Font size RSS Feeds
Homepage

OTHER INFORMATION

YBB e fenya gape kwa Diawateng tsa PanSALB tsa Tiriso ya Dipuo Tse di Farologaneng

YBB e ne ya gapa diawate tse pedi ka nako ya diawate tsa ngwaga le ngwaga tsa Pan South African Language Board (PanSALB)tsa tiriso ya dipuo tse di farologaneng, tse di neng di tshwerwe ka 21Tlhakole 2010 kwa Johannesburg.
Go ne ga itsisiwe fa YBB e le mofenyi mo setlhopheng sa go toloka le go ranola. Ba ba ikgapetseng maemoa bobedi ke Lefapha la Basadi, Bana le Batho ba ba nang le Bogole le Mokgatlho wa QuadPara wa Aforika Borwa.
Go ne ga itsisiwe fa YBB, mmogo le Yunibesiti ya Cape Town di ikgapetse maemo a bobedi mo setlhopheng sa thuto sa ditheo tsa thutogodimo. Yunibesiti ya

Johannesburg e ne ya tswa e ikgapetse di le mmalwa.
Fa Motlatsa-Motšhanselara wa YBB, e leng Ngaka Theuns a ne a akgela, o ne a re diawate tseno ke bosupi jwa diphitlhelelo tse diša tsa Lefapha la Dipuo la YBB. Mo ditshwaelong tse di amogetsweng bošeng jaana tsa go tlhatlhojwa ke setheo sa kwa ntle, Lefapha la Bokaedi le ne la tlhalosiwa go tswe moeteledipele wa lefatshe mo tirong ya ditirelo tsa go ema nookeng puo. Mongwe wa maloko a phanele o ne a tshwaela a re: "Ono ke mokgwa o montle wa go dira tiro mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele".

Motlhankedi-Khuduthamaga Mogolo wa nama-o-sa-tshwere wa PanSALB, e leng Chris Swepu a re ga go a itiragalela fela gore diawate di tshwarwe bosigo fela pele ga Letasatsi la Boditšhabatšhaba la Dipuo Te re Tlholegileng ka Tsone - ka 21 February.
“Diawate tseno ke karolo ya maiteko a PanSALB e a dirang ya go ela tlhoko dipuo tse di farologaneng mo Aforika Borwa di a tlhabololwa le go rotloetsa tiriso ya tsone ka bolatlo. Dikgwetlho tsa Letasatsi la Boditšhabatšhaba la Dipuo Te re Tlholegileng ka Tsone ke go dira gore dipuo di le 6 000 di nne seoposengwe go ela tlhoko gore dipuo tse di sa buiweng ke bontsi jwa batho ga di nne mo kotsing ya go ka nyelediwa ke dipuo tse go tweng ke tsa tlhaeletsano. Dipuo tseo tse di sa buiweng ke bontsi jwa batho tse di leng mo kotsing ya go nyelela di tshwanetse go sirelediwa. Mo Aforika Borwa, batho ba motlotlo go amanngwa le puo ya ga bone e ba e ithutileng go tswa bongwaneng. Kwa PanSALB, re motlotlo go sireletsa tshwanelo eno" o ne a bolela jalo.

Ka 2008, YBB e ne ya amogela awate go tswa kwa PanSALB ka ntlha ya go tsenya letsogo thata mo go direng gore go dirisiwe dipuo tse di farologaneng mo ditheong tsa thutogodimo ya Aforika Borwa le mo go ageng setšhaba mo dingwageng di le lesome tse di fetileng.
Pan South African Language Board (PanSALB) ke setlamo sa semolao se se tlhometsweng go tlhama maemo a mo go one go tlhabololwang e bile go rotloediwang tiriso ya dipuo tsa semmuso tsa Aforika Borwa ka tekatekano. E dira ka natla go ruta batho gore tiriso ya dipuo tse dintsi ke letlotlo la bosetšhaba.