Badirimmogo ba ba rategang
Ke dumela gore le ka dumelana le nna gore ngwaga ya 2008 e simolotse ka lebelo le le makatsang. Re ne re na le nako ya go ikwadisa e e itumedisitsengka mo dikhampaseng tsotlhe. Ka lebaka le re ne ra amogela baithuti ba bantsi ba ba maemo ba ba ikwadisitseng mo YBB.
Go tswa mo Bolaoding jwa Setheo(BS) ke ka rata go le loma tsebe ka mabaka a a latelang:
Go lebagantsha mabaka a polelopele a Leano la Setheo gammogo le ditumelano tsa tiro tsa badirimmogo ba YBB
Mo kotareng ya ntlha ya ngwaga bolaodi bo ile jwa fetsa poeletso e e tseneletseng ya ditumelano tsa tiro go ka tlhomamisa gore mabaka otlhe a polelopele, maikaelelo le ditlha tsotlhe tse di beilweng ka mo Leanong la Setheo la 2008–2010 di tsentswe ka mo ditumelanong tsa tiro go ya kwa tlase go ya kwa balaoding le go fetela tlase kwa badirimmogong botlhe mo bofelong. Ka thulaganyo e re tla tlhomamisa gore re arabela polelopele ya rona. Jaaka ke tlhola ke re: ?Fa re solofetsa sengwe ka mo LS, se tshwanetse go tshwenya mongwe go le bosigo, e seng nna ke le nosi fela!?
Kgobokantsho ya tse tsotlhe di mo tumelanong ya tiro ya Motlatsa-Mokhanseliri.
Tiro e kgolo ya ngwaga e ka nna go kgweetsa dintlha jaaka di beilwe ka mo Leanong la Setheo(LS) le lent?hwa. Go tlaleletsa ke gore go ka lebelelwa boleng thata(ka mo teng ga lesaka la thuno ya HEQC) le gape bongwe ? ka go lebelela go lebagantsha, tirisanommogo le go aga mowa wa bongwe.
Ka ga ntlha ya go lebagantsha, go na le dipholisi le dithulaganyo tse di leng mo thulaganyong ya go ka lebagantshwa. Ditlhokego tsa go ka ikwadisa le madi a dithuto ke tse di buiwang fa. Tiro ya go lebagantsha diporokerama tsa
akatemi e tshwanetse go tswela pele ka maatla. Tirisanommogo e tshwanetse go bontsha gore YBB e kgolo go feta palo ya dikarolo tsa yone di kopantshitswe.
Boela kwa godimo
Leeto la Tona ya Thuto le ya Lefapha la Thuto
Ditokololo tsa BS le ba Bolaodi jwa Khampase ya Mafikeng ba ne ba tshwere kopano e e agileng ruri le motlatsa-DG le badirimmogo ba Lefapha la Thuto ka nako ya leeto la bone ka mo Khampaseng ya Mafikeng ka 23 Ferikgong 2008. Thomeletso ya Lefapha la Thuto ka nnete ba ne ba kgatlhisitswe ke tse di kgonnweng ka mo Khampaseng ya Mafikeng mme ba ile ba gatelela gore go tshwanetse go diriwe kopo e e nt?hwa ya madi a go tokofatsa dibebofatsi go ya pele go tswa go YBB. Se se ile sa dirwa mme re emetse dikarabo go tswa mo Lefapheng la Thuto.
Tona ya Thuto o ne a etetse le ene ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ka 29 Tlhakole 2008go bula semmuso kago e e nt?hwa ya Fakatlhi ya Bosaense jwa Thuto. Kagokgolo ya kgale e ile ya baakangwa sent?hwa morago ga go tsaya kgato ya go dira kago ya Enan go nna Ofisi ya Setheo. Tona o ile a kopana le ditokololo tsa Bolaodi jwa Setheo le Balaodi jwa Khampase, baemedi ba diyuniene le SRC ya Khampase. Tona o ile a tlalosetswa kemo ya dibebofatsi ka mo khampaseng mme a bontshiwa le HPI. Tona o ne a ntsha pelo ya teboga ka ga leeto mme a lakaletsa khampase masego mme a fa khampase lebogo ka ga tshegetso ya dibebofatsi tsa yone.
