Ditso tsa mefuta e e farologaneng

Shahed Motara a re Toktokkie e ne e le motshameko o o tshegisang ka nako ya go gola kwa Mohadin.  “O ne e le monate mme o ne o se na kotsi mme o ne o dira bophelo jwa me le wa ditsala monate.

Mo motseletseleng wa rona o o tswelelang pele o o bontshang ditso le ditlwaelo tse di farologaneng, Eish! e tlotla ka motshameko wa bana o o bidiwang Toktokkie. Shahed Motara, moruni-mogolo wa mo teng ga setheo kwa Ofising ya Setheo, a re o gakologelwa a tshameka motshameko ono fa a ne a sa ntse a gola mo gare ga baagi ba Maindia ba kwa Mohadin kwa Potchefstroom.

Toktokkie, motshameko o mo go one mongwe, gantsi ngwana, a tabogelang kwa ntlong, a fitlha a kokota mo kgorong a bo a sia pele go bulwa kgoro, o itsiwe fela thata mo ditsong tse dintsi. Shahed a re Toktokkie, dimmabole, metshameko ka bolo le mampatile e ne e le metshameko e a neng a e rata thata mo bogareng jwa dingwaga tsa bo 1980 fa bana ba ne ba santse ba rata go tshamekela kwa ntle ba sena metshameko ya di PlayStation le inthanete tse di ba bolokang ba le mo ntlong .

Ko

Ko

>

>

Motshameko wa go betsega ka letshogo le botlhokatsebe

 

"Ga go na sepe se se ka bapisiwang le go betsega ga ngwana wa dingwaga tse supa ka lebelo fa a leka go sia ka bonako gore a se ka a tshwarwa fa a sena go kokota mo kgorong ya batho a sa ba itse."

 

Shahed a re o ne a le leloko la setlhopha sa bana ba ka nna 15 ba dingwaga tse di fa gare ga tse supa le tse 12 ba ba neng ba tshameka mmogo motshameko wa Toktokkie. Gantsi go ne go se ope mo gare ga bana bano yo o neng a gogela go sele. Fa go ne go ka tshwarwa a le mongwe go ne go sena pelaelo gore ba

 

 

bangwe le bone ba ne ba tlile go tsena mo mathateng mme seo se ne se godisa monate le go kgatlha ga motshameko ono. Fa yo mongwe a tlhanola direthe, botlhe ba ne ba mo sala morago.

 

"Re ne re rata go tshameka motshameko ono go sa le gale mo maitseboeng, morago fela ga sekolo sa kereke le thapelo. Ke dumela gore baagi ba ne ba tsaya botlhokatsebe jwa rona ka mowa o o tshwanang le o re neng re tshameka motshameko ono ka one – monate fela o o sa reng sepe. Re ne re nna mo gare ga baagi ba ba neng ba re amogetse e bile ba re rata mme, le fa ka dinako tse dingwe ba ne ba galefa go sekae, ba ne ba itse gore re ne re le bana fela ba ba itshamekelang."

Toktokkie. Ka dinako tse dingwe o bona matshwao a a reng motho a boife mong wa ntlo go feta ntša."

 

O dumela gore Toktokkie e ne e le monate ka gonne go ne go direga dilo dingwe go sa lebelelwa. "Batho ba ne ba tle ba itlhaganelele kwa kgorong go ya go bula fa mongwe a kokota mme gompieno ga go tlhole go le jalo. Mo metlheng eo, go ne go tlwaelegileng gore motho a ete a sa bua pele gore o tlile go tla. Gompieno  mongwe le mongwe o kwala molaetsa kgotsa o a founa pele a eta. Fa mongwe a utlwa go kokotwa fa kgorong mme a sa lebelela go tla ga ga ope, o ipotsa gore ke mang yo o kokotang."

 

Shahed o dumela gore mo metlheng ya gagwe ya bongwana batho ba ne ba lebeletse gore bana e nne bana. "Ke tsaya gore ba ne ba tsaya gore re ne re le bana ba ba tsogileng sentle ba ba itumetseng."

 

A re ga a kitla a lebala metshameko eo ya Toktokkie le ka motlha. "Ke akanya gore batho ba lebala botlhokwa jwa metshameko kwa tlase. Ke akanya gore go ntse jalo mo ditsong tsotlhe  – go botlhokwa gore bana ba tshameke ka boitumelo kwa ntle ga dithibelo dipe."

 

 

Motshameko mongwe le mongwe o na le dikgobalo

 

Go leka go sia ka lebelo go feta ba bangwe botlhe go ne go baka mathata ka dinako tse dingwe. "Nako nngwe ke ne ka sia mme ka leka go iphitlha ka fa morago ga diaparo tse di neng di anegilwe mo megaleng ya seanegadiaparo se se dikologang ke ikgwageditse ka sone. E ne ya re fa ke tsholetsa dinao gore ope a se ka a mpona, ka relela mme ka wa."

 

Shahed o sa ntse a na le lebadi mo phatlheng le le mo gakololang ka nako eo.

 

Motshameko wa motlha o o farologaneng

 

A re ka maswabi, mo lefatsheng le go ipatileng dikotsi mo go lone ka fa morago ga sekhutlo sengwe le sengwe, Toktokkie ga e kgone go tshamekiwa motlhofo jaaka pele.

 

"Gompieno bana ba tshwanetse go tswa ka diheke tse di goletseng kwa godimo, go feta gaufi le dimanegwa tsa mo leboteng kwa ntle tse di tsibosang fa go na le bothata, dialamo le dintša tse di bogale fa ba batla go ya go tshameka