Michelle, yo e leng motlhatlheledi le mmatlisisi ka dithuto tsa tlhabololo ya ikonomi mo khamphaseng ya Vanderbijlpark, yo ka dinako tse dingwe go tweng o “rata thata go sa tlhokege” serutwa se a se tlhophileng sa patlisiso, o dirile tshwetso ya go gagamalela maemo a thutego eno le go a fitlhelela ka boipelo.

 

Bošeng jaana o ne a tlotla ka “tokafatso ya ikonomi” le batlakopanong kwa Sefitlholong sa Kgwebo sa

 

Baithuti ba Nako e e Fetileng ba YBB kwa Vanderbijlpark. Eish! e ne ya mmotsa gore kgopolo eno e kaya eng.

 

Ke jang tokafatso ya ikonomi e sa akaretseng batho ba maemo a a kwa tlase

 

Michelle a re tokafatso ya ikonomi e tlhalosa setšhaba se mo go sone kgolo ya ikonomi le kgatelopele ya yone di tlhotlhelediwang ke bopolotiki le go dirwa ga dipholisi tsa ikonomi.

 

Ka bokhutshwane: ke tsamaiso ya bomankge ba ba dirang ditshwetso e e dirang gore batho ba maemo a a kwa tlase ba se ka ba nna le seabe sa go tlotla ka mathata a tsa ikonomi.

 

Se re ka se dirang ka kgang eno

 

Michelle, a re rona jaaka maloko a setšhaba, ga re a tshwanela go nna le dipelaelo ka ikonomi mme re dire maiteko a go ithuta go le gontsi ka ikonomi ka go leba metswedi ya dikgang e e ka tshepiwang.

 

A re ga se boammaaruri gore dikgang tsa ikonomi – tse di amanang le maemo a ikonomi mo nageng ya rona  – ke tsa boraikonomi le bomankge fela.

 

Gape re tshwanetse go sikara maikarabelo thata mo loagong malebana le ikonomi, ka sekai ka go bouta, go tshegetsa bagwebi le go reka dithoto tse di tlhagisitsweng le tse di tlhamilweng mo nageng ya rona. Gape re ka nna ra nna le seabe thata mo dikokoanong tsa kgwebo ya selegae kgotsa mo ditlamong tse di tshwanang le tsone.

 

Michelle a re madi a re a diretseng ka natla a tshwanetse go re tswela mosola mme ga re a tshwanela go tsenya boleng jwa madi ano mo diatleng tsa boradipolotiki, tsa badiri ba dipholisi le tsa boraikonomi.

 

Go na le dikgopolo tse dintsi ka tekanyetsokabo ya bosetšhaba

 

Michelle o tlhalosa gore fa baagi ba amogela tokafatso ya ikonomi, tekanyetsokabo ya bosetšhaba e nna sedirisiwa sa boikaelelo bo le bongwe fela se se se nang mosola.

 

O dumela gore go na le dikgopolo tse dintsi ka tekanyetsokabo  – fela jaaka Aforikaborwa  – le gore baagi botlhe ba tshwanetse go nna le seabe mo dithutong tsa ikonomi le go nna kelotlhoko thata fa ba sekaseka boleng le diteng tsa tshedimosetso e e leng teng ka ikonomi.

 

Go tlhaloganya lefatshe botokanyana

 

Michelle a re filosofi ya gagwe ka patlisiso e tlhotlhelediwa ke go ikemisetsa ga gagwe go tlhaloganya botokanyana lefatshe le le mo dikologileng.

 

“Le fa ke sa ntse ke le mmatlisisi yo mmotlana, ke leka go araba dipotso tsa ikonomi ka boikokobetso jo ke tsayang gore ga bo yo mo tirong eno ya seporofešenale. Ke akanya gore re tshwanetse go buisa go ya pele le go dira patlisiso e e tseneletseng ka diphopholetso tse re di dirang le go ikemisetsa go botsa dipotso tse di mosola,” o bolela jalo.

 

Go simolola mokgele wa gagwe wa tiro

 

Michelle o ne a simolola mokgele wa dithuto tsa gagwe ka go ithutela disaense tsa go bona kgonego ya go nna le ditatlhegelo tsa madi, mme ka bonako morago ga moo a simolola go rata dithuto tsa tlhabololo ya ikonomi.

 

O dumela gore serutwa se a se tlhophileng se na le dikgwetlho, mme o akanya gore dikgwetlho tseno mmogo le keletso ya gagwe e kgolo ya go batla kitso go ya pele, di dira gore a kgotlhelele go batla ditsela tse di ntšha le tse di botoka tsa go dira tiro ya gagwe.

 

Michelle o na le MCom ya dithuto tsa ikonomi go tswa kwa YBB le MSc ya bopolotiki jwa tlhabololo ya ikonomi go tswa kwa Yunibesiting ya London, tse a di weditseng morago ga gore Kantoro ya Kgwereanoditšhaba ya Dinaga di Sele kwa UK e mo neye sekholašhipi sa Chevening.

 

Tsaya malebela mo go raikonomi yono

PHETLHOLELA KWA TLASE

 

 

Dipatlisiso tsa ga

Michelle Groenewald di

akaretsa bopolotiki jwa

tlhabololo ya ikonomi, go

tshwaya diphoso mekgwa e e dirisiwang ya ikonomi le go

tlosa bokolone jwa

kharikhulamo.

 

 

Re tshwanetse go tsaya malebela

mo go Michelle Groenewald mme re

rate ikonomi thata