Boela kwa godimo
?Kelaemete? ka mo ditheong tsa thutogodimo: Dipharologano, kagiso ya ditso le tirisanommogo
Ke dumela gore go siame go ka re batho botlhe ba mo Aferika Borwa(badirimmogo le baithuti ba baletswe) ba ne ba
tlhabisitswe ditlhong ka ditiragalo tsa maloba ka mo yunibesiting ya moagaisani wa rona ya Foreisitata. Gape mo godimo ga seo moithuti wa yunibesiti e nngwe ya mo bokoneng jwa rona o ile a bolawa ke baithuti ba bangwe mo godimo ga bese e ba neng ba tswa ka yone mmogo go tswa kwa Tshwane. Mmele wa gagwe o ile wa latlhiwa go tswa mo beseng ? Ditiragalo tse, le tse dingwe tse di sa repotiwang ke dikao tsa go se utlwane le go se dirisane le tsa bonokwane ka mo temokerasing e e nt?hwa ya rona. Ka mo kopanong ya Khansele ya 14 Mopitlwe 2008, mabaka a a ile a buisanya ka botlalo mme Khansele e ne ya ntsha polelo ya yone. Klika ka mo lefokong le la polelo go e bala.
Ka bokhutswane, Khansele e ne ya bolela tshwenyego ya yone le kutlwelobotlhoko ka ga ?botso, kgoto, tlhokego ya boitshwarelano, xenophobia, borukhutli le bonokwane? ka mo karolong ya thutogodimo mme ba ?amogela mme ba lebogela tse di dirilweng ka mo morafeng wa YBB go thibela mathata a le gore Khansele e ka tsaya matsapa go dirisana mo mabakeng a ka bokgoni?. Khansele e ile ya tsaya kgato ya gore ?go kopiwe tirisanommogo ya Forama ya Setheo le Komiti ya Ditshwanelo tsa Batho go sireletsa le go tokofatsa le go godisa mewa ya pharologano, kagiso ya ditso le tirisanommogo, le gore ba dire ka maatla mo mabakeng a a jalo ka mo tikologong ya Yunibesiti le ka mo morafeng wa Aferika Borwa ka bophara.?
Khansele e ile ya supa gore se se ka balela le ?go tokofatsa le go baakanyetsa se ka mo Leanong la Setheo sa yunibesiti, le go dira tiro e go nna karolo ka mo kharikhulameng ya yunibesiti, le gore go bopiwe lefelo kapa motlhala mo mathateng a a jalo a tle go itsisiwa le gore mathata a go tsholwa mpe a itsisiwe?. Khansele e ile ya gatelela gape gore YBB e ipofela ka mo mabakeng a maitseo a tiragatso(boikanyego, boineelo, boikarabelo le tlotlo) go ka isa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) pele?.
Ke rata go dirisa tshono e go ka kopa badirimmogo le baithuti botlhe ba YBB go ka dirisana ka kelotlhoko le go ela tlhoko thata go bona mabaka a a ka bonwang a le ditiro tsa go se itshwarelane le se tlotlane ka mekgwa e mengwe le e mengwe. Rona go ya ka setatutu sa rona le mabaka a tiriso a matseo(a a nang le tlotlo) re kopiwa gore re dire ka mokgwa o o tsamaisanang le Molaotheo le Polelo ya Ditshwanelo tsa Batho tsa lefatshe la rona. Mme ka go tlaleletsa, ke rata go akanya gore ka mo YBB, gape re na le maitseo go dira ditiro tse ka go ithaopa. A rona ba mo YBB re dirisane ka mo kagisong ya ditso, ditirisanommogo tsa batho le ka mo dintlheng tsotlhe mo nakong e ya hisitori ya lefatshe la rona mo batho ba bantsi ba Aferika Borwa ba ratang go re kgaogantsha ka lotso, bong, setlhopha le setso.
