloko a badiri mo legorong ba kileng ba di leka ka nako ya totlelelo.

 

Boikaelelo jwa seno e ne e le go dira gore batho ba simolole go ikutlwa botoka mo maikutlong le go dira gore ba tshepe mogopolo mo dilong tse di siameng tsa botshelo. E re ka bontsi jwa batho ba ne ba le mo gae letsatsi lotlhe, boikaelelo jwa porojeke eno e ne e le go rotloetsa maloko a badiri gore ba se ka ba leba fela mathata a ba nang le one.

Tobetsa setshwantsho se se ka fa mojeng go bona dingwe tsa diresipi tse di lekilweng ka nako ya totlelelo – diresipi tse di re tsenyang “botshelo” letsatsi le letsatsi.

Go bonala leroborobo leno le dirile gore bangwe ba kgone go lemoga bokgoni jwa bone jwa go apaya. Morago ga dikgwedi di le nne tsa totlelelo, go apaya go fetogile selo se se motlhofo fela thata se se itumedisang bagolo ba bantsi.

Sopo ya nama ya koko e e tsenyang botshelo

Diresipi dingwe tse di kileng tsa lekelediwa ka nako ya totlelelo ke tseno, tse boikaelelo jwa tsone e leng go tsenya dijo ‘botshelo’ letsatsi le letsatsi. Diresipi tsotlhe tse re di romeletsweng di kokoantswe mmogo go nna buka e e tla gololwang mo masimologong a Phatwe.

Go di tsenya botshelo ka go di kgabisa

“Resipi ga e na botshelo; wena jaaka seapei, o tshwanetse go tsenya resipi eo botshelo,” go bolela jalo seapei sa Moamerika, se se nang le resetšhurente, le mokwadi wa dibuka tsa go apaya e leng Thomas Keller.