Mo godimo ga go kgontsha baithuti ba tsa tlhaeletsano go lootsa bokgoni jwa bone jo bo mosola jwa tlhaeletsano ba dirisa dilo tse di kgonang go lejwa kwa Laboratoring ya *IMAC ya yunibesiti, o nna a le maphataphata ka dinako tsotlhe a ipaakanyetsa go taboga dimmarathoneng.

 

Othusitse, yo e leng motlhatlheledi wa setlhopha sa serutwa sa tsa Tlhaeletsano kwa Khamphaseng ya Mahikeng, o tsere karolo mo dimmarathoneng di le mmalwa tsa Soweto tsa 42-km, dimmarathone tsa Mandela tsa 42-kms le Ottosdal Night Marathon wa 42,1-km.

 

Othusitse o na le dimmentlele tse di farologaneng tsa dikgaisano tsa go simolola ka ya 5 km go fitlha ka tsa 42 km tse di bontshang dikgaisano tse a tabogileng mo go tsone.

 

Jaanong o lebile pele go Mmarathone wa Comrades wa 90-km. "E re ka ke feditse dingwaga di le mmalwa ke taboga halofo ya sekgala sa Comrades, ke dumela gore jaanong ke siamtse go konela lebelo leno le le boima go a gaisa otlhe, la Comrades.

 

“Ga jaanong jaana ke nonotsha boitshoko jwa me le go oketsa lebelo la me, ka gonne ke dilo tse pedi tse di tla nthusang go tsaya karolo mo mmarathoneng wa 2021,” Othusitse o bolela jalo. Mmarathone wa Comrades wa 2020 o ne wa phimolwa ka ntlha ya leroborobo la Covid-19.

 

Lemororo a kgona go tlhalosa ka bonako gore dimmarathone tse di telele ga se tse a lekang go fenya mo go tsone, o batla go nna le dimmentlele di le dintsi ka moo a ka kgonang ka gone e bile o batla go konela dimmarathone ka nako e le nngwe le baatlelete ba maemo a a kwa godimo. O dumela fela thata gore mo kgaisanong nngwe le nngwe, go fenya ke bopelokgale jwa go tsaya karolo.

 

"Ga go mmarathone ope o o motlhofo, mme ke rata go ntsha bokgoni jotlhe jwa me mo lebelong lengwe le lengwe. Lerato la go taboga dimmarathone le dira gore ke se ka ka emisa go di taboga, ka jalo ga nke ke belaela gore a ke tla fitlha kwa moleng wa wa go konela lebelo.

 

Othusitse o ne a simolola taboga dimmarathone tsa sekgala se se leele fa a ne a le moithuti wa ngwaga wa ntlha wa YBB ka 2007 mme ga a ise a ke a tlogele go di taboga.

 

“Ka lesego, ke lemogile bošeng jaana gore motho ga a tlhoke go ikatisetsa dimmarathone thata go le kalo kgotsa go ikatisa lobaka jalo mme o tlhoka go nna botlhale; o tshwanetse go ipaakanya mogopolo le mmele.

 

Temogo eno ga e kitla e thusa Othusitse fela go ipaakanyetsa Comrades, mme e tla mo thusa go mekamekana le dikgwetlho tse a kopanang le tsone mo khamphaseng le tsa morago ga leroborobo la Covid-19.

 

 * Laboratoriamo ya IMAC ke Laboratoriamo ya Dikhomputara tsa Apple Mac. Baithuti ba dirisa dikhomputara tsa Apple Mac go dira tiro ya bone ya go bopa digerafiki.

 

 

Motlhatlheledi o lebile pele

lebelo le le boima go a gaisa otlhe

Motlhatlheledi le motabogi wa dimmarathone Othusitse Maunatlala a re o rata go iteka bokgoni mo kgaisanong e nngwe le e nngwe.

Nako e botlhokwa thata mo motlhatlheleding yono wa disaense tsa tlhaeletsano, e leng Othusitse Maunatlala.