Boela kwa godimo
Patlisiso ya YBB ya Kelaemete le Setso 2007
Ke rata go leboga badirimmogo botlhe ba ba dirisaneng mmogo ka mo Patlisisong ya YBB ya Kelaemete le Setso e e
dirilweng ka mafelo a 2007. Tirisanommogo ya badirimmogo ba ba 711 ke palo e e itumedisitseng mme e re fa kitso e e siameng ya kelaemete ka mo YBB. Repoto e e tletseng e beiwa tafoleng mo kopanong e e letelang ya Komiti ya Tlhokomelo ya Diphetogo(Transformation Oversight Committee (TOC)) ya Khansele mme balaodi ba ka tlhalosetsa TOC gore ba na le maano afe go fetola mo go tlhokegang phetolo mme TOC e tla isa dikakanyo tsa yone kwa Khanseleng ka Seetebosigo 2008. Mo nakong e e mo gare, balaodi ba ka tlhomamisa gore mabaka a a bonweng ka mo repotong a arabelwa ka mo ditumelanong tsa tiro gore mabaka a a bonweng a arabelwe ka nako e e ka bonako jaaka go ka kgonagala.
Repoto le kakaretso ya dikgwetlho tse di rileng tse di lemogilweng ka mo YBB mo patlisisong(e e dirilweng ke
bagakolodi ba What Works), di teng jaanong jaana mme lo ka di seka-seka kwa Ditlapele tsa Togamaano ka mo tsebeng ya ntlha ya intranete. Gape, bagakolodi ba What Works ba ka fana ka ditlhaloso mo dikhampaseng tse di farologaneng ka bonako jaaka go ka kgonagala.
Boela kwa godimo
Go tswala le go bula ga Khampase ya Mafikeng
Khampase ya Mafikeng e ne ya tswalelwa baithuti ka 7 Mopitlwe 2008 morago ga megwanto ya balatedi ba ba mmalwa ba
bontsi e leng ba SASCO. Ditiro tse di tsamaisaneng le megwanto ya bone di ne di le go sireletsa kgorokgolo ya khampase, tshoso le tshireletso ya badirimmogo le baithuti go tsena mo khampaseng le go senya thuo ya Yunibesiti. Ga go a kgonagalwa go lemoga ruri gore dingongorego tsa bone e ne e le eng. Lenaneo la dikakano tsa bone le dikopo tsa bone e le le neng le sa tsamaisane le ne le fiwa balaodi mme morago le busetswe morago gape ka tlhokego ya kagiso magareng a ditokololo tsa SASCO le tsa ANC Youth League. SRC ya khampase nako e yotlhe e ne e sa dirisane ka mo ngongoregong e. Baithuti ba ba dulang kgakala ba ne ba thusitswe ka madi a ditshenyegelo go ya kwa gae kapa go ka dula mo madulong ka mo khampaseng fa go ne go tlhokega ruri. Morago ga go tswala Khampase, Balaodi ba Khampase ba ile ba bala ditshenyego mme tsa baakangwa. Baithuti ba ba 11 ba ne ba kobiwa ka melato jaaka go me?etla mo morafeng le ka tlhotlheletso le ka go senya thuo ka nako ya megwanto. Ba tlile go tlhagisiwa ka mo pele ga dikgato tsa kgalemo mo nakong e e rileng.
Khampase ya Mafikeng e ile ya bulelwa baithuti gape ka Labobedi wa 25 Mopitlwe 2008, go ka leka go tshwara malatsi a
thuto a a senyegetseng. Ka lebaka la maitsholo a a maswe a le go senya ga thuo, badirimmogo le baithuti ba ile ba dumela ka bontsi gore ga ba tle go tsaya malatsi a boikhutso a letlhafula gore ba tshware dithuto. Ke rata go ba lebogela boineelo le matsapa a bone.
Khampase e ne ya bulwa ka kitso ya gore ga go ketla go dumelwa ditiro tsa kwa ntle ga molao kwa ntle ga go lwantsha
seo ka go se ne le boitshwarelo bope. Dintlha tse di thata tsa maitsholo le ditiro di tla tseiwa gore ditiro tsa tlwaelo di tswelele ka mo Khampaseng. Bolaodi jwa Setheo le Balaodi ba Khampase ba tla dira ka maatla yotlhe ya bone go tlhomamisa gore baithuti ba ba duetseng madi a dithuto ka madi a a diretsweng ka madi, ba na le tshono ya go ka dirisa nako ya go ithuta mme go se sireletswe ke setlhopha se sennye sa baithuti ba ba se nang kgatlhego ya go ithuta(mme ba se ba ithute dingwaga tse di mmalwa tse di fetileng).
