>

BUISA GO FETA

>

TSEPA GO

Ka nako ya kokoano ya go tlhabana botlhale ya MACE, Mop Melville Saayman a re babatlisisi ba tshwanetse go lotlegela batho botlhe ka kakaretso patlisiso ya bone e seng go e lotlegela baakatemi fela. Seno se ka dirwa mo dipolatefomong di le dintsi, go akaretsa le mmedia wa botsalano, diwebosaete, radio, thelebišene le dikgatiso.

Baakatemi ba tshwanetse go lotlega

PATLISISO YA BONE

Mop Melville Saayman, mokaedi wa Patlisiso ka tsa Bojanala mo Tikologong ya tsa Ikonomi le mo Loagong (Tourism Research in Economic Environs and Society [TREES]) mo khamphaseng ya YBB mo Potchefstroom, o dumela gore baakatemi ba tshwanetse go lotlegela bontsi jwa batho patlisiso ya bone.

 

Boineelo jwa gagwe le jwa setlhopha sa gagwe jwa go lotlega patlisiso ya bone ka go dirisa metswedi ya dikgang bo dirile gore ka metlha a nne mongwe wa babueledi ba ba kwa godimo ba YBB. O ne a tlhagisa maikutlo a gagwe malebana le go lotlega patlisiso ya gagwe ka nako ya kokoano ya bosetšhaba ya Go Maketa, Kgatelopele le Tlhaeletsano ka tsa Thuto (Marketing, Advancement and Communication in Education [MACE]) e e neng e tshwaretswe kwa Potchefstroom ka kgwedi ya Motsheganong.

Melville a re jaanong jaana go botlhokwa go feta pele gore baakatemi ba lotlegele ba bangwe patlisiso ya bone.

 

"Botshelo jwa baakatemi bo fetogile fela thata mo tsamaong ya dingwaga. Rona jaaka baakatemi re lebane le dikgwetlho tse diša, e seng fela mo tirong ya rona ya go dira patlisiso mme gape ka gonne metswedi ya dikgang e fetogile fela thata fa e sa le go nna le mmedia wa botsalano, thekenoloji ya WiFi le dipolatefomo tsa dijethale tsa dikgang, gareng ga tse dingwe. Tseno ke ditšhono tse diša tsa go abelana tshedimosetso."

 

P: Goreng go e lotlega go le botlhokwa?

K: Fa baakatemi ba dirisa metswedi ya dikgang ka katlego, ba tla tokafatsa patlisiso ya bone mme ba tla feleletsa e le bomankge.

 

"Fa baakatemi ba abelana tshedimosetso, Mosola wa teng ga e nne fela gore e a anama, mme gape e tla lejwa e le e e ka ikanngwang go gaisa dipapatso." A re seno se tla thusa magoro go baakanyetsa badiri le diyuniti kgotsa dikolo tshedimosetso eo gape se tla thusa ka lotseno lwa madi le go ngoka baithuti ba maemo a a kwa godimo, segolobogolo ba morago ga kalogo.

 

"Go na le kitso e e seng kana ka sepe mme se se utlwisang botlhoko ke gore e itsiwe ke ba le mmalwa fela." Melville a re baakatemi ba tshwanetse go lemoga gore diyunibesiti di fetogile diyuniti tsa kgwebo.  "Patlisiso e botlhokwa malebana le diporomoušene, boleng le maikaelelo a kgaisano.  Gape e thusa ka go baya yunibesiti mo maemong a yone le ka go dira gore Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso (National Research Foundation [NRF]) o neye babatlisisi maduo a bone."

 

Mme fa re leba kitso e e seng kana ka sepe le mesola ya go abelana ka yone, ke eng fa babatlisisi bangwe ba sa batle go abelana ka ya bone? Mop Melville a re go batlisisa lebaka la seno go bontshitse gore ba lela ka go tlhoka nako le gore ba re mabaka a magolo a go sa dire jalo ga bone ke gore ga ba itse go kwala diathikele tse di tla ratwang ke botlhe. Gape babatlisisi bangwe ba ikutlwa gore go lotlega tshedimosetso ya bone ga se boikarabelo jwa bone le gore maloko a setšhaba ka kakaretso ga a kitla a kgatlhwa ke yone kgotsa go solegelwa molemo ke yone.

 

P: Re ka rarabolola jang bothata jwa go sa lotlege tshedimosetso?

K: Melville o dumela gore tsela e le yosi ke go tlhoma sekao ka go etelela pele e bile ke lone lebaka la go bo a tlhagafetse ka letsholotemoso mo gare ga badiri ka ene. "O tshwanetse go dira gore ba tlhaloganye gore go na le batho ba ba tla solegelwang molemo ke patlisiso ya bone."

Go botlhokwa go rotloetsa badiri ka go dira gore seno e nne karolo ya thulaganyo ya gago ya ditogamaano. "Gape dira gore go lotlegelwa patlisiso ga bone e nne sengwe se ba neng ba sa se lebelela mme o itsise badiri beke le beke ka se se tlileng go tlhaga mo metsweding ya dikgang. Fa ba bona gore patlisiso ya bone e tlhagisitswe, ba tla tlhagafalela go e lotlega." A re seno se tla tlhama kgaisano e e tshwanetseng.

 

Gape go botlhokwa go ruta badiri go kwala diathikele tse di tla ratwang ke bontsi jwa batho ka go tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale le dikhonferense.

Go na le thuso e e tla newang baakatemi ba ba iketleeleditseng go kwala diathikele tse e seng tsa akatemi. Babegadikgang ba yunibesiti, le babegadikgang ba bangwe le ba ba katisiwang ba le mo tirong le bone ba ka thusa baakatemi go ntshetsa molaetsa wa patlisiso e e dirilweng ka manontlhotlho kwa bathong.

 

"Laletsang maloko a ba metswedi ya dikgang go tla meletlong. Fa o setse o itse gore babegadikgang ke bomang, go tla nna motlhofo go ba naya ditlhogo tsa dikgang. Tsalana le ba metswedi ya dikgang."

A re fa diathikele tsa ntlha tsa babatlisisi di phasaladiwa, go nna botlhokwa gore ba se ka nna fela ka mabogo. "Nna o inaakanye le ba metswedi ya dikgang mme o gopole gore ke thulaganyo e e tswelelang pele."

 

Melville a re kwa bofelong, seno se tla solegela botlhe molemo. "Go bega kgang nngwe e e go amang go ka nna le diphelelo tse di molemo fela thata ka patlisiso ya gago go feta ka fa o neng o akantse ka gone. Gape seno se ka nna sa bula ditšhono tse dingwe gape tsa go dira patlisiso le go tlisa kgonego ya tirisanommogo le diyunibesiti lefatshe ka bophara."

 

‘Baakatemi ba tshwanetse go lotlega patlisiso ya bone’