Ditsala tse dikgolo  tsa ga Stefan tsa diphofa

>

>

Maphoi a a sianang ga se maphoi fela a a itseng tsela ya go boela gae.  Go na le dilo tse dintsi tse re sa di itseng ka motshameko ono.

Stefan Siebert le morwaago, Johan, ka bobedi ba rata maphoi a a sianang.

PHETLOLELA KWA TLASE

Mop Stefan Siebert, modulasetulo wa serutwa sa setlhopha sa Boithutadimela mo Khamphaseng ya Potchefstroom, a re maphoi a tshwanetse go katisiwa le go newa dijo tse di kgethegileng pele a gaisana mo mabelong, mme ka dinako tse dingwe a a latlhega le go nyelela. Ke tsela ya go fetisa nako e e jang madi a mantsi. Molemo wa one wa kalafi o tura thata mme mangwe a maphoi a a kwa godimo go gaisa a mangwe otlhe mo lefatsheng a a sianang a ja R100 000 le le lengwe.

 

Le go ntse jalo, ga go motlhofo go kgaogana le lerato la go nna le maphoi a a sianang.

 

Ene le morwae, e leng Johan (10), ba rata motshameko ono thata, e bile ba fentse mabelo ano a le mmalwa mo tlelapeng ya bone, ya Mooirivier Racing Pigeon. "Maphoi a rona a fofela tlelapa ya Western Racing Pigeon Union, e e akaretsang ditlelapa kwa Potchefstroom, Klerksdorp, Bothaville, Fochville, Viljoenskroon le Wesselsbron.””

 

Maphoi a fofela gae kwa dirubing

Stefan o tlhalosa gore lephoi le lennye la malatsi a le 30 le simolola katiso ya lone ka go nna mo tikologong ya lone le go ithuta kwa serubi sa lone se leng gone. "Go tsaya malatsi a le mararo gore lephoi le itse fa le leng gone. Morago ga moo le simolola go fofela kwa godimo, mme ka iketlo le nna le ntse le fofela kgakala le serubi sa lone. Morago ga moo lephoi jaanong le rutilwe gore 'kwa gae ke kae'."

 

Seno se itiragalela fela ka tsela ya tlhago, moragonyana a ithuta go fofa le maphoi a magolo – gantsi maphoi ano a bonwa a fofa kwa godimo mo motseng a ntse a dikologa. "Ka bonako fela fa maphoi a mannye a sena go nonofa, ke kgona go a isa kgakala le legae le one. Ke rata go a simolola ka sekgala sa 5km mme ka iketlo ke bo ke se oketsa go nna 80km. Fa lephoi le ka fitlha kwa gae pele ga me, ke a isa kgakala le go feta.

 

"Mangwe a a timela, a bo a boela gae ka bonako fela fa a sena go gakologelwa tsela e e yang gae. A tla goroga fa a sa tshwarwa ke phakalane, ke katse kgotsa fa a sa hulwa ke mongwe ka tlhobolo."

 

Mola wa phenyo

Gape maphoi a tshwanetse go ithuta go tsena mo serubing le go tswa; go seng jalo a tla nna kwa ntle letsatsi lotlhe morago ga lebelo, Stefan o bolela jalo. "Ke a ngoka ka dijo: Ke letsa molodi kgotsa ke a a bitsa morago ga metsotso e mebedi ke tswala setswalo sa serubi ke bo ke naya dijo fela a a setseng a tsene. A ithuta ka bonako gore a a tsenang mo teng fela fa a sena go goroga a newa sengwe sa go ja."

 

Lephoi lengwe le lengwe le na le mohitshana wa eleketeroniki mo monotong o o romelang nako ya lone kwa tshupanakong. Tshupanako e bewa gaufi le serobi mme e bontsha nako ya lephoi fa le goroga. Morago ga moo go balelelwa lebelo la lephoi lengwe le lengwe mme dipholo tsa lebelo di ikaega ka gore ke lephoi lefe le nako ya sekgala sa lone e gaisang ya a mangwe otlhe. Lebelo la phenyo mo letsatsing le le tlhabileng sentle phefo e a tlhaga ka fa morago ke 100 km/h.

 

Stefan a re go tsaya karolo mo mabelong a le 36 ka ngwaga go mo ja R3 500. Seno se akaretsa sepalangwa sa tlelapa se se dirilweng gore se kgone go tshola maphoi le go a tlhokomela mo tseleng.

 

O ne a tshwanelwa ke go ya go tsaya maphoi a mangwe a mannye a gagwe kwa Vereeniging a a neng a tsamaile le a a fofelang Gauteng. Ka lesego, maphoi a tsenngwa mohitshana mme beng ba one ba kgona go golagana.

 

Kgaisano e e botsalano

Stefan le morwawe ba na le kgaisano e e botsalano ya go bona gore go goroga lephoi la ga mang pele kwa gae. Johan o na le maphoi a le 20 (rraagwe o na le 100) mme a ka kgona go tsenela dikgaisano di le tharo kgotsa di le pedi fela ka beke. Le fa go ntse jalo, bošeng jaana o ntse a gaisa rraagwe go sekae fa lengwe la maphoi a gagwe le ne le tsere maemo a boraro mo gare ga maphoi a le 600 a tlelapa.

 

"Ke itumelela go bo nna le morwaake re rata kgaisano eno. Ga ke akanye gore borre ba le bantsi ba itumelela se se tshwanang."

Stefan a re maphoi a a sianang gantsi ke maphoi a kwa Yuropa a a nnang mo godimo ga mafika (Columbia liva - ka fa molemeng) ke la losika lwa a a nnang mo godimo ga mafika go tswa kwa Dinageng tsa Sekaka sa Sahara (Columba guinea - ka fa mojeng).