>

>

BUISA GO FETA

 o tlisetsa badiri le batlhoki boitumelo

Moletlo wa bogare jwa ngwaga

Moletlo wa bogare jwa ngwaga o o neng o tshwerwe ka Seetebosigo mo khamphaseng ya YBB kwa Vanderbijlpark ke ntlhakgolo ya ngwaga le ngwaga , mme wa ngwaga ono o ne o kgethegile le go feta: kgopolo ya yone e ne e le go direla baagi mo tikologong sengwe, mme segolobogolo baithuti ba ba dikobo di magetleng.

Mop Linda du Plessis, yo o neng a sa ntse a le moreketoro wa khamphase ka nako eo mme e le yo jaanong a tlhomilweng go nna mothusa motlatsa-mokanseliri wa ditiro tse di abilweng le go tsamaisa ditiro mo khamphaseng, o ne a lebogela badiri tiro ya bone ya ka natla mme a boa gape a netefaletsa botlhe gore dilo di tlile go  tsamaela kae mo khamphaseng mo dikgweding di le thataro tse di tlang.

 

Gape o ne a lebogela badiri tshegetso ya bone le bopelotelele jwa bone mo nakong ya thulaganyo ya bošeng jaana ya go rulaganngwa ga dilo boša, mme a ba rotloetsa gore ba leke go thusa batho bao ba leng mo tikologong ya bone.

 

Go itumela mo moweng

E re ka Mandela Day e ne e le gaufi fa go ne go tshwarwa moletlo ono, kgopolo ya go abela ba bangwe dilo  e ne e le e e siameng thata. Setlhogo se se reng "Go Itumedisa Mowa" se ne se solofetsa gore ba ba abang dimpho le bone ba tla newa sengwe ka ntlha ya go tlhoka bopelotshetlha ga bone jwa go aba "diaparo tse ba kileng ba bo ba di apara ". Go ne ga nna fela jalo: ba le bantsi ba ba neng ba aba dilo ba ne ba dumalana gore ba nna le boitumelo mo moweng fa ba itse gore ba kile ba thusa mongwe mo botshelong.

 

Gape badiri ba ne ba na le tšhono ya go itsalanya le badiri-ka-bone ba se kwa tirong, ka gonne tiragalo eno e ne ya tshwarwa ka nako ya Metshameko ya ntlha ya mariga ya khamphase, e ne e na le metshameko e le mmalwa ya go aga botsalano fa gare ga badiri.

 

Ditlhopha di a gaisana

Ditlhopha di le 13 mo khamphaseng yotlhe di ne tsa tsaya karolo.  badiri ba kemonokeng ba ne ba tla le ditlhopha go tswa go lefapha la Ditirelo tsa Dijo go fitlha kwa go la ditšhelete.

Kwa ntle ga go ipona tsapa, baakatemi ba ne ba supa gore ba ne ba sa tlela go tla go nna fela: dikolo tse di farologaneng  mo magorong ka bobedi di ne tsa ikwadisa mme tsa tla go thusa le tsone.

 

Setlhopha sengwe le sengwe se ne sa tshwanelwa ke go ikgabisetsa tafole ya sone, ba bontshe setlhogo sa letsatsi mo go yone, Metshameko ya Mariga. Sekolo se se Rutang Dipuo se ne sa tsaya kgato mo kgaisanong eno mme sa bopa setshwantsho sa motho wa kapoko wa kwa Mexico fa thoko ga molelo o monnye. Setlhopha seno se ne sa se ka sa tlhabiwa ke ditlhong go raela moreketoro ka dijupujupu  tse di besitsweng le go naya baatlhodi tšhotšho ka madi a maitirelo, mme ba feleletsa ba bidiwa setlhopha se se gaisitseng tsotlhe.

 

Go ijesa monate go kopane le go tlhokomelana

Lenaneo lotlhe le ne le akaretsa kgaisano ya go "bopa motho wa kapoko" (e mo go yone ba tshwanetseng go tsaya mongwe wa badiri ba bo ba mo thathelela ka pampiri ya ka fa ntlwaneng), Winter Bingo mmogo le kgaisano ya "go tlhoma motho wa kapoko nko".

 

Ntlhakgolo ya letsatsi e ne e le kgaisano ya Fešene ya Segagane , go dirisiwa diaparo tse baakatemi ba neng ba di kokoanyeditse go di naya baithuti ba ba dikobo di magetleng. Mongwe wa badiri o ne a tshwanelwa ke go apara diaparo tse dintsi ka moo a neng a ka kgona ka gone. Setlhopha se se tswang kwa Senthareng ya Quest Conference se ne sa fenya, ka gonne ka tsela nngwe se ne se kgonne go apesa modiri-ka-sone diaparo di le 95.

 

Letsatsi la go ijesa monate, leo go thwanthwanyegwang ka ditshego mo go lone, le ne la konelwa monate thata ka go ja sopo e e monate ka senkgwe.