SAMMY o
tlhomela Bagaka ba
Diolimpiki
sekao
Modirimmogo Sammy Sepeng o simolotse go dirisana mmogo le mefenyi wa gauta wa Diolimpiki Caster Semenya ka 2015.
BUISA GO FETA >
1
Sammy o tlhomela Bagaka ba Diolimpiki sekao
BUISA GO FETA
3
BUISA GO FETA
Go ikatisetsa lebelo
BUISA GO FETA
Go tsaya kgato e e latelang
2
4
BUISA GO FETA
Go ikatisetsa gauta
Sammy o tlhomela Bagaka ba Diolimpiki sekao
Sammy Sepeng o phophoma boitumelo jo bo seng kana ka sepe, jo bo bontshiwang ke monyenyo wa gagwe o o re tshelegelang. Lekau leno la dingwaga di le 29 gape le bonako mo go maswe, gantsi o bonwa a betsega a tswa e bile a tsena mo teng ga ofisi ya Lefapha la Go Maketa le la Ditlhaeletsano kwa Khamphaseng ya Potchefstroom koo a dirang gone.
O nna a le mo lebelong; o ka botsa le Caster Semenya ka ene, mongwe yo o nang le mmentlele wa gauta wa Diolimpiki, yo a simolotseng go ikatisa le ene ka 2015.
Pele ga moo, Sammy o ne a ntse a itse sengwe ka go nna mogaka wa Diolimpiki. E re ka e le nnakaagwe Hezekiel Sepeng, o sa ntse a gakologelwa sentle bosigo jo morwarraagwe a fentseng mmentlele wa selefera ka gone ka 1996 mo kgaisanong ya dimitara di le 800.
"E ne e le letsatsi le le itumedisang e le tota," go bolela jalo Sammy yo o belegetsweng le go godisetswa kwa Potchefstroom. "Ke ne ke sa ntse ke le monnye, mme ke gopola lelapa la rona le tlile lotlhe go tla go bogela kgaisano eo. E ne ya re fa mogolole a fitlha kwa makgaolakgannyeng, ke ne ke itse gore go ne go ka direga sengwe le sengwe. Ga re a ka ra robala bosigo joo!" o tlhaeletsa jalo.
"Mogole, e leng Zieks, ke motlhomasekao wa me. Gantsi ke ne ke batla go tshwana le ene, e bile ke sa ntse ke ikutlwa jalo. Re ratana fela thata nna le ene e bile re buisana ga ne ka beke."
Go ikatisetsa lebelo
Seno sotlhe se simolotse ka 2013 fa a ne a simolola go thusa baatlelete ba kwa Yuropa go ipaakanyetsa lebelo ba kaelwa ke Jean Verster, mmenejara wa Setheo sa Go Ntsha ga Tshwene sa Yunibesiti ya Bokone Bophirima sa YBB kwa Potchefstroom yo gape e leng mokatisimogolo wa ga Caster.
Ka nako eo, Sammy o ne a ikatisa le Nigel Amos, motabogi wa sekgala sa magareng yo o belegetsweng kwa Botswana yo o gapileng mmetlele wa selefera kwa Diolimpiking tsa 2012 kwa Dikgaisanong tsa kwa London. Morago ga moo, ka 2015, Caster a bua le Sammy gore a mo thuse go ipaakanyetsa lebelo. O ne a kgobegile marapo ka nako eo a sa dire sentle gotlhelele, mme ba itlhomela mokgele mmogo mme ba ipolelela gore ba tlile go dira ka natla gore Caster a boe a fenye mabelo gape.
Go ikatisetsa lebelo
Go tsaya kgato e e latelang
Go tsaya kgato e e latelang
Zieks o ne a mo rotloetsa go latela dikgato tsa gagwe, e bile o ne a simolola go nna le tsholofelo ka Sammy. Sammy ke setshameki se se nang le bokgoni sa kgwele ya dinao mme gape ke moatlelete (segolobogolo wa dimitara di le 400), mme o setse a ile a tsenela dikgaisano tsa bosetšhaba tsa bagaisani ba ba botlana.
Mme ka kgwedi ya Phatwe mo ngwageng o o fetileng, o ne a tlelwa ke boitumelo jo bo seng kana ka sepe jo mogolowe a nnileng le jone jwa go nna mofenyi mo Diolimpiking fa mosetsana mongwe kwa Rio de Janeiro a ne a ntshitse ga tshwene a bo a tla gae a gapile mmetlele wa gauta wa sekgala sa dimitara di le 800.
"Fa ke ne ke lebile makgaolakgang ao, ke bona Caster a taboga dimitara di 100 tsa bofelo... ke ne ke sa kgone go tlhalosa gore ke ne ke ikutlwa jang. Morago ga go ipaakanyetsa seo sotlhe - go ne go ntse jaaka e kete motho o bona ditoro tsa gagwe di diragadiwa fa pele ga matlha a gagwe."
Go ikatisetsa gauta
"Ke ne ke sa batle go gatelela Caster thata go sa tlhokege ka gonne o ne a setse a le ka fa tlase ga kgatelelo. Ke ne ka mmolelela gore re tshwanetse go dira kgatelopele, re se boele morago. O ne a setse a na le mmentlele wa Selefera wa Diolimpiki, ka jalo go ne go na le selo se le sengwe fela go se dira go tloga foo. Re ne ra simolola go tshepana mme a ikatisa ka bojotlhe jwa gagwe. Caster ke motho yo o siameng yo o nang le boineelo jo bo seng kana ka sepe," o bua jalo ka tsela e e bontshang gore o a mo rata.
Sammy ke motho yo o boikokobetso fela thata. "Ke santse ke ithuta mme go monate go ikatisa le baatlelete ba ba jaaka Caster le Nigel. Mme mokgele wa me ke go katisa baatlelete ba ba botlana go ba dira bagaka. Ke batla go nna mokatisi yo o nang le bokgoni, jaaka Jean. Go ikatisa le go rutwa ke motho yo o tshwanang le ene ke boitemogelo jo bo gakgamatsang e le tota. Nna ke moithuti wa Yunibesiti yo o nang le bokgoni mo tirong ya Go Maketa le ya tsa Tlhaeletsano. Ke rata tiro ya me thata e bile ga e ntapise le ka motlha, ka gonne ke kopana le batho ba bantsi e bile ga ke fetse go ithuta tiro ya go maketa."
Ke monna wa ga Alinah mme ba na le bana ba babedi ba basimane, Thato wa dingwaga di le supa le Mzamo wa dingwaga di le 10. "Ga go sepe se ke se ratang jaaka go tshameka le basimane ba me le go fetsa nako ke na le mosadi wa me Ke ka bo ke sa fitlhelela sepe fa e ne e se ka bone."
Selo se sengwe se a se ratang thata ke go baakanya koloi ya gagwe. "Nka itumela tota fa nka kgona go ntsha enjene mo koloing ya me le go tsenya dibering."
Ee, go ntse jalo. Fa go na le sengwe se Sammy Sepeng a ka kgonang go tokafatsa mo go sone go feta tse dingwe, ke go dira gore sengwe se taboge ka lebelo le go feta, se nonofile le gone ka lobaka lo lo leele.
x