Mop Petra Bester, mokaedi wa AUTHeR.
ya ditharabololo
tsa boitekanelo
AUTHeR
Kopana le
Goreng o dira o le mongwe mo diporojekeng tsa morafe go na le gore nkabe o fitlhelela go le gontsi ka go kopanela maatla le Yuniti ya Aforikaborwa ya YBB ya AUTHeR(Africa Unit for Transdisciplinary Health Research)?
Yuniti ena e dira mokgwa wa phitlhelelo wa patlisiso ka palo e e fapaaneng ya ditikologo, mme e na le baitseanape le tlamego go neela maphata otlhe a dithuto le dikolo tsa YBB maikaelelo a ditšhono go dira le bona mo diporojekeng tse di kgethegileng le mananeothuto, le gape diitshimolelo tsa tirisano le morafe.
Maikemisetso a yuniti ya patlisiso ya AUTHeR ke go tshameka karolo mo go atereseng ga dikgwetlho tsa boitekanelo tse di raraaneng, e seng fela mo Borwa jwa Aforika le gape mo boditšhabatšhabeng. Mop Petra Bester, mokaedi, a re ba dumela gore twantsho ya dikgwetlho tsa boitekanelo e kgonagatsa itlhagiso ka botlalo. "Re bona batho ka bokao jo bo feleletseng: mmele, mogopolo le moya le ka fa gare ga morafe."
A re ke ka moo goreng AUTHeR e le molekane yo o maikaelelo go dithuto tsotlhe tsa YBB le dikolo fa ba tsena mo letsholong la mo diporojekeng go tokafatsa maphelo a merafe. Patlisiso ka bongwe e tlhotlhomisa boitekanelo jwa kamano ya saekho-loago mo thutokamanong ya malwetse le go nolofatsa tsela ya boitekanelo ya boleng. Ka tlhagiso ya Kopantsho ya Dirutwa, ditokololo tsa morafe le babatlisisi go tswa dirutweng tse di farologaneng ba nna balekane ba ba tlhaga mo go tsweletseng boitekanelo le itekanelo.
Go dira pharologano e ka se diragale ka phapho. Re aga dikamano tse di ikanyegang le morafe, re dira re ba atametse go lekanya ditlhoko le thibololo ya dikgwetlho tsa boitekanelo tsa letsatsi le letsatsi tse di ba lebaneng," go re jalo Muller Speis, molaodi wa porojeke.
Mo go aroganeng go tswa bokgoning jwa patlisiso e e botlhokwa, tsotlhe di na le nonofo e e farologaneng mo go nneng le seabe mo baaging le go ruta le go ithuta. Bokgoni jo le nonofo di teng go thusa maphata a dithuto le botlalo jwa patlisiso ka maikaelelo a go dira thulano e e utlwalang go phunyeletsa ka go nna le seabe mo baaging.
"Magoro a itse gore seabe sa baagi se tshwanetse go diragala fela ga se gantsi ba itseng gore ba di bope jang mme ke teng fa mo AUTHeR e ka tshamekang karolo e e botlhokwa," go re jalo Ngaka Nicole Claasen, motlhatlheledi.
Dira phapaano, tsaya karolo
Dikopo tsa matlole a selegae le boditšhabatšhaba di tlhokega go feta le go feta dirutweng tse di farologaneng di dira mmogo, di ama ditharaano tsa nnete ya bophelo tse di raraaneng," go tlhalosa Nicole.
Rona re le AUTHeR re na le kitso ya moitseanape le boitekanelo le ponalo ya itekanelo go tlhola diporojeke tsa Kopantsho ya Dirutwa tsa bontsi mme magoro a buletswe go dirisana mmogo le magoro a dithuto dife kgotsa dife.
Petra o dumela se ka tumaikgati ka se o laletsa Magoro a dithuto otlhe le dikolo fa gare ga YBB go ikgolaganya le bona ka ditshitshinyo le ditšhono tsa tirisanommogo. Go bona tshedimosetso go ya pele, letsetsa AUTHeR mo X99 2095 kgotsa etela http://www.nwu.ac.za/health-sciences/auther.
Supa mo ditshwantshong go buisa go feta
BOELA MORAGO