abatlisisi ba setheo sa patlisiso sa SA ba akanya ka ngwaga o o fetileng wa dikhuduego
B
Diyunibesiti di tlhoka dintlha le dipalo tse di nepagetseng gore di kgone go dira ditshwetso tse di siameng gongwe le gongwe – go simolola ka mofuta wa kemonokeng e e tlhokwang ke baithuti, go fitlha ka mananeothuto a akatemi a a tla thusang badiri ka se ba se tlhokang.
Dintlha le dipalo tseno di tswa kwa mafapheng a bone a setheo a patlisiso, a a kopanang mmogo ngwaga le ngwaga go tlotla ka se se diregang mo tirong ya bone le mo setheong sa thutogodimo ka kakaretso.
YBB e ne e le motlotlo go tshwara khonferense ya bo 23 ya ngwaga le ngwaga ya Southern African Association for Institutional Research (SAAIR) ka kgwedi ya Diphalane mo ngwageng o o fetileng.
Tiragalo eno e ne e le ya malatsi a le mane a go tlotla le botlhe ba ba neng ba tlile khonferenseng eno ka mesola ya go dira patlisiso, mme e ne e tshwerwe ka nako e le nngwe le kokoano ya go tlhabana botlhale pele ga khonferense ya Southern African Higher Education Learning Analytics (SAHELA) mo Potchefstroom.
Kokoano e e botlhokwa eno e ne ya naya badiri botlhe ba ditheo tsa thutogodimo mo dinageng tsa Kgaolo ya Borwa jwa Kontinente ya Aforika tšhono e seng fela ya go abelana kitso le maitemogelo a bone le ba bangwe, mme gape go akanya ka ngwaga o o fetileng wa dikhuduego le go tlotla gore tharabololo e tlile go nna efe.
PHETLOLELA KWA TLASE
Badiri-ka-rona bano ke bangwe ba setlhopha sa Ofisi ya tsa Boleng ba ba neng ba tshwere khonferense e batlakopanong ba neng ba e tlhalosa ba re ke e e monate e e rutang ya SAAIR. Bone ke Audrey Vanya, mothusi wa nakwana wa baithuti, Carin Strydom wa SAAIR, Ngaka Jannie Jacobsz, mokaedi wa Ofisi ya tsa boleng le modulasetulo wa khonferense, Johanna Müller, mmenejara wa tsa boleng wa ditirelo tsa kemonokeng, le Tommy Pietersen, motlhankedi-mogolo wa tsamaiso.
Carin Strydom wa SAAIR, Antoinette Vermeulen, mmenejara wa tsa boleng wa YBB wa mananeothuto a akatemi, le Johanna Muller, mmenejara wa tsa boleng wa ditirelo tsa kemonokeng, ba tlhabile kgobe ka mmutla mo khonferenseng ya SAAIR.
Kganetsano ka matsholo a
mustfall
#
Batlakopanong ba ba fetang 130 go tswa mo Aforikaborwa yotlhe, Botswana le Namibia ba ne ba tlile khonferenseng ya SAAIR le kokoano ya SAHELA.
Batlakopanong ba ba fetang 130 go tswa mo Aforikaborwa yotlhe, Botswana le Namibia ba ne ba tlile khonferenseng ya SAAIR le kokoano ya SAHELA.
<
>
Setlhogo se go neng ga buiwa ka sone e ne e le sa matsholo a #mustfall, se diphelelo tsa sone di neng tsa ama mafapha otlhe a ditheo tsa thutogodimo. Batlakopanong eno go tswa kwa Kgaolong yotlhe ya Borwa jwa Kontinente ya Aforika ba ne ba nna le tšhono ya go tlotla ka ditlhogo di le mmalwa, le ka mekgwa ya go dirwa ga tiro mo ditheong tsa patlisiso, go kgona go itsetsepela ga ditheo tseo le seabe sa patlisiso e e dirwang ke setheo ya go rotloetsa gore go nne le tsela e e botoka ya go tlhaloganya, ya go ema ba bangwe nokeng le ya go dira tiro ya boleng jo bo siameng.
