>

BUISA GO FETA

>

Go tokafatsa ditiro tsa pholo tsa YBB

Harries Thaba, mookimogolo wa Senthara ya Boitekanelo ya Baithuti mo khamphaseng kwa Mahikeng, a re o simolotse go direla YBB ka gonne a ne a bona seo e le tšhono ya go gatela pele. "Go dira mo maemong a tsa akatemi go rotloetsa motho go tswelela pele ka go ithuta," mmenejara yo o belegetsweng kwa Limpopo o bua jalo.

Go tokafatsa ditirelo tsa boitekanelo tse baithuti ba YBB ba tlamelwang kwa tsone go tswelela pele go tokafadiwa, e bile ditirelo tsa tlhokomelo ya bomme jaanong ke dingwe tsa tse di kgethegileng tse go tlamelwang ka tsone, segolobogolo mo khamphaseng ya Mahikeng.

Tirelo eno e ne ya simololwa ke Harries Thaba, e leng mookimogolo wa Senthara ya Pholo ya Baithuti, fa a ne a simolola go direla YBB ka kgwedi ya Diphalane 2017.

 

Ke ka gonne Harries o na le dithutego tse di tlhokegang. Ke  mooki wa seporofešenale yo o kwadisitsweng wa tiro ya booki ka kakaretso, wa boithutatlhaloganyo, wa baagi le wa bobelegisi gape ke mooki yo o kgethegileng wa tsa kalafi mo tirong ya tlhokomelo ya konokono ya pholo e bile ke mmelegisi yo o nang le maitemogelo.

 

"Go ya ka Molao wa Booki ke mooki yo o kwadisitsweng fela kgotsa mmelegisi yo o kwadisitsweng yo o letlwang go thusa basadi ba ba imileng ka nako ya tlhokomelo ya boimana," Harries o bolela jalo.

 

Go baya ditirelo tsa boitekanelo leitlho

 

Maikarabelo a ga Harries a akaretsa bookamedi ka kakaretso jwa badiri, tsamaiso le tiro ya letsatsi le letsatsi ya go laola dilo mo lefelong la tiro, go reka setoko, go bajeta, go baya  maemo a a kotsi a pholo leitlho le go ela tlhoko gore baithuti le badiri ba tlamelwa ka ditirelo tsa botlhokwa tse di sa tlhaeleng ka sepe tsa boitekanelo.

 

Le fa go ntse jalo, o tshwenyega ka dikarolo dingwe tsa boitekanelo tse a akanyang gore go tshwanetse ga dirwa sengwe ka tsone. Ka sekai, go tshwanetse ga gatelelwa thata bophepa, ka gonne go tlhoka bophepa go ka tlisa malwetse a masesanyane ao a ka bong a ile a efogwa.

 

Harries a re ka gonne baithuti ba le bantsi ba tlhakanela diphaposi tsa botlhapelo, go tshitshinngwa fela thata gore baithuti ba rwale diselipara fa ba dirisa dishawara gore go tilwe ditshwaetsego tsa letlalo.

 

Gape bošeng jaana, YBB e ile ya tshwara ka katlego letsholo la go rupisiwa ga banna. Harries o umaka ka bonako gore le fa go rupisiwa go le botlhokwa, ga go thibele go anama ga malwetse a a tshelanwang ka thobalano le HIV.

 

Ditirelo tse go ka okediwang ka tsone mo isagweng

 

Fa re leba kwa pele kwa isagweng, ga jaanong jaana khamphase ya yunibesiti ya kwa Mahikeng e tshwaragane le ditherisano le ba tirelo ya diemmelense go batlisisa ka kgonego ya go nna le tsone mo khamphaseng gore go tlamelwe ka tlhokomelo ya kalafi ka bonako fa go tlhokega jalo.

 

Kwa bokhutlong, maikutlo a Harries a nang le one ke gore, e re ka re na le batho ba bantsi thata, tsela e e siameng ya go fokotsa go ema ga batho mo meleng e me leele ke go dira dipeelanonako le baithuti le badiri ba ba tlhokang tlhokomelo ya kalafi.

 

Mookimogolo, e leng Harries Thaba o naya Onalenna Gracious Mosegedi.