YBB e na le sekolo se le sengwe se se seoposengwe sa kgwebo. Seno se dirilwe morago ga kitsiso ya gore Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (Potchefstroom Business School [PBS]) mo Khamphaseng ya Potchefstroom le Sekolo sa Boalogi sa Kgwebo le Boeteledipele mo Pusong (Graduate School of Business and Government Leadership [GSBGL]) mo Khamphaseng ya Mafikeng di tla simolola go dira jaaka sekolo se le sengwe go tloga jaanong mme di tla bidiwa Sekolo sa Kgwebo le Taolo sa Bokone-Bophirima.

YBB e na le sekolo se le sengwe se se seoposengwe sa kgwebo. Seno se dirilwe morago ga kitsiso ya gore Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (Potchefstroom Business School [PBS]) mo Khamphaseng ya Potchefstroom le Sekolo sa Boalogi sa Kgwebo le Boeteledipele mo Pusong (Graduate School of Business and Government Leadership [GSBGL]) mo Khamphaseng ya Mafikeng di tla simolola go dira jaaka sekolo se le sengwe go tloga jaanong mme di tla bidiwa Sekolo sa Kgwebo le Taolo sa Bokone-Bophirima.

 

Go tsibogela kgwetlho

Kitsiso ka sekolo se se kopantsweng e dirilwe ngwaga morago ga fa Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri wa YBB, a sena go bula beke ya go ithutela MBA ka di 26 Ferikgong 2015 kwa Potchefstroom mme a gwetlha bakaedi ba babedi ba sekolo sa kgwebo gore ba tle ka thulaganyo ya go kopanya dikolo tse pedi.

 

Ba ne ba mekamekana le kgwetlho eo. Sekolo sa YBB sa Kgwebo le Taolo se tla nna le mafelo a le mararo a go rutwang kwa go one – khamphase ya Mafikeng, ya Potchefstroom le ya Khutlotharo ya Lekwa. “Mafelo a mararo ano a tla farologana ka tsela ya one ya go maketa le ka go ruta dikgono tse di kgethegileng tsa go maketa,” Tommy o bolela jalo.

 

Go tla rutwa mananeothuto a nakwana – ka Matlhatso Mesong ka Seaforikanse kwa Potchefstroom, Mantaga maitseboa ka Seesemane kwa Quest Conference Estate kwa Vanderbijlpark le

 

 

ka Seesemane ka mafelobeke a a tlhophilweng kwa Leopard Park Golf Estate kwa Mahikeng.

 

Go botlhokwa go newa tetlelelo-semmuso

Go newa tetlelelo-semmuso ya AMBA gape mo sekolong se se ntšha sa kgwebo go tla dirwa ka kgwedi ya Diphalane 2016. Go newa tetlelelo-semmuso "go a patelesega" mo badiring le mo setlhopheng sa botsamaisi sa sekolo sa kgwebo sa YBB. "Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore go newa tetlelelo-semmuso ya AMBA go tla dirwa mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo, ka gonne tsotlhe ke mafelo a MBA e tla rutwang kwa go one," Tommy o bolela jalo.

 

"Mophato o moša wa bo 9 wa MBA o ne wa simololwa ka di 1 Ferikgong 2016 mme o lolamisitswe 100% mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo, jaaka go dirilwe le ka PGDip (Postgraduate Diploma in Management), eo yone e lolamisitsweng mo e ka nnang ka 80% fela (dipharologano ke gore baithuti ba ka tlhopha gore ba batla go ithuta dirutwa dife). Ka jalo, malebana le diteng tsa khoso le tekolo, dikhamphase tse tharo di naya dithutego tse di tshwanang" go bolela jalo Mop Jan Meyer, mokaedi wa nakwana wa GSBGL ya pele.

 

Mafelo a botlhatlheledi mo mafelong otlhe a thuto e tla nna a ditekanyetso tse di tshwanang le tsa dinaga di sele mme ga go pelaelo gore a tla fitlhelela dipatlafalo tsa AMBA. Seno se raya "tebego" ya mafelo ano, mmogo le didirisiwa tsa kgatelopele ya thekenoloji tse di jaaka Wi-Fi le go tshwara khonferense ka bidio.

