Meletlo ya pulo

e tshwaya tshimologo ya ngwaga wa dithuto

Ka kgwedi ya Tlhakole, dikhamphase di le tharo tsa YBB di ne tsa bulwa semmuso go simolola

ngwaga wa dithuto.

>

>

Pulo ya semmuso ya Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

Pulo ya semmuso ya Khamphase ya Potchefstroom

Meletlo ya pulo ya khamphase ya Potchefstroom, ya Khutlotharo ya Lekwa le ya Mafikeng e ne ya tshwarwa ka di 2, 10 le ka di 11 tsa kgwedi ya Tlhakole, malatsi a le mmalwa morago ga go simololwa ga dithuto mo dikhamphaseng tse tharo.

 

Mop Dan Kgwadi,  motlatsa-mokanseliri, o ne a re YBB e amogetse baithuti ba ba ntšha ba ba fetang  9 000.

 

"Le fa kgolo ya dipalo ka boyone e ka se ka ya supa boleng kgotsa katlego, ke bosupi jwa gore YBB e tlhophiwa ke bontsi fa bo sena go fetsa sekolo.

 

"Re tswelela pele go amogela baithuti go tswa kwa mefuteng e e farologaneng ya baagi, ba dipuo tse di farologaneng le ba madumedi a a farologaneng."

 

O ne a re palogotlhe ya batho mo YBB e ne ya fitlha go 75 000 ka

O ne a gatelela gore tumalanong le pholisi ya semmuso ya puo, setlhopha sa botsamaisi sa setheo se dirile tshwetso ya gore go dirisiwe dipuo tse di fetang e le nngwe mo ditlelaseng mo Khamphaseng ya Potchefstroom. "Eno ke kgato e e isang kwa goreng YBB e akaretse batho ba ditso tsotlhe," o ne a bolela jalo.

 

“Mathata a bošeng jaana a bajete a re pateleditse go fokotsa ditiro dingwe tsa tlhabololo, mme re tla tswelela pele ka tharabololo ya mathata a nako e e fetileng a a amanang le go sa tshwarwe ka tekatekano le go akofisa go tlamelwa ka ditirelo ga botlhe ka

2015 mme go fopholediwa gore e ka nna ya gola ka 1,5% fa gare ga ngwaga wa 2017 le 2030.

 

Mop Dan a re go dirilwe kgatelopele e kgolo mo go direng gore yunibesiti e kgone go lepalepana le dikgwetlho tse di larileng kwa pele.

 

"Re na le togamaano e ntšha e bile re sa ntse re dira thulaganyo e ntšha, e e amogetsweng ke Lekgotla kwa bokhutlong jwa ngwaga o o fetileng. Togamaano le thulaganyo e e dirilweng e utlwala sentle malebana le dipotso tsa go amogelwa ga batho ba ditso tsotlhe, kutlwano le boleng."

 

A re jaanong kgato e e thata ya go tsenya seno sotlhe mo tirisong e simolotse. Togamaano eno e tla tsenngwa tirisong ka go dirisa togamaano ya dingwaga di le tlhano le tse 10 le Thulaganyotiro ya Ngwaga, e e tsayang sebaka sa e e neng e bidiwa Thulaganyo ya Setheo.

tekatekano mo dikhamphaseng tsotlhe go tlhomamisa gore baithuti ba nna le maitemogelo ka go lekalekana le go tlhomamisa gore go bonwa dipholo tsa boleng jo bo kwa godimo.”

 

Mop Dan o ne a rotloetsa badiri bo amogela diphetogo. “E seng fela ka gonne e le selo se se siameng go se dira, mme gape ka ntlha ya gore eno ke patlafalo e e botlhokwa ya go tlhomamisa gore yunibesiti ya rona e nna lobaka lo lo leele le go gola. Ga re kitla re felela gope fa re sa amogele diphetogo." O ne a konela ka go eleletsa botlhe 2016 e e itumedisang le e e atlegileng.

Pulo ya semmuso ya Khamphase ya Mafikeng

"Ga e bolo go nna mokgele wa me gore re fetole yunibesiti ya rona gore e nne setheo se mo go sone botlhe, go sa kgathalasege gore ba bua puo efe, ke ba morafe ofe, ke ba lotso lofe, kgotsa gore boemo jwa bone jwa botshelo bo ntse jang, ba tshwanetseng go ikutlwa ba amogelesegile mo go nngwe le nngwe ya dikhamphase tsa rona. Seno se raya setheo se se leng seoposengwe e bile re tlhaolwa ke sone.”