Senthara ya Boitlhamedi ya YBB mo Khamphaseng ya Potchefstroom e fana ka mefutafuta ya dikhoso mo baithuting le mo badiring le baagi ba setšhaba go oketsa bokgoni jwa bone le go oketsa le go tokafatsa Boitlhamedi jwa bone. Eish! e buile le Francois Pretorius, molaodi wa senthara ka dikhoso tse di monate tse di makatsang tse di leng teng.
“Re phela mo lefatsheng le mo go lone nang le thuto le koketso ya kitso nako yotlhe. Go nna baithuti ba bophelo botlhe re tshwanetse go tswelela go tokafatsa dikgono tsa rona le kitso. Ke ka lebaka le Senthara ya Boitlhamedi e leng letlotlo le legolo la badiri le batho ba YBB."
Francois a re molebo mogolo wa dikhoso ke dikgono mme se se fana ka tšhono ya go agela pele CV ya motho
Dikhoso tsotlhe di kwadisitswe semmuso mme di rutiwa ke baitseanape ba dirutwa tsa diteng. Go na le dikhoso tsa dikgono tsa dirweboleta tsa dikhomphiutha, popo ya ditsebe tsa wepe, matseno mo boakanyetsi jwa diaparo, ditshwantsho tsa dikhemera mme gape dikhoso tsa go taka le go gatisa.
Dikhoso di rutiwa mantsiboa mo gare ga beke le nako e nngwe ka malatsi a Lamatlhatso. Khoso ya Terama ke yone fela ya Senthara ya Boitlhamedi ya YBB e e rutiwang motshegare ka malatsi a Labone.
Dikgono tsa Tiriso ya khomphiutha
Francois a re dikhoso tsa dikhomphiutha tse ka tatelano di lebelelang thata diporokerama tsa Illustrator, Indesign le Photoshop ke tsone tse di ratiwang thata mo badirimmogong.
“Yunibesiti e ka ema nokeng dikhoso tse ka go di duelela ka madi a tlhabololo ya dikgono, mo badiring ba dikarolo tse di farologaneng mo khamphaseng, fa e le gore ba kgone go tlhalosa gore dikhoso di botlhokwa mo go direng ga tiro ya bone mo yunibesiting. Jaanong jaana go na le badirimmogo ba ba 10 ba ba emiwang nokeng ka dituelo."
Dikhoso tse di ratiwang tse di ka tlhophiwang
Bogolo segolo o itumeletse dikhoso tse dišwa. “Khoso ya "Relief printmaking" e e dirisang mekgwa ya go sega lino, go sega le logong le go gatisa mokgwa wa mono. Se ke khoso e e ntšhwa gotlhelele ya 2016. Dikhoso tse dingwe tse di fela go tlhomelwa ke tse dingwe gape tse di ratiwang thata jaaka thekenoloji ya mmino, khoso e e khutshwane ya filosofi e e bulelang tšhono ya dithuto tsa morago ga dikerii le e nngwe ya tlhabololo ya baanelwa mo dipading tsa sekerafiki."
Khoso ya Terama e ratiwa thata. “Re ka kgona go amogela baithuti ba le 25 fela ka ngwaga mo khosong e e ratiwang thata e. Khoso e e rutiwa le ADA (Academy for Drama and Art). ADA e rutile mme e godisitse batho ba bagolo jaaka mokaedi Henry Mylne le baanelwa Marius Weyers le David Rees.
"Go bonolo go ka ikwadisa ka gore dikopo tsotlhe tsa go ikwadisa di ka diriwa mo lefelong la wepe la Senthara ya Boitlhamedi.
Leinakgwebo la Senthara ke serurubele se se tswang mo kgannyeng ya Papillon, mogolegwa yo a itsiweng thata yo o kgonneng go sia. “Se ke setshwantsho se se tshwantshisang gore le rona le tshwanetse go ikgolola mo dikgolegong tsa rona mme re phele bophelo bo tletse thata. Thuba melelwane mme o phele bophelo ka bophara le ka mebalabala," ga bua Francois.
Ka dikhoso tse dintsi tse re ka tlhophang mo go tsone, go se nne le sepe se se go sireletsang go itokafatsa mo Senthareng ya Boitlhamedi.
Go ka bona tshedimosetso e nngwe ya KWA
phetlolela KWA TLASE
phetlolela KWA TLASE