DITIRELO TSA TSHIRELETSO

eish! e ne ya buisana le mokaedi Des Ayob go utlwa gore lefapha le sireletsa batho le thoto jang.

 

Lefapha la Ditirelo tsa Tshireletso le na le badiri ba le 106 mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo e bile le dira ditiro di le tharo tsa konokono: go tsibogela ga bone maemo le go dira dipatlisiso ka one, molao wa pharakano le taolo ya yone le ditirelo tsa tshireletso.

 

Ba mo tirong 24/7

 

Go ya ka Des, nngwe ya ditirelo tse di botlhokwa go di feta tsotlhe e lefapha leno le tlamelang ka yone ke go ela tlhoko go tsena le go tswa ga maloko otlhe a baithuti le badiri mo dikhamphaseng. “Mafelo a botseno ke one a ntlha a yunibesiti go sirelediwa, mme re tsaya tiro eo masisi fela thata.”

 

O oketsa ka gore lefapha le na le phapositaolo ya diura di le 24 e baithuti le badiri ba ka ikgolaganyang le yone fa go diragetse bokebekwa bongwe kgotsa fa go tlhagile tiragalo nngwe ya maemo a tshoganyetso.

 

Re ba ntlha go tsibogela maemo a tshoganyetso

Lefapha le na le setlhophatsibogo sa ditiro tsotlhe tsa bokebekwa le tsa kalafi mo dikhamphaseng tse tharo. Maloko a setlhophatsibogo ke one a ntlha go goroga mo lefelong la tiragalo, tota le pele go goroga la Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforikaborwa kgotsa pele go bidiwa le le thusang ka tsa kalafi.

 

Lefapha la ditirelo tsa Tshireletso gape le na le maloko a a kokoanyang tshedimosetso ka ga gore bokebekwa bo dirilwe ke mang, bofe, goreng, kae le gore leng. Morago ga moo tshedimosetso eno e dirisediwa go romela maloko kwa mafelong a a umakilweng ao bokebekwa bo dirwang thata kwa go one.

 

Fa go dirwa tiro eno, gape go dirwa patlisiso ka dikgang malebana le go otlhaiwa ga baithuti le badiri. “Lefapha la Ditirelo tsa Tshireletso le dira jaaka setlhopha se se diragatsang molao, ga se dire jaaka sa boatlhodi. Re kokoanya bosupi fela,” Des o bolela jalo. Fa go tlhokega, bosupi jono bo romelwa kwa ofising ya boatlhodi ya baithuti kgotsa ya dikamano le badiri.

 

Molao wa pharakano

 

Lefapha le tsenya tirisong melao yotlhe ya pharakano mo dikhamphaseng le go ela tlhoko gore e a latelwa. Badiri ba YBB gape ba ka nna ba kopa lefapha la ditirelo tsa Tshireletso go boloka mafelo mangwe a go phaka dikoloi gore a dirisiwe ke baeng ba ba tswang kwa ntle, Des o bolela jalo.

 

“Gape re thusa ka ditiro tsa dinotlolo fa baithuti kgotsa maloko a badiri a itotleletse kwantle ga diofisi tsa bone, gape re thusa go sekae ka mathata a dikoloi.”

 

Re ikemiseditse go thusa

 

Dinomoro tsa maemo a tshoganyetso tsa Potchefstroom

 Maloko a le mmalwa a magolo a badiri a ipega ka tlhamalalo kwa go Des. One ke tlhogo ya lefapha e leng Jak Jansen van Vuuren, Giel Senekal le Boitumelo Mosikare bao botlhe ba leng kwa Potchefstroom, le bommenejara-bagolo e leng Joseph Ntlati yo o leng kwa Vanderbijlpark le Aubrey Welken, yo o leng kwa Mahikeng.

Fa o iphitlhela o le mo maemong a tshoganyetso mo nakong e e tlang, leletsa dinomoro tse di latelang

Des Ayob

Mokaedi: wa Ditirelo tsa Tshireletso

 

 

  • MAHIKENG

    Maemo a tshoganyetso a a amanang le bokebekwa le tshireletsego

    Kago A1

     

    Dinomoro tsa maemo a tshoganyetso:

    018 389 2277

    018 389 2167

     

  • POTCHEFSTROOM

    24-hour control room

    Kago F17

     

    Dinomoro tsa maemo a tshoganyetso:

    018 299 2211

    018 299 2215

    018 299 1110

     

  • VANDERBIJLPARK

    24-hour control room

    Maemo a tshoganyetso a a amanang le bokebekwa le tshireletsego

    Kago 1

     

    Dinomoro tsa maemo a tshoganyetso:

    016 910 3339

     

Jak Jansen van Vuuren

Tlhogo ya Lefapha:

Tshedimosetso ka bokebekwa, Dipatlisiso, Katiso, Ditiragalo tse di Kgethegileng, Ditirelo tsa Tsibogo

 

 

Giel Senekal

Tlhogo ya Lefapha:

Pharakano

 

Boitumelo Mosikare

Tlhogo ya Lefapha:

Tshireletsego

 

Aubrey Welken

Mmenejara-mogolo: Mahikeng

 

 

Joseph Ntlati

Mmenejara-mogolo:

Vanderbijlpark

 

 

Ditirelo tsa tshireletso

PHETLHOLELA KWA TLASE

E ka ne lefapha la Ditirelo tsa Tshireletso le thusa badiri le baithuti ba ba lotleletseng dinotlolo tsa bone mo teng ga dikoloi, kgotsa gore a ke bone ba ntlha go goroga mo lefelong le go dirilweng bokebekwa mo go lone kgotsa leo go tlhagileng kotsi mo go lone mo go epe ya dikhamphase tsa YBB, lefapha leno le motlotlo go bo e le lone la ntlha go tsaya kgato le go dira tiro ya go thusa botlhe.

PHETLHOLELA KWA TLASE

di boloka dikhamphase di sireletsegile