ZENOYISE

Eno ke tsela e Zenoyise John, modiredi wa tsa Tlhaeletsano ka tsa Kgwebo a re rotloetsang rotlhe gore re nne le mowa wa go aba. O dumela gore go aga go na le boleng jwa semoya le gore o ka rarabolola mathata mangwe mo botshelong jwa gago ka go abela ba bangwe.

 

O nyetswe ke Nnamndi John wa Mo-Nigeria, moreri wa efangele le mokatisi wa kgwele ya dinao. Zenoyise le lelapa lotlhe la gagwe ba nna le seabe mo tirelong-setšhaba kwa Diepsloot, Johannesburg. Morwadie yo mogolo mo go botlhe, Yenani Madikwa wa dingwaga di le 25, yo o dirang jaaka mokaedi wa go tlhamiwa ga dipapatso kwa setheong sa dipapatso, o thusa ka go ema matsholo mangwe nokeng ka madi, e bile bana ba bannye, e leng Oluchi (12) le Ndidi (9), ba dirisa nako ya bone ya fa ba sa dire sepe go dira diphuthelwana tsa dijo le go di aba.

 

“Re batla go ba tsenya mowa wa go aba ba sa ntse ba le bannye,” Zenoyise o bolela jalo. “Gape re batla go ba ruta gore ba direle ba bangwe ka boikokobetso mme ba lebogele se ba nang le sone.”

 

Go fetola matshelo kwa Diepsloot

 

Zenoyise a re tiro ya bone e simolotse ka 2014 fa monna wa gagwe a ne a kgweetsa kwa Diepsloot, lefelo la khumanego e e seng kana ka sepe kwa bokone jwa Johannesburg.

 

“O ne a ema gore a rerele setlhopha sa banna bangwe ba ba neng ba tshameka mataese mo mmileng. Ba ne ba mmolelela gore ba ne ba tswa kwa dinageng di sele, le gore ba ne ba sa bereke e bile ba ne ba tshwerwe ke tlala. O ne a swetsa ka gore mo boemong jwa gore a ba bolelele boammaaruri jwa dilo tsa semoya fela, o ne a tla ba tlisetsa senkgwe nako le nako fa a ba etela.”

 

Fa e sa le ka nako eo, o ntse a ba abela dilofo di le diketekete tsa senkgwe le go apaya dijo tse di monate tsa Sontaga ba di apeela bahumanegi ba ba fitlhelwang letsatsi le letsatsi mo lelapeng la ga Johns.

 

Go tshegetsa thuso ya batlhoki

 

“Fa bangwe ba ditsala tsa rona le badumedi ka rona ba utlwa ka ga tiro e re neng re e dira, ba ne ba swetsa ka go re thusa ka dijo. Lengwe la mabaka le ne la simolola go re thusa ka senkgwe mme batsadi ba bana bao monna wa me a neng a ba katisa ba ne ba aba diaparo, dilo tsa mo ntlong tsa motlakase le dikobo go di baya batho ba Diepsloot. Ka thuso ya baeteledipele ba tiro ya rona ba ba nnang koo, re tlhaola malapa a bahumanegi le go ba tlisetsa sepe fela se ba se tlhokang.”

\\

Le fa Zenoyise le monna wa gagwe ba ne ba tlamela batho ka dijo makgetlo a le mabedi kgotsa a le mararo ka beke, go ikaegile ka gore ba na le madi a le makana kang, gape ba leka go batlela batho ditiro, le go kolekela ba ba sa kgoneng go fitlha baratiwa ba bone madi.

 

Fa e sa le ka ngwaga o o fetileng, leroborobo la Covid-19 le baketse batho dikgwetlho di le dintsi. “Bangwe ba batho ba ba neng ba re thusa ba latlhegetswe ke ditiro tsa bone ka jalo ba ile ba emise go re tshegetsa. Gape re ne ra tshwanelwa ke go tlogela go etela batho ka nakonyana gore re se ka ra tlola melawana ya Covid-19. Mme jaanong re boetse gape re dira tiro e e re itumedisang thata – go aba.”

 

Maitemogelo a ga Zenoyise ke gore ba ba abelang ba bangwe ka bopelotshweu ba tla segofadiwa thata le bone. A re semeleleng mme re tlhofofatseng botshelo jwa batlhoki go sekae.

 

 

o na le pelo ya go aba

Go aba ga go na tekanyetso

 

Zenoyise John o dumela gore bokgoni jo re nang le jone bo ka se lekanngwe.

 

 “Bangwe ba re naya mesese le disutu tsa materiki, kgotsa diaparo tsa go ya kerekeng – le manyena, ditlhako le dilwana tsa go itlhokomela. Dithuso tseno di anaanelwa fela thata ke batho ba ba di amogelang,” o bolela jalo.

 

Zeno o rotloetsa batho go fetola matshelo a ba bangwe – ka tsela epe fela e e tlhokegang. “Re  mo marigeng, mme batho ba tlhoka dijo tse di bolelo, diaparo le dikobo. O ka nna wa direla ngwana yo o tlhokileng lesego moletlo wa matsalo kgotsa wa thusa mongwe go simolola kgwebo.”

 

Badiri ka rona ba ba batlang go thusa ka porojeke ba ka romela imeile kwa Zenoyise.

 

 

Tironyana e nnye fela e ka fetola botshelo jwa mongwe, mme se o se lebang e le matlakala e ka nna letlotlo mo mothong yo mongwe.