Boela kwa godimo
Boikwadiso jwa Baithuti 2008
Re beile ntlha ya baithuti ba ngwaga ya ntlha ba ba ikwadisang ba ba 5183 mo 2008. Jaanong jaana go ikwadisitse palo
e e latelang(go sa balelwa baithuti ba kwa kgakala le ba ba morago ga didikerii):
|
Baikwadisi ba nako ya ntlha ba pele ga didikerii |
Palokgolo ya baithuti ba ba kwadisitweng go sa balelwa baithuti ba kwa kgakala le ba ba morago ga didikerii |
Khampase ya Mafikeng |
1340 |
6585 |
Khampase ya Potchefstroom |
3188 |
13 185 |
Khampase ya Vaal Triangle |
794 |
2912 |
GOTLHE |
5322 |
22 682 |
Dipalo tsa baithuti ba ngwaga ya ntlha di siame le fa e le gore ba morago ga didikerii ba ise ba ikwadise botlhe, re
bone gore re godile go lekana go tloga 2007. Tse di tsamaisana le bokgoni jwa dibebofatsi tse di leng teng ka mo dikhampaseng.
Boela kwa godimo
Senteramo ya Boiphediso
Senteramo ya Boiphediso ka maikaelelo a go diragatsa thapo ya baamogeladidikerii ba mo YBB le go ba thusa go bona
diphatlhatiro ka mo mmarakeng le go thusa bathapi go bona bathapiwa ba ba itshiametseng se ile sa tlhomelwa ka Ferikgong 2008 ka mo dikhampaseng ka boraro.
Boela kwa godimo
Ditekanyetso tsa NRF le dikhumo tsa patlisiso
Go tloga lekwalodikgang la ntlha mo ke ileng ka fa badirimmogo lebogo ka ditekanyetso tsa bone tsa NRF tse di
tshegeditsweng, re utlwile ka ga Moporof. Petra Engelbrecht yo o lekanyeditsweng go ka nna mmatlisisi wa C1 le ka tumelo ya gore tekanyetso e nngwe e tlile go amogelwa, palo ya badirimmogo ba ba lekanyeditsweng ka kwa NRF jaanong ke ba ba 94 (2007: 85). Go bontsha go golela pele go feta ka 10% ya badirimmogo ba akatemi, mme se ke se baakatemi ba tshwanetseng go tlotliwa ka ga sone!
Jaanong jaana re amogetse kitsiso ya semmuso ya gore khumo ya YBB ya patlisiso e fetile palo ya 1000 ka 2006. Palokgolo ya didikerii tsa patlisiso tsa MA le di-PhD(go atisitswe ka 3) le palo ya dikgatiso tse di kwadisitsweng di fitlhile palo e kgolo ya 1074! Se se godile go tswa go tswa go 865 ka 2005. Ke ntsha sehuba ruri ka diphetlho tse go tswa go babatlisising ba rona mme se se re baya mo maemong a 6 mo set?habeng!
Boela kwa godimo
Tumelano ya Tirisanommogo le PBMR
YBB le Pebble Bed Modular Reactor Pty (Ltd) ya aferika Borwa (PBMR) ba saene tumelano ya tirisanommogo ka 26 Tlhakole 2008, mme mo PBMR e tla emang nokeng tiro ya patlisiso ka madi mo YBB ka mo tikologong ya boenjineri jwa nyutlelia. Gammogo le PBMR, YBB ka patlisiso ya boitseanape e dirisitse thekenoloji le tharabololo ya go ka tlisetsa mathata a motlakase wa mo set?habeng karabo mo Aferika Borwa.
Boela kwa godimo
Thuno ya HEQC
Re amogetse kitsiso ya semmuso ya gore thuno ya HEQC ya mo Setheong ya YBB e tla diragala go tloga ka Lamatlhatso wa
14 go Labotlhano wa 20 Mopitlwe 2009.
