PHETLHOLELA KWA TLASE
Go tlamela ka motlakase o o sa kgaogeng go botlhokwa mo Aforikaborwa e e nang le mathata
Bothata jwa go imololwa ga motlakase le dikgwetlho tse di tsamaisang le jone bo gobatsa fela thata ikonomi ya Aforikaborwa e e setseng e ntse e na le mathata. Mme gone go sa ntse go na le tsholofelonyana fa fela naga ya rona e ka atlega go rulaganya boša setheo sa eneji.
Morutegi wa YBB mo dithutong tsa ikonomi kwa khamphaseng ya Mahikeng, Mop Olebogeng David Daw, o tlhaloganya ka fa maloko a setšhaba a tsielegileng ka gone. “Gore re kgone go tlhama kgolo ya ikonomi e e tswelelang pele sentle mo nageng ya rona, re tlhoka motswedi o o sa kgaotseng wa eneji,” go bolela jalo Olebogeng.
O rata thata tiro e a itsegeng ka yone ya go tlhamela ka tshedimosetso le tlhabololo ya dithuto tsa ikonomi, tse di buang ka ikonomi ya botsamaisi jwa maatla a motlakase le go rulaganyetsa ikonomi – tiro ya botlhokwa jo bogolo thata mo Aforikaborwa mo gare ga mathata a a sa feleng a go tlamela ka motlakase.
Olebogeng o nnile leloko la Yunibesiti ya pele ya Bokone-Bophirima ka 1990 e le moithuti wa nako e e tletseng mme o ne a tlhopha go ithuta ka nakwana a dira mo lefapheng la tsa ditšhelete la yunibesiti gore a tlamele ba lelapa la gagwe.
Tshimologo ya botshelo jwa gagwe
Olebogeng', yo ga jaanong jaana a santseng a feleletsa buka ya gagwe ya ntlha, o belegetswe kwa Kimberley le go godisediwa teng kwa Kapa Bokone. Ke ngwana wa boraro mo go ba le batlhano, mme ene le bomonnawe ba godisitswe ke mmaabone.
“Fa ke sena go bona dikirii ya me ya ntlha jaaka moithuti wa nakwana, ke ne ka newa sekholašhipi sa go ya go ithutela dikirii ya MSc ya Borulaganyi jwa Ikonomi kwa Yunibesiting ya Wits Ke ne ka boela kwa Mahikeng ka 1999 ke le motlhatlheledi mo Lefapheng la Dithuto tsa Ikonomi .
Malebana le go tlhopha serutwa se a itsegeng ka sone, Olebogeng a re: “Ke batla go tlhama dipholisi tse di tla namolang batho ba ba tlhokang tiro le lehuma mo gare ga Maaforikaborwa.”
Olebogeng o tlhalosa gore puso ya Aforikaborwa e rulaganyetsa gore e se ka ya tlhola e laola intaseteri ya go tlamela ka motlakase. Ditheo di le tharo tse di tla bong di sa tlhole di laolwa ke tse di fetlhang motlakase, tse di o tsamaisang le tse di o anamisang.
A re maikaelelomagolo a go sa tlhole di o laola le go rulaganya boša intaseteri ya tlamelo ka motlakase ke:
A re seno se ka kgonega fa fela puso e ka tlogela go tlhola e laola ditlamo tse di tlamelang ka motlakase.
Tsa lelapa la gagwe Olebogeng o nyetse mme banyalani bano ba na le bana ba le batlhano. O rata go itisa le ditsala, go tsaya karolo mo dikopanong tsa baagi, go tshameka tenese ya mo tafoleng, le go reetsa mmino o o iketlileng wa reggae le mmino wa bodumedi.
PHETLHOLELA KWA TLASE
PHETLHOLELA KWA TLASE
DIKGANG
Tšhono ya go tlhomamisa tlamelo ka motlakase
Olebogeng o dumela gore madirelo a mabedi a a fetlhang motlakase ka magala a a santseng a agiwa gone jaanong a tla thusa Aforikaborwa go dira gore tlamelo ka motlakase e tlhomame, mmogo le motlakase o o fetlhwang ke mogote wa letsatsi le metswedi e mengwe ya eneji ya tlhago.
“Mo Aforikaborwa re ka sola molemo motlakase o o fetlhwang ke mogote wa letsatsi go oketsa tlamelo ya rona ka motlakase,” o bolela jalo. O oketsa ka gore malapa le balemirui ba le bantsi – ka sekai, kwa Kapa Bokone – ba setse ba dirisa motlakase o o fetlhwang ke mogote wa letsatsi. Gape go na le matlo a RDP a a dirisang dikisara tsa motlakase o o fetlhwang ke mogote wa letsatsi.
Mo godimo ga moo, ditlamo tsa meepo di fetlha motlakase wa tsone ka metswedi ya eneji ya tlhago go dira tlhagiso-dikumo ya tsone, ditheo tse dingwe, tse di akaretsang diyunibesiti, le tsone di dira jalo.
BOELA MORAGO