Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e thusa go tlisa bonetetsi jo bo jesang kgakge mo diphaposiborutelong tsa metseselegae. Ka babatlisisi ba ba nnang le seabe mo porojeke ya “Teachers without borders” (“Barutabana ba ba sa thijweng ke melelwane”), dimaekerosekopo tse di fetang 3000 di abetswe dikolo kwa Bokone-Bophirima, Limpopo, Kapa Bokone le Gauteng.

Dimaekerosekopo tseno – tse di bidiwang Stanford foldscopes – ke tsela e e sa tureng ya go tlhomelela barutwana go dira patlisiso ya saense.  Nngwe le nngwe ya tsone e ja R30, e leng tsela e e sa tureng gotlhelele fa e bapisiwa le ya dimaekerosekopo tsa gone jaanong, tse bontsi jwa dikolo di sa kgoneng go di reka.

 

Maekorosekopo mongwe le mongwe o o menwang o na le lense ya maekorosekopo e e kgomareditsweng mo khatebotong. O ka kgona go kopanngwa motlhofo fela ke barutwana ba bannye, mme ba itumelela go dira ka one le go nna le maitemogelo a a mosola mo teng ga phaposiborutelo. Barutwana ba ka kgona go dirisa dilense tsa tsone go dira patlisiso ka sengwe le sengwe go simolola ka metsi go fitlha ka dimela le ditshenekegi.

 

Gape barutwana ba ka dirisa difouno tsa bone go tsaya dinepe ka dilense ba bo ba tsenya dinepe tseo mo teng ga “application” ya khompiutara gore barutwana ba diporofense tse dingwe, le ba dinaga tsa moseja ba kgone go romelelana dinepe le bano.

 

“Ke sedirisiwa se se molemo thata sa gore ba se ka ba kgona fela go ribolola dilo, mme gape ba bolelelana diphitlhelelo tsa bone le ba bangwe le go tlotla le bone ka tsone,” Mop Josef de Beer o bolela jalo, e leng moporofesa wa patlisiso wa Sekolo sa Disaense tsa Tlhago le Thekenoloji ya Thuto, mme gape ke mmatlisisi mo lefelong la go dira patlisiso la go ithuta o sa thusiwe ke motlhatlheledi.

 

Go nna porojeke e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe

 

Setlhogo ka botlalo sa porojeke ke “Barutabana ba ba sa thijweng ke melelwane: Go tlhama dilaboratori tsa bonetetsi tsa kitso ya setso mo dikolong tsa metseselegae.” Porojeke eno e e tlhamilweng ka 2016 e gatetse pele thata fa e sa le Mokgatlho wa Carl le Emily Fuchs o e dira gore e nne  sengwe sa segopotso sa one sa dingwaga di le 50 ka go e tshegetsa ka madi a mantsi.

 

“Go na le dikgwetlho di le tharo tse dikgolo tsa go ruta bana thuto ya boleng jo bo kwa godimo ya saense. Boikaelelo jwa porojeke eno ke go thusa barutabana go fenya dikgwetlho tseno,” go bolela jalo Josef.

 

Dikgwetlho tseno ke barutabana ba ba sa tshwanelegeng sentle ba saense le mmetshe, dikolo tse di sa direng gore barutwana ba ithute ka go tshwara motlotlo ka ntlha ya go bo di sena dilaboratori tse di nang le didirisiwa tse di tlhokegang, le kharikhulamo ya saense le ya mmetshe e gantsi e sa bontsheng barutwana mosola wa saense mo setšhabeng.

 

Go dirisa kitso ya setso

 

Porojeke ya Barutabana ba ba sa thijweng ke melelwane ga e dirise dimaekerosekopo tse di menwang fela. Gape babatlisisi ba tlhama didirisiwa tsa metswedi ya tshedimosetso tsa mmetshe, bonetetsi le thekenoloji. Di akaretsa metshameko ya kitso ya setso e e tla tlhofofatsang thuto ya dikgopolo di le dintsi tsa kharikhulamo ya mmetshe le ya bonetetsi.

 

Gape batlhatlheledi ba ruta mananeothuto a makhutshwane a a farologaneng (short learning programmes [di SLP]) a barutabana ba saense, mmetshe le thekenoloji. Se di SLP tseno di tlhomileng mogopolo thata mo go sone ke go rotloetsa mokgwa wa go ithuta ka nosi mo barutabaneng le mo barutwaneng.

 

*Mongwe le mongwe wa babadi ba bararo ba ba lesego a ka ikgapela maekorosekopo wa Stanford o o menwang le buka, ya, People's Pants. Go tsenela kgaisano ya yo o tla nnang lesego, araba dipotso tse tlhano mo lenaaneng la dipotso tsa patlisiso le le khutshwane pele ga di 7 Phatwe 2019.

 

Dimaekerosekopo tse di menwang di tlhamilwe ke Manu Prakash wa Laboratori ya Prakash kwa Yunibesiting ya Stanford. Bidio e e fa godimo e bontsha ka fa dimaekerosekopo tse di menwang di dirisiwang ka gone mo dikolong tsa Aforikaborwa.

 

 

Josef, yo gape e leng mmatlisisi mo lefelong la patlisiso la Go Ithuta ka Nosi, o tlhalosetsa setlhopha sa barutwana ba Hoërskool Calvinia kwa Kapa Bokone gore dimaekerosekopo tse di menwang di ka dirisediwa go dira patlisiso ka isagwe. O na le morutabana wa Disaense tsa Botshelo e leng Marlize Huisamen.

 

Mop Josef de Beer wa Sekolo sa Sekolo sa Disaense tsa Tlhago le Thekenoloji ya Thuto a re dimaekerosekopo tse di menwang tsa Stanford di kgontsha barutwana go ribolola dikgakgamatso tsa saense le go tlotlelana diphitlhelelo tsa bone.

PHETLHOLELA KWA TLASE

DIMAEKOROSEKOPO

tse di menwang di tlisa bonetetsi jo bo ‘jesang kgakge’ mo diphaposiborutelong