Se se neng sa simolola e le lenaneo le le khutshwane fela la go ithuta le go neng go tlile batho ba le supa fela mo go lone ka 2013 se godile go nna lengwe la matsholo a a botlhokwa thata la YBB la go tlhomelela ba bangwe, le le solegelang bagwebi ba basadi molemo mo bogareng jotlhe Aforikaborwa.
Lenaneo la Kgwebo la Basadi (Enterprising Women Programme – kgotsa EWP) jaaka le itsiwe jalo – ke tirisanommogo e e maatla ya tlhamosešwa fa gare ga Senthara ya YBB ya Tlhabololo ya Kgwebo (Enterprise Development Centre [EDC]) kwa Vanderbijlpark le Aequis Consulting South Africa.
Ka di 20 tsa kgwedi ya Lwetse, bosemphato jono bo ne jwa keteka ngwaga wa jone wa botlhano ka moletlo wa dijo tsa maitseboa o o neng o tshwaretswe kwa Emerald Resort le kwa Casino Hotel kwa Vanderbijlpark. Mo pakeng eno ya phitlhelelo e e seng kana ka sepe, batsayakarolo go tswa mo ditlhopheng tse pedi tsa EWP ba ne ba aloga, e leng EWP Vanderbijlpark (2017) le EWP Sasolburg (2016). Ba ba leng mo setlhopheng sa bobedi ke ba ba dirileng gore lenaneo leno le gole le tswele ka kwa ntle ga Vanderbijlpark mme intaseteri e kgolo ya Sasol e ne ya nna moetleetsi yo mogolo wa yone.
Go nonotsha basadi kwa Sasolburg
Go ya ka Ngaka Esmé Young wa yuniti ya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana tsa Sasol, boikaelelo jwa lenaneo la Sasolburg ke go nonotsha basadi ba lekeišene la kwa Sasolburg la Zamdela, le le nang le batho ba ba fetang 115 000.
Fa Ngaka Young a ne a neetse puo, o ne a dira kitsiso ya gore thulaganyo ya go tlhopha setlhopha sa bobedi sa go simololwa ga bagwebi ba basadi mo lefelong leo e ne e setse e simolotswe le gore go bonwe thuso ya madi ya go bopa setlhopha se e neng e tlile go nna sa boraro sa bagwebi.
Go lemoga maatla a bokgoni jwa bone
Fa a ne a neetse puo ka nako ya dijo tsa maitseboa, Mop Herman van der Merwe, mothusa-modini: wa Go Ruta le Go Ithuta wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi, a re basadi ba e leng bagwebi ba mmalwa fela mo Aforikaborwa, le fa basadi ba le bantsi go feta banna mo nageng yotlhe.
Le fa go ntse jalo, lenaneo leno, le bontsha bosupi jwa gore YBB ga e a ikemisetsa fela go tlisa tshiamiso mo loagong le tlhabololo mme gape setheo se dumela gore ba na le bokgoni jo bo maatla," o bolela jalo.
Go botlhokwa go itsanye le ba bangwe
Mo godimo ga go newa ditifikeiti ga batsayakarolo le go nna le tšhono ya go bontsha ka fa kgwebo ya bone e tlileng go tsamaya ka gone le go itsanye le baemedi ba maemo a a kwa godimo ba kgwebo le ba intaseteri, go ne ga tlhomiwa Mokgatlho wa Basadi wa Kgwebo wa YBB.
Mokgatlho ono o tla bopiwa ka lenaneo la baithuti ba nako e e fetileng mme o tla nna setlamo sa bogakolodi le sa go itsanye le ba bangwe.
Lenaneo la Basadi la Kgwebo le lenaneo la go ithuta la dikgwedi di le robedi, le mo go lone setlhopha se se nang le maitemogelo se se neelang dipuo e leng sa baakatemi, mme setheo sa kgwebo se kaela batsayakarolo go ya isagweng ya go nna bagwebi.
Go golola maatla a
Tobetsa mo godimo ga dibidio go ikopantsha le batsayakarolo ba EWP ba ba tswang kalosong fela maloba. Mo molemeng ke setlhopha sa kwa Vanderbijlpark mme ba ba mo mojeng ke ba kwa Sasolburg.