Font size RSS Feeds
Homepage

OTHER INFORMATION

Kgosi ya Bafokeng e nna Motšhanselara wa YBB

Kgosi Leruo Molotlegi, e leng Kgosi ya Morafe wa Bafokeng, o ne a tlhomiwa go nna Motšhanselara wa bobedi wa YBB ka Lwetse 2009. Mo go one moletlo oo wa tlhomo, Ngaka Theuns Eloff ene o ne a tlhomiwa go nna Motlatsa-Motšhanselara gore a direle mo maemong ao dingwaga tse dingwe gape tse tlhano.

Kgosi Motlotlegi, motlhatlhami wa ga Ngala Popo Molefe yo e neng e le Motšhanselara fa e sa le dikhampase di kopanngwa ka 2006, o ne a simolola tiro ya gagwe e ntšha ya go nna Motšhanselara ka seriti sa segosi.

Mekgwa-Mentle e e re dirang seoposengwe
O ne a re, “Diyunibesiti di tshwanetse go nna dilaboratori tsa botlhale jo bo kgonang go fetola dikgopolo tsa lefatshe. Gore re kgone go fitlhelela seo, yunibesiti e tshwanetse go tshegetsa le go anaanela kgololeso go mo tsa thuto. O leba go tlotla kgololesego mo go tsa thuto jaaka mongwe wa mekgwa-mentle e e dirang YBB yotlhe seoposengwe. Mekgwa e mengwe e mebedi ke go itshokelana le go ineelela go dira tiro ka mabogo a a duleng diatla. “Le mororo hisitori le dingwao tsa dikhampase tse tharo di sa tshwane, YBB ke yunibesiti e le nngwe, ka ntlha ya mekgwa-mentle eno e dikhampase tsotlhe di nang le yone. Go botlhokwa mo go ene gore YBB e nne lefelo la go itshokelana, le fa setšhaba sa Aforika Borwa se sa ntse se na le mathata a ditlhaolele tse di farologaneng.

Ba nonofile go feta pele
Ngaka Eloff o dumela gore botlhe ba solegetswe molemo ke go kopanngwa ga dikhampase mme jaanong ba nonofile e bile ba botoka go feta pele. O ne a dumela gore gone YBB ga se yunibesiti e e itumelelwang ke botllhe. O ne a re, “Dilo tse di farologaneng tse re atlegileng mo go tsone di ne tsa fitlhelelwa ka gore go dirwe dilo kgatlhanong le thato ya bontsi mo go tsa thutogodimo.” Ka sekai, YBB e dirile gore mokgwa o Ofisi ya yone ya setheo le dikhampase tsa yone tse tharo di dirang ka one e nne o o theilweng mo melaometheong ya kgwebo. Gape Yunibesiti e kopile mokgwa wa yone wa botsamaisi go tswa go o o e gaisang yotlhe wa ditheo tsa puso le tsa poraefete, ka sekai, tsela ya go fitlhelela mekgele e e beilweng, go laola mokgwa o tiro e dirwang ka one le go rotloetsa batho go dira tiro ka go ba atswa ka madi.

“Ga re ikopele maitshwarele go bo re dirile seno. Re farologana le ditheo tse dingwe mme ga re kitla re tshwana le tsone. Mme re ineetse ka botlalo go dira dilo tumalanong le Molaotheo, re a atlega e bile re solegela naga ya rona molemo. Ka ntlha ya seno, re tshwanetse go amogelwa le go tlotlwa.” Fela jaaka Kgosi Molotlegi, Ngaka Eloff o ne a umaka botlhokwa jwa gore YBB e ngaparele mekgwa ya yone ya go dira dilo. Mo lobakeng lwa fa naga ya rona e ne e sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang – segolobogolo mo go tsa lotso le mmala – YBB yone e tshwanetse go tswelela pele e le ya batho ba ditso tse di farologaneng ba ba utlwanang. O ne a re, “Mme re ka kgona go dira jalo ka gonne re setse re feditse dingwaga di le tlhano re ntse re dira jalo."

Lobaka la tiro lwa ga Ngaka Eloff le Kgosi Molotlegi lo tla fela ka 2014. Kgosi Molotlegi yo e leng Motšhanselara ke moeteledipele yo o botlhokwa wa Yunibesiti e bile ke ene a abang di dikirii tsotlhe mo leineng la Yunibesiti.


Dintlha tse dingwe ka Motšhanselara

Ka Phatwe wa 2003, Kgosi Leruo Molotlegi yo o nang le dingwaga di le 41 o ne a nna mmusi-mogolo wa Bogosi jwa Bafokeng jo bo nang le dingwaga di le 800.

Kgosi Molotlegi ke moithuti wa maloba wa Kholetšhe ya Hilton kwa Natal, mme o na le dikirii ya Dipolane Tsa Dikago le Borulaganyi Jwa Toropo go tswa kwa Yunibesiting ya Natal. Gape ke mofufisi wa sefofane se se potlana mme o ne a tlhomiwa go nna leloko le le tlotlegang la Lephata la Diphofo la Aforika Borwa.

Maloko a ka nna 300 000 a Morafe wa Bafokeng a nna kwa Phokeng gaufi le Rustenburg. Go bonala ba le morafe o o humileng go gaisa e mengwe yotlhe mo Aforika, o o nang le khumo e e seng kana ka sepe ya polatinamo mo lefatsheng e e ikadileng mo sebateng sa lefatshe sa dikilometara di le 2 000.