PHETLHOLELA KWA TLASE

Mo athikeleng ya “Tsepa go”, o buisitse ka porojeke ya Way ya YBB, e e simolotsweng ke Lefapha la Batho le Setso. Gape o ne wa lebelela bidio ya badiri ka rona ba re bolelela gore setso se kaya eng mo go bone.

 

Jaanong mo bidiong e e ka fa mojeng, o ka reetsa badiri ba rona ba re bolelela gore bone ba bona setso sa YBB jang.

 

Dikgato tseno tsotlhe ke mosepele o re o tsayang wa go tlhoma setso se se tlhomologileng sa YBB se se tshegetsang leano la rona. Ka mafoko a mangwe, tsela e re dirisanang mmogo ka yone letsatsi le letsatsi le bana le seabe ba rona e tshwanetse go bontsha gore re setheo se se seoposengwe, gore re gagamalela thuto ya maemo a a kwa godimo le gore re ikemiseditse go diragatsa tshiamiso mo loagong.

 

Ke rona ba – re tshela ka tsela ya YBB.

Ke eng se se dirang gore re nne Rona?

Ke rona ba -

 

Se ke se badirimmogo ba rona ba se akanyang ka setso sa YBB.

-TSHEDIMOSETSO

Setlhopha sa botseleganyi:

Badiri ba Lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe:

Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe:

Nelia Engelbrecht - mogala 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 260

BOELA MORAGO

Eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesemane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.