>

>

BUISA GO FETA

E re ka bošeng jaana YBB e ile ya tlhoma phaposi ya yone ya ntlha ya go anyisetsa bana lebele e le go keteka Beke ya Lefatshe Lotlhe ya Go Anyisa Bana Lebele mo kgweding ya Phatwe, Eish! e ne ya buisana le Chantell Witten ka patlisiso e e neng ya dira gore seno se simolole go dirwa.

Maši a lebele ke dijo tsa konokono tsa masea mme a botlhokwa gore ba kgone go tshela, go bolela jalo Chantell Witten, motlhatlheledi-mogolo ka dijo tse di nang le dikotla mo Legorong la Disaense tsa Pholo mo khamphaseng mo Potchefstroom. O ntse a dule letsholo go batlana le diphaposi tse di ka tshwanelang go anyisetsa bana lebele mo go tsone kwa YBB tse badiri ba ka anyisetsang bana lebele mo go tsone ba se mo ponong ya ba bangwe le go tamusa maši go tswa mo lebeleng ka tsela e e phepa gore ba a neye masea a bone moragonyana. Fano o eme kwa phaposing e ntšha e e sa tswang go bulwa ya go anyisetsa bana lebele, e e bidiwang Made for Mums.

TOBETSA  SETSHWANTSHO GO BUISA GO FETA

Molao wa Go Dira Dilo ka Tshwanelo o tlhalosa eng?

 

O tlhalosa gore badiri ba ba anyisang bana lebele ba tshwanetse go direlwa dithulaganyo tsa go nna le metsotso e le 30 ya go ikhutsa mo tsamaong ya letsatsi gore ba kgone go anyisa bana kgotsa ba kgone go  tamusa maši go tswa mo lebeleng gore ba a neye bana ba bone mo dikgweding tsa ntlha tse thataro tsa botshelo jwa bana ba bone.

Ka 2016, Chantell, motlhatlheledi-mogolo mo Legorong la Disaense tsa Pholo mo khamphaseng ya Potchefstroom, ke ene a tlileng ka kgopolo eno ya gore go nne le phaposi ya go anyisetsa ngwana lebele.

 

Seno se diregile morago ga ngwaga wa gagwe wa bone wa go ithutela BSc ya Dijo tse di Nang le Dikotla, ka go dirisana mmogo le lenaanethuto la YBB la Wellness, ba ne ba dira patlisiso mo badiring ba dikhamphase tsotlhe tse tharo go batlisisa gore badiri ba tlhoka eng le gore ba ikutlwa jang ka lefelo la go anyisetsa ngwana lebele.

 

Diphitlhelelo tsa konokono

 

Maloko a badiri ba le 362 a ne a tsaya karolo mo patlisisong e e dirwang ka eleketeroniki, mme dipotsolotso tse dingwe kwa thoko di ne tsa dirwa le badiri ba bangwe ba ba tlhophilweng mo setlhopheng sa botsamaisi le sa boeteledipele.

 

Le fa pholisi ya go nna le phaposi ya go anyisetsa ngwana lebele e ne e tshegediwa ke bontsi, go ne go sena temogo e e kalo ya gore bomme ba ba anyisang bana ba tlhoka go sirelediwa mo tirong.

 

Se se neng se tshwenya ke gore go ne go se ope wa dimmenejara tse di neng di tsaya karolo mo patlisisong  eno yo o neng a itse gore ditaelo tsa Molao wa Aforika Borwa wa Go Dira Dilo ka Tshwanelo o a reng malebana le go Sireletsa Badiri fa ba imile le fa ba sena go belega.

 

Se se builweng ke badiri

 

Le fa go nnile le ditiragalo di le mmalwa mo nakong e e fetileng tse di sa siamang le dipego tse di yang go lefapha la Batho ba YBB le Setso sa bone ka go anyisa ngwana lebele mo tirong, patlisiso eno e ne ya bontsha sentle gore dimmenejara le badiri-ka-bone ba iketleeleditse go tshegetsa pholisi ya go nna le phaposi ya go anyisetsa bana lebele. Seno se tla tsamaisana le mokgwa wa yunibesiti wa go tshola batho ba bong bongwe le bongwe ka tekatekano, ajenda ya go tlisa diphetogo le go thusa ga yone go dira gore Aforikaborwa  e itekanele le go gatela pele.

 

Le fa go ntse jalo, mo gare ga baaraba-dipotso go na le ba ba sa tlhaloganyeng gore ke mang yo o tshwanetseng go etelela pele pholisi eno le go e tlhoma.

 

Phaposi e e diretsweng bomma bana

 

Phaposi e ntšha ya go anyisetsa bana lebele e ne ya tlhomiwa ka tshegetso ya ga Mop Marius Smuts, mokaedi wa Senthara ya Tiro ya Maemo a a kwa Godimo ya Dijo tse di Nang le Dikotla (Centre of Excellence for Nutrition [CEN]) kwa Tliliniking e e dirang ka dilo tse di amanang le mafura kwa kagong ya G17 mo khamphaseng ya rona mo Potchefstroom.

 

Eno ke kgato ya ntlha ya go rarabolola bothata jo bo masisi jwa go tlhoka mafelo a a ka dirisiwang ke bomma bana ba ba tlhokang go tamusa maši go tswa mo lebeleng gore ba a neye bana ba bone.

 

"Mo bathong ba le bantsi, go anyisa ngwana lebele mo pontsheng ke moila, e bile ka ntlha ya moo, ga ba tshegetse seno kwa tirong," Chantell o bolela jalo. "Phaposi ya rona ya ntlha ya go anyisetsa ngwana lebele ke kgato ya go dira dilo ka tsela e e siameng, mme fa nako e ntse e tsamaya, re tshwanetse go nna le diphaposi tseno mo go nngwe le nngwe ya dikago tsa rona tse bomma bana ba dirang mo go tsone."

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka go anyisa ngwana lebele kwa tirong, leletsa Chantell mo nomoreng ya X99 2473.

 

 

Leba bidio eno ka go anyisa ngwana lebele, e Chantelle Witten a tlhagang mo go yone a tsaya karolo mo lenaneong la thelebišene la Health Talk la dikgang tsa SABC.