Batlakopanong ba ne ba reeditse dibui tse di tumileng le bomankge ba abelana megopolo ya bone le ba bangwe ka boemo jwa thutogodimo malebana le dikhuduego tse di neng di tsositswe ke baithuti tse gantsi di neng di tletse tirisodikgoka le go kgoreletsa thulaganyo ya thuto. Gape ba ne ba kgona go nna le seabe mo motlotlong wa phanele le go nna teng kwa mananeong a le mmalwa a go tlhatlhobiwa ke dithaka tsa bone
"Fa re leba mokgatlho wa #FeesMusFall, puso e ile ya tsosa tsholofelo mo bathong dingwaga di le dintsi tse di fetileng gore e ne e tlile go tlamela ka thuto ya mahala.
Mme re ne ra bona thuso ya madi a a tswang kwa pusong e ntse e fokotsega ngwaga le ngwaga, e pega baithuti mokgweleo wa madi. Ke lone lebaka la go bo re le mo boemong jono. Baithuti ga ba itire go bo ba galefile jaana. Khonferense e ile ya re naya sengwe se se tshwanetseng go akanyediwa ka kelotlhoko mme ya naya baporofešenale tšhono ya go abelana maitemogelo a bone le ba bangwe," go bolela jalo Ngaka Jannie Jacobsz, mokaedi wa Ofisi ya tsa Boleng wa YBB.
ibui tsa maemo a a kwa godimo di a tshwaela
D
Mop Dan Kgwadi, motlatsamokanseliri, o ne a ntsha maikutlo a gagwe ka dikhuduego tsa #EverythingMustFall, mme Mop Adam Habib, motlatsa-mokanseliri wa Yunibesiti ya Wits, o ne a bua ka seabe sa diyunibesiti mo lefatsheng la diphetogo. Sebui se se etileng go tswa kwa Australia e leng Mop Linda Brown o ne a abelana maitemogelo a gagwe le botlhe ka go ruta thutogodimo ya boleng jo bo kwa godimo le go alosa baithuti ba ba tla kgonang go thapiwa go ntse go na le dithulaganyo tsa taolo, pholisi le tsa go tshegediwa ka madi tse di fetogang ka metlha. Ke Mokhuduthamaga-Mogolo wa Laureate Australia, Mokhuduthamaga-Mogolo wa Think Education le poresidente wa Yunibesiti ya Torrens kwa Australia.
Le fa khonferense e ne e le ya go bua ka dipatlisiso le go abelana kitso le ka thotloetso ya gore go dirwe patlisiso mo sethong, YBB e na ya bontsha batlakopanong bano mowa wa go amogela baeng le go tsalana le bone. Ditiragalo tsa go tsalana mmogo tse di neng di tshwarwa mo masigong a a farologaneng di ne di akaretsa moletlo wa dijo tsa maitseboa kwa kagong ya Legoro la Boenjenere, koo go neng ga neelwa puo ka Vredefort Dome, dijo tsa maitseboa le go tsamaisiwa ka bese go bona lefelo leo.
Tobetsa segoke seno go bona dipuo tse dingwe go ya pele ka ga seno: http://www.saair-web.co.za/news/resource-centre/2016-conference-presentations/
Batlatsabakhanseliri Mop Adam Habib le Mop Dan Kgwadi ba ne ba le dibui tse di maemo a a kwa godimo kwa khonferenseng.
Mop Linda Brown wa kwa Australia o file babatlisisi ba Setheo megopolo gore ba dire jang go bona katlego le ka dinako tsa kgatelelo le go sa bone lesedi.
Nicolene Murdoch, modulasetulo wa SAAIR, yo o wetsang tiro ya gagwe o ne a le modulasetulo wa kokoano-kakaretso eno ya ngwaga le ngwaga ya SAAIR e ka yone go neng ga tlhomiwa komiti-khuduthamaga e ntšha ya 2017.
<
>