Jaanong jaana re tsamaisana le lenaneo la maano a togamaano a rona mme repoto ya boratharo ya tlhomo ya go itlhatlhoba e setse e feditswe mme e tla fetisiwa ka mo bogareng jwa Moranang gore e buisanwe.
Boela kwa godimo
Kabelo go tswa go PanSALB
YBB e amogetse kabelo go tswa go Pan-South African Language Board (PanSALB) ka go nna setheo sa thutogodimo se se
dirileng go feta tsotlhe go dirisa dipuo tse dintsi le go aga set?haba mo Aferika Borwa mo karolong ya Thutogodimo mo dilemong di le 10 tse di fetileng.
Boela kwa godimo
Kgaisano ya Puo ya Tekanyetso
Linda Dingiswayo, moithuti wa Khampase ya Vaal Triangle, o fentse kgaisano e e tlotlegang ya Puo ya Tekaneyetso ya
2007 ya Nedbank le Old Mutual. Linda o feditse BComm Ekonomiki / Taolo ya Ditekeletso tsa Banka le Onase ya BComm ya Ekonomiki kwa Khampaseng ya Vaal Triangle. Kgaolo ya ntlha ya kgaisano e ne e le go kwala essei ya tekanyetso. Mo baikwadising go tlhophilwe ba ba 12 go ya go reetsa puo ya tekanyetso ya Tona ya Madi le go ka tlhagelela mo pele ga panele go botsisiwa. Linda ke motho wa ntlha wa mosadi yo montsho go ka fenya kgaisano e ya ngwaga le ngwaga e e tlotliwang.
Boela kwa godimo
Letsatsi la Thepiso ya Badirimmogo ba YBB
Ditebogo go botlhe ba ba dirisaneng mmogo mo letsatsing la Thepiso ya Badirimmogo le le ileng la tshwariwa ka 7
Mopitlwe 2008 kwa Khampaseng ya Vaal Triangle. Badirimmogo ba ba 330 ba dirisane mmogo mo letsatsing le le le neng la simololwa ka go Tsamaya Monate le Volleyball le Kgoga-Kgogano mme la fetswa ka kgaisano ya Dipotso ka ga YBB. Ka letsatsi leo badirimmogo ba ba 75 ka go tlhopiwa ba ne ba amogela tshono ya go ka palama sekepe ka mo nokeng ya Vaal. Dipuo tse ke di utlwileng go tswa go badirimmogong ba dikhampase tse tharo le ba Ofisi ya Setheo ke gore go ne go le monate thata.
Letsatsi le le latelang la Thepiso ya Badirimmogo le tlile go tshwarelwa kwa Khampaseng ya Mafikeng ka Labotlhano wa
17 Diphalane 2008.
Boela kwa godimo
Letsatsi la Metsameko la Baithuti ba Dikhampase tsa YBB
Letsatsi la Metsameko la Baithuti ba Dikhampase tsa YBB ka katlego e kgolo le ile la tshwariwa ka 1 Mopitlwe ka mo
Potchefstroom. Palo ya baithuti ba ba 341 ba tshamekile mmogo mo metshamekong jaaka: Volleyball, Tenese, Tenese ya tafole, Kerikete, Kgwele ya maoto, Netbolo, Bolo e e boleta le Badminton. Maikaelelo a ne a se go bontsha bafenyi mme a ne a le go go thameka mmogo mme diphetlho di ka ntshiwa morago fa di badilwe mme di kopantshitswe ke batsamaisi ba ditlhopha.
Boela kwa godimo
Theleso ya Motlakase ka mo YBB
Go tloga repoto ya pele nka ntsha tshedimosetso e e latelang:
Ka mo Khampaseng ya Potchefstroom, go akangwa gore go ka tsengwa diyuniti tsa dijenereitara tse pedi(E nngwe le e
nngwe 500 kVA) ka mo khampaseng ka mafelo a boikhutso go ka arabela ditlhokego tsa Fakalthi ya Bosaense jwa Boitekanelo le Fakalthi ya Bosaense jwa Tlholego jaaka go dumelanwe le didiini. Go ka reka le go tsenya dijenereitara tse pedi tsa tshoganyetso ( E nngwe le e nngwe 1 100 kVA) ka mo Khampaseng ya Potchefstroom go ile ga bontsha mathata mme go tsaya nako e telele go fete e e neng e akantswe ka lebaka la mathata mo baabela ditirelo. Letlha la kakanyo la tlhomelo ke ka mafelo a Phukwi 2008 jaanong.
