>

>

Tsepa

GO

  • Tobetsa fa go buisa go feta >>
    Setlhopha sa patlisiso sa Transforming Encounters sa Sekolo sa Filosofi mo khamphaseng ya YBB kwa Potchefstroom se tshwara ditiragalo tsa go fedisa tlhaolele, go bula ditšhono tsa go tshwara dipuisano le go fetola tsela e batho ba akanyang ka yone. Gape se naya maloko a badiri tšhono ya go buisana ka dikgang tse go nang le kgatlhego e kgolo ya go tlotla ka tsone. Eish! e ne ya buisana le Ngaka Justin Sands, Mop Anné Verhoef le Zander Janse van Rensburg ka letsholo leno.

 

Go fetola tsela e re lebanang ka yone

P: Transforming Encounters ke eng?

K: Transforming Encounters ke setlhopha sa patlisiso se se bopilweng bošeng jaana mo Sekolong sa Filosofi. Maloko a konokono a ga jaanong jaana a Transforming Encounters ke Mop Anné Verhoef, Ngaka Justin Sands le Danelle Fourie, bao botlhe ba tswang kwa Sekolong sa Filosofi kwa Legorong la Diatshe. Zander Janse van Rensburg, mmenejara wa Laboratori ya go Kwala mo khamphaseng kwa Potchefstroom, ke leloko la morago ga kalogo e bile ke mmatlisisi.

 

Boikaelelo jwa rona ke go tlhama mafelo a a bulegileng a go ka tshwarelwang dipuisano mo go one le go naya baithuti ba filosofi tšhono ya go tswelela ka patlisiso ya filosofi gore batho ba ditso tse di farologaneng ba tlhaloganyane botoka. Seno se dirwa ka go tshwara ditiragalo tse di nang le setlhogo se se rileng le go tshwara dikopano.

 

P: Boikaelelo jwa ditiragalo tseno ke eng?

K:  Go botlhokwa gore batho ba kgone go dirisana ka tsela e e molemo gore ba tlhaloganyane mo gare ga baagi ba ditso tse di farologaneng  ba re tshelang mo gare ga bone, kwa dinageng di sele le mo nageng ya rona. Boikaelelo jwa rona ke go dira gore batho ba tshware dipuisano ka dipharologano.

 

P: Go ne ga tshwarwa ditiragalo dife malebana le seno?

K: Tiragalo ya rona ya ntlha e ne e bidiwa A Transforming Encounters Diversity Panel: Women in Academia mme setlhogo se segolo e ne e le go naya baakatemi ba ba botlana ba basadi ba ba sa ntseng ba fatlhoga tshegetso le kaelo mmogo le kgakololo e e mosola. Gape ba nnile le tšhono ya go bolelela ba bangwe maitemogelo a bone. E ne ya tshwarwa ka di 28 Moranang kwa Lefelong la Dipontsho la Diatshe la YBB  Go ne go tlile batho ba ba fetang 50, ba ba akaretsang badiri le baithuti. Le fa e ne e le tiragalo ya ka gangwe fela, re ka rata go tshwara diphanele tse dingwe gape, fa re ka kgona go bona madi a re a tlhokang a gore re kgone go dira jalo.

 

P: Ke bomang ba ba tsayang karolo mo ditiragalong tseno?

K: Transforming Encounters e aga botsalano fa gare ga batho ka go kopanya mmogo badirisani mmogo ba ba leng mo dinetewekeng tsa boditšhabatšhaba le tsa naga ya rona. Morago ga moo re tlhama diphanele tsa batho ba ditso tse di farologaneng gore di tlotle ka setlhogo se se rileng se se buang ka bokgoni jwa badirisani mmogo.

 

Maloko a phanele a bua ka  mathata a e leng gore ga a ikakanyetswa fela mme ke a mmatota. Ka mantswe a mangwe, ga se "go bua fela" mme ke go ntsha kgakololo e e mosola e e thusang.

 

Re laletsa dibui tse di etileng tse di nang le bokgoni go tswa mo lefatsheng lotlhe. Sekai sa seno ke sa fa Ngaka Amber Griffioen wa Yunibesiti ya Konstanz kwa Jeremane a ne a re etetse dibeke di le thataro tsa go tla go dira patlisiso. Danelle o ne a mo dirisa go rulaganya phanele ka ditso tse di farologaneng.  Gape bangwe bao re neng re na le bone ba ba neng ba tsaya karolo e ne e le maloko a badiri le baithuti ba pele ga kalogo le baithuti ba gerata ya bongaka.

 

P: Batsayakarolo ba ne ba reng ka phanele ya go tlotla ka dipharologano?

K: Baithuti le batlhatlheledi bangwe ba re ga se gantsi ba bonang tšhono ya go tlhagisa matshwenyego a bone mo thulaganyong e e ntseng jalo. Ba ne ba ikutlwa ba rotloetsegile e bile ba nonotshitswe.

 

P: Go ne ga tshwarwa ditiragalo dife tse dingwe?

K: Re nnile le Transforming Encounter ka setlhogo sa go bontsha Boiselamo mo metsweding ya dikgang. Kganetsano ya teng e ne e le e e rutang e bile e ne e bontsha tlhaolele le maikutlo a a sa siamang fa ba metswedi ya dikgang ya kwa Dinageng tsa bophirima ba bega ka Bamoseleme..

 

P: Transforming Encounter e nngwe e tlile go tshwarwa leng?

K: Go ikaegile ka gore a re tla bo re na le madi, re ikaeletse go tshwara e nngwe ka kgwedi ya Phatwe ya monongwaga. Re batla gore tiragalo eo e tlhome mogopolo mo go direng gore kharikhulamo ya yunibesiti e ikemele ka nosi le gore e nne ya Seaforika. Re dumela gore ke kgang e go tlotlwang thata ka yone e e tla dirang gore re nne le kganetsano e kgolo.

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka Transforming Encounters, romela imeile go Mop Anné Verhoef kwa atereseng ya  anne.verhoef@nwu.ac.za, Ngaka Justin Sands mo atereseng ya  justin.sands@nwu.ac.za kgotsa kwa go Danelle Fourie mo atereseng ya danelle.fourie@gmail.com kgotsa leletsa 22870644@nwu.ac.za.