E bidiwa motshameko o montle. Ke koo go kopanang dikgantshwane gone, jaaka Pelé yo o neng a raga kgwele ka go ja mokanangwane le Maradona yo o neng a Nosa Kgwele a re ke Lebogo la Modimo’.
"Batho bangwe ba akanya gore kgwele ya dinao ke kgang ya botshelo le loso. Ga ke rate fa ba rialo. Ke ka kgona go ba tlhomamisetsa gore e masisi go feta seo," motshameki yo o tumileng wa kgwele ya dinao e leng Bill Shankly o kile wa bolela jalo.
Ga se metshameko e mentsi go le kalo e e tsosang maikutlo jaaka wa kgwele ya dinao mme mo khamphaseng ya YBB kwa Mahikeng, Setheo se se tumileng sa kgwele ya dinao se fetola lorato kwa kgwele ya dinao go nna tlotla.
Mmenejara wa Setheo e leng Vuyu Sambu ga a bolo go dira mo Setheong sa Kgwele ya Dinao fa e sa le se tlhongwa ka 2007 fa a ne a sa ntse a le motshameki mme a tshwaragane le go feleletsa dithuto tsa gagwe.
Go raga kgwele go tswa matlhakoreng otlhe
Jaaka motshameki, o ne a kgona go tshameka le mo karolong le fa e le efe fela ya lebala motlhofo. Le mo tirong ya gagwe jaaka mmenejara, ga a ise a fetoge mme bokgoni jwa gagwe jwa go dira ditiro tsa gagwe tsa botsamaisi le maikarabelo a gagwe a boeteledipele di dirile gore Setheo sa Kgwele ya dinao e nne mongwe wa metshameko e e gaisang e mengwe yotlhe mo porofenseng.
"Fa nako ya go tlhomiwa ga mmenejara yo moša e goroga, ke ne ke na le maitemogelo a mantsi a go ka tlhomelwa tiro eo," o bolela jalo.
Setheo se na le bakatisi ba le bane, mme Ayodeji Ojo yo o belegetsweng kwa Nigeria o eteletse setlhopha se segolo pele. Palogotlhe ya batshameki ba le 62 (ba le 26 mo setlhopheng se segolo, ba le 18 mo setlhopheng sa B le ba le 18 mo setlhopheng sa basetsana) ba bitsa mabala a Kgwele ya Dinao a Setheo legae la bone.
Go tsenela kgaisano
Ka 2009 Setheo sa Kgwele ya Dinao se ne sa tsaya karolo mo kgaisanong ya bommampodi ya USSA lekgetlo la ntlha, e e neng ya tshwarelwa mo mabaleng a bone mme ba e fenya. Ba ne ba kgona go femela sekgele sa bone ka 2010 kwa Grahamstown mme Vuyu Sambu o ne a eteletse pele jaaka mokapotene mo makgetlong a mabedi.
“Mokgele wa me wa tiro ya boitshediso o simolotse fano, ke rata setheo fela thata. Ke se rata mo go maswe; ke legae la me," o bolela jalo ka tlhoafalo.
Ka metlha, setheo se tshwara dithuto tsa kgwele ya dinao koo bakatisi ba rutwang go katisa batshameki ba sekolo gone. Go tsamaya sentle ka dikolo tseno, le fa gone Vuyu a gatelela gore go tlhabolola motshameko wa kgwele ya dinao mo porofenseng go tsamaya ka bonya tota, ga go bonako.
Tiro e sa ntse e le ntsi
"Re sa ntse re na le tiro e ntsi malebana le tlhabololo ya kgwele ya dinao mo porofenseng," o bolela jalo, a oketsa ka gore karolo ya Bokone Bophirima e lebela motshameko ono kwa tlase fa e bapisiwa le diporofense tse dingwe. "Setheo sa Kgwele ya Dinao ga se ka ke sa kgona se le sosi go tlhabolola motshameko ono mo porofenseng. Re tlhoka baamegi ba bangwe, dikolo le puso ya porofense gore di bontshe boineelo le go thusa ka madi a a oketsegileng go tlhabolola kgwele ya dinao mo Bokone Bophirima yotlhe.
Go akantshiwa gore baamegi ba ba farologaneng mo porofenseng ba tla bo ba dira sentle fa ba ka reetsa maloko a nako e e fetileng a Setheo sa Kgwele ya Dinao a a akaretsang motshamekagare wa Orlando Pirates Thabo Rakhale, motshamekapele wa Supersport United Thabo Mnyamane le motshwaradino Boalefa Pule, motshamekamorago wa Platinum Stars Luvolwethu Mpeta le motshamekagare wa Bidvest Wits Xola Mlambo.
Jaanong kokomana e ntšha e batla go etsa sekao sa dikgantshwane tseno tsa Premier Soccer League (PSL) – batshameki ba ba jaaka Wendelle Martin, Sifiso Ngwenya, Vincent Langa, Khuzi Mashabela le Michael Smit, bao botlhe ba tsomilweng ke Setheo sa Kgwele ya Dinao. Botlhe fela ke baša ba ba nang le bokgoni bao ba nang le isagwe e e itumedisang, ka ntlha ya setheo seno.
Mme Vuyu Sambu, o dira koo go ba thusa go gatela pele, ene ke moithuti wa marara a diatshe: "Ga se motshameko o o tlhamaletseng. Letsatsi lengwe le lengwe le tla ka dikgwetlho tse di batlang gore o dire ka natla thata go fitlhelela mekgele ya motshameko o montle ono."