Ka kwa Khampaseng ya Vaal Triangle, jenereitara ya jaanong e e nt?hwa e ne ya na le mathata a a theknikale mme
mathata a ka tloga a rarabolwa. Kwa Khampaseng ya Mafikeng, go tlile go agiwa bokokoanyetso jwa disele go tlhomamisa gore dijenereitara di na le lookwane.
Go tswa mo go tse di fa godimo go bonagala gore mathata ke fela ka mo Khampaseng ya Potchefstroom mo nakong e telele
ya mariga a a tlang. Ga go na sepe se se ka diriwang go arabela mathata ka nako e khutswane mme re tshwanetse go
leka fela gore re boloka tiriso ya rona ya motlakase.
Re le setheo, re tshwanetse go ikaelela go boloka motlakase jaanong. Re mo nakong e e botlhokwa ka dipuisano le
dimmasapala le Eskom go buisana ka ga poloko ya 10% gore mo bofelong re leke go se amiwe ke go kgaolwa le go kgaoganyetswa motlakase. Le fa theleso ya motlakase wa tshoganyetso e tla siama ka mo dikhampaseng tsotlhe ka mafelo a Phukwi re tla tshwanelwa gore re fetole dikakanyo tsa rona ka ga motlakase mo nakong e khutswane le e telele. Ka jalo ke rata go le kopa, re le badirimmogo le ditokololo tsa morafe wa YBB, gore re thusane go boloka motlakase le go o tsamaisa ka kelotlhoko. Fa re dirisana rotlhe, re ka kgona go ithusa, go thusana le go thusa yunibesiti le set?haba mo bofelong.
Dikaelo tse dingwe ka ga go boloka motlakase di ka tla ka kitsiso e nngwe e e kwa thoko morago ga go amogela tiro e
e diriwang ke setlhopha sa tiro se se rileng.
Boela kwa godimo
Khudugo ya Ofisi ya Setheo
Khudugo ya Ofisi ya Setheo go ya kwa Kagong ya C1 e tsweletse. Ka mafelo a Moranang fa badiri ba Ofisi ya Setheo ba
feditse go huduga go ka gatisiwa bukana e e nang le ditiro tsotlhe le batho le dinomoro mme e fetisiwe ka mo dikhampaseng tsotlhe tse tharo. Mo nako e mo gare, badirimmogo ba ka bonwa mo megaleng ya pele le mo di-eposong jaaka pele ka di ise di fetoge.
Boela kwa godimo
Kopano ya Khansele
Re ne re na le kopano e e itumedisitseng tota ka 14 Mopitlwe 2008. Lekwalodikgang la Khansele le ka balwa fa o klika ka mo mafokong a a Lekwalodikgang la Khansele.
Boela kwa godimo
Badirimmogo, fa le bala se, bangwe ba lona lo tlabo le boile go tswa boikhutsong bo bokhutswane. Jaaka re bone mo
dikgweding tse tharo tsa ntlha, ke santse ke akanya gore ngwaga ya 2008 ke ya se mphete ke go fete mme e tla nna e le ya dikgatlhego ? e seng ya bodutu! A re diriseng matla a rona, boineelo jwa rona le mowa wa popont?hwa go tlhomamisa gore re aga ka maatla mo godimo ga dikatlego tse re di fitlhetseng mo dilemong tse nne tse di fetileng. Jaaka e le tlwaelo ya ditheo tse di golang, ga re kgone go dira dilo jaaka pele mme re akanya gore dilo tse dint?hwa di ka diragala fela. Re tshwanetse go nt?hwafatsa matsapa a rona gore re golele pele le ka dikhumo tsa YBB. Dirisana le nna gore re tsenye mmogo maatla a rona mo go tse...
Ke le lakaletsa masego le tshiamo mo kotareng e ya bobedi!
Masego!
THEUNS ELOFF
MOTLATSA-MOKHANSELIRI
|