Sekolo se le sengwe se se kopantsweng sa kgwebo sa YBB

Mop Tommy du Plessis,

mokaedi wa nakwana wa Sekolo sa YBB sa Kgwebo le Taolo.

Ba ba leng teng mo pulong ya MBA mo Khamphaseng ya Potchefstroom ke Mop Christo Bisschoff, mmenejara wa sekolo sa go ithutela MBA, Kevin Horsley, sebui sa moeng, Mop Ronnie Lotriet, mmenejara wa lenaneothuto la MBA, le Mop Jan Meyer go tswa kwa lefelong la thuto la Mafikeng. Kitsiso ya Sekolo sa YBB sa Kgwebo le Taolo se se sa tswang go tlhomiwa e ne ya dirwa ka nako ya pulo ya MBA.

Dipotso le dikarabo

Tommy o araba dipotso di le mmalwa ka sekolo se se ntšha sa kgwebo.

 

P: Ke eng se se go itumedisang thata ka sekolo se se

     kopantsweng sa kgwebo?

K: Ke bogologolo go ntse go buiwa ka go di kopanya. Re ne re ipotsa kwa tshimologong gore mebaraka e tlile go tsibogela seno jang le gore a baithuti ba ka moso ba tla ikwadisa mo go sone. Fa re leba dipalo tsa go ikwadisa ga bone mo ngwageng ono go a bonala gore baithuti le bone ba se itumeletse fela jaaka rona. Palo ya baithuti e godile fela thata. .

 

Maikutlo a badiri le one a dira gore ke ikutlwe ke le motlotlo tota. Botlhe ba ikemiseditse fela thata go tlhomamisa gore re a atlega mo go seno mo dikhamphaseng tsotlhe.

 

P: A go na le dilo dingwe tse di kgatlhang tse di dintšha tse

    di diregang?

K: Re na le dikirii e ntšha ya Batšhelara ya Botsamaisi jwa Kgwebo (Bachelor of Business Administration [BBA]). Mananeothuto a mangwe a mantšhwa a akaretsa go tlhopha go ithutela dipoloma ya morago ga kalogo kgakala le setheo sa thuto. Re sa ntse re eletsa go ka kgona go nna le dikirii ya Master of Philosophy (MPhil).

 

 

P: Ke dilo dife tse go tla tlhomiwang mogopolo mo go tsone?

K: Ga re batle fela go nna le sekolo se se neilweng tetlelelosemmuso kwa dinageng di sele mme re batla gore boleng jwa sone bo itsege kwa dinageng di sele. Ke lone lebaka la go bo re tlile go dira dilo ka mokgwa o o tshwanang le wa dinaga di sele ka go dira ditumalano tsa tirisanommogo le dikolo tsa kgwebo tsa dinaga di sele. Gape re batla gore re itsege mo kontinenteng ya Aforika – seo ke selo se re se eteletsang kwa pele.

 

Gape ke dumela gore re ka kgona go etelela pele mo thulaganyong ya go ithuta kgakala le setheo.

 

P: Ke thuso efe e sekolo sa kgwebo se batlang go e naya

     setšhaba sa Baaforikaborwa?

K: Re batla go alosa baithuti ba ba nang le bokgoni jwa go loga maano mme ba nne baeteledipele ba ditogamaano. Boikaelelo jwa mananeothuto otlhe a rona le dimmojule ke go katisa baithuti ba ba se kitlang ba nna dimmenejara tse di nang le bokgoni fela mme gape e nne ba ba kgonang go etelela pele mo ditogamaanong.

 

Gape Aforikaborwa e tlhoka bagwebi mme re rotloetsa botsamaisi jwa kgwebo jwa mefuta yotlhe.

 

Gape re bapetse maitemogelo a mantsi a go katisa dimmenejara tsa ditheo tsa puso kwa Khamphaseng ya Mafikeng. Boikaelelo jwa rona ke go rotloetsa bogwebi mo gare ga dimmenejara tsa setheo seo.

 

>

>