Bagwebi ba ithuta sephiri sa go atlega tswa go bomankge ba intaseteri

PHETLOLELA KWA TLASE

Jaaka yunibesiti e e tlotlang thata botsamaisi jwa kgwebo, YBB e ne e tshwanelegela go di feta tsotlhe go tshwara Lenaneo la Botsamaisi jwa Kgwebo la Thekenoloji la Setlamo sa Tlhamosešwa sa Thekenoloji (Technology Innovation Agency [TIA]).

 

Go ne go na le batsamaisakgwebo ba le somamatlhano mo Lenaneong la botsamaisi jwa kgwebo, le le neng le tshwaretswe kwa Khamphaseng ya Potchefstroom go simolola ka di 11 go fitlha ka di 15 tsa Moranang leo go tshwarwa ga lone go neng go tshwaraganetswe le Yunibesiti ya Lekwa ya Thekenoloji le TIA.

 

Lenaneothuto leno le naya batsamaisakgwebo ba baša tšhono ya go tlhalosa dikgopolo tsa bone tsa kgwebo lekgetlo la ntlha  gore go nne le dikumo tse ba ka kgonang go di maketa kgotsa go gwebisana ka tsone.

 

Bomankge ba tlhagisa maitemogelo a bone

Lenaneo la Botsamaisi jwa Kgwebo la Thekenoloji  le ne la laletsa dingwe tsa dibui tse di gaisang tsotlhe mo intasetering. Lenaane la dibui di le 28 tse di tumileng kwa kokoanong ya ngwaga ono ya go tlhabana botlhale di akaretsa Casper de Villiers, motlhankedikhuduthamaga-mogolo wa Click-a-tell, Pieter de Beer, Mokhuduthamaga-Mogolo wa Lodox Systems, le Jayshree Naidoo, tlhogo ya tsadiso ya kgwebo kwa Standard Bank

 

Bomankge ba ne ba naya botlhe kgakololo ya bone ya maemo a a kwa godimo ka ditlhogo di buang ka diphoso tse dikgolo tse di dirwang ke ditlamo tse di sa ntseng di simolola, go tlhagisa dikgopolo tse dintšha le go tlhama boleng le go batla thuso ya madi a go tsamaisa kgwebo.

 

"Lenaneothuto leno le ne le tshwanela baalogi ba ba kgatlhegelang go gweba ka dilo tsa thekenoloji le dipholo tsa saense tsa patlisiso, le ba ba kgatlhegelang go simolola tsela ya go tlhama kgwebisano ya thekenoloji. Gape e ne ya naya kgakololo ba ba akanyetsang go dira le ditlamo tsa thekenoloji tse di sa ntseng di simolola," go bolela jalo Rudi van der Merwe mo Ofising ya Setheo, mookamedi wa porojeke ya Go Ruta Thekenoloji le Go Nna le Seabe mo Baaging.

 

"Dingwe tsa dipholo tse di mosola thata tsa lenaneo leno e ne e le go bulega ga ditšhono tsa go bona tiro ga baithuti ba morago ga kalogo.|

 

 

 

PHETLOLELA KWA TLASE

>

>

Batsamaisi ba kgwebo ba akgola lenaneo

Rudi a re ba amogetse pegelokarabo e e siameng go tswa go batsayakarolo botlhe:

Ngaka Lida Holtzhausen wa Sekolo sa Dithuto tsa Tlhaeletsano mo Khamphaseng ya Potchefstroom o ne a ntsha kgakololo e e mosola ya go tlhalosa kgwebo e ba batlang go e bula.

Casper de Villiers, motlhankedikhuduthamaga-mogolo wa Click-a-tell, e ne e le mongwe wa dibui tse di itsegeng thata ka nako ya Lenaneo la Kgwebisano la TIA.

Lenaneo la Botsamaisi jwa Kgwebo la Thekenoloji  le ne la laletsa dingwe tsa dibui tse di gaisang tsotlhe mo intasetering

Dibui tsa maemo a a kwa godimo tse di nnileng le seabe mo Lenaneong la Botsamaisi jwa Kgwebo la Thekenoloji le le tsereng beke yotlhe la TIA ke Hannes Malan (YBB), Cedric Scheepers, motlhankedikhuduthamaga-mogolo wa Quainted, Karen Eksteen, Setlamo sa Tlhamosešwa sa Thekenoloji (TIA), Casper de Villiers, motlhankedikhuduthamaga-mogolo wa Click-a-tell, Ngaka Lida Holtzhausen (YBB) le Rudi van der Merwe (YBB).

 

"Re lebile pele go tshwara tiragalo eno gape, le ditiragalo tse dingwe tse di tshwanang le yone mo bogautshwaneng," go bolela jalo Rudi. O laletsa botlhe ba ba batlang go rekisa dikgopolo tsa bone tsa kgwebo go mo kwalela imeile mo atereseng ya Rudi.vandermerwe@nwu.ac.za.

PHETLOLELA KWA TLASE

PHETLOLELA KWA TLASE

BOELA MORAGO