Joseph ke bosupi jwa nnete jwa gore mokgwa wa botshelo o kgona go nnela ruri

PHETLHOLELA KWA TLASE

Go bona bosupi jwa boammaaruri jwa gore mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore o bokoa go le go kae mo mmeleng kgotsa gore ga o a tlhagafala go le go kana kang, gore o ka kgona go ikatisa le go bona matswela a gone a a nnang lobaka lo loleele, leba Joseph Matlhong, motlhankedi wa metshameko mo Lefapheng la Botshelo jwa Baithuti mo khamphaseng ya Vanderbijlpark.

Ga go motlhofo go dumela gore o ne a kgerisiwa kwa sekolong ka gonne a ne a nonne go sekae. Le fa go ntse jalo o ikutlwa gore go kgerisiwa ga gagwe le mmele wa gagwe o o neng o sa ratege fa a ne a le ngwana go ne ga dira gore a rate metshameko le go ineela thata mo yone.

 

“Ke a itse gore go bua ga go kitla go thusa ka sepe le gore motho o tlhoka bopelokgale le boikemisetso go dira diphetogo mo mokgweng wa gagwe wa botshelo, mme gape ke nna bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa gore seno se ka kgona go dirwa le go tswelela pele ka sone,” Joseph o bolela jalo.

 

E re ka a ipolelela gore ke morati wa metshameko, o tlhagafaletse go tsaya karolo mo motshamekong wa tenese, diatleletiki, kgwele ya dinao, tšhese, karate le metshameko ya go dirisa tlhaloganyo.  Jaaka motlhankedi wa metshameko, gape Joseph o okamela llega ya kgaisano fa gare ga maloko a kago ya bonno le llega ya kgwele ya dinao ya maloko a badiri, gape ke tlhogo ya tlelapa ya boitekanelo jwa mmele ya khamphase, e boikaelelo jwa yone e leng go dira gore badiri le baithuti ba nne ba tlhagafetse e bile ba itekanetse.

 

Mesola eo ya boitekanelo ke ya boammaaruri

 

Go papametse gore go dirisa maikatlapelo a mme le go itshidila mmele go na le melemo ya boitekanelo ya ka bonako e e nnelang ruri e e tokafatsang boleng jwa botshelo.

 

Go nna o itekanetse go ka fokotsa kgatelelo ya madi, ga dira gore kholeseterole ya gago e nne mo boemong jo bo siameng, go tokafatsa kelelo ya madi mo mmeleng, go boloka boima jwa gago jwa mmele bo le mo taolong e bile go dira gore o se ka wa koafala marapo e leng se se ka felela ka bolwetse jwa go nna le marobana mo marapong (osteoporosis). Mesola eno e dira gore o se ka wa nna le ditshenyegelo tse dintsi tsa madi a kalafi, ditharabololomathata le go bona melemo ya kalafi.

 

Tlelapa, e e neng ya tlhamiwa ka 2012 ke e Joseph a ipelang ka yone le go e itumelela e bile o bonako go go bolelela gore go tshela botshelo jo bo itekanetseng ga se fela go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ikatisa. “Go ja go le gonnye ka boikaelelo jwa go fokotsa boima jwa mmele, dithulaganyo tsa ka gale tsa go itshidila mmele go feta selekanyo le ditharabololomathata tsa ka bonako tse di solofetsang dipholo tse dikgolo mo lobakeng lo lo khutshwane lwa nako tsotlhe fela ke serai mo tseleng e e isang boitekanelong jo bo feletseng,” o bolela jalo.

 

Dipholo di botlhokwa

 

dingwageng di le supa tse di fetileng Joseph o ne a tshwanelwa ke go dira ka natla go rotloetsa badiri gore ba nne maloko a tlelapa, mme o ne a lemoga gore sedirisiwa sa gagwe sa go maketa se se di gaisang tsotlhe ke dipholo tsa badiri ka ene ba nneng le tsone.

 

O tlhalosa a tshega gore go ne ga tla jang gore a fetole leina la tlelapa go tswa go “jogging club” go ya “fitness club” ka gonne batho ba ne ba “tshoswa thata” ke kgang ya go taboga go kgabaganya mabala a khamphase morago ga letsatsi la tiro mo ofising.

 

Ga jaanong jaana, tlelapa e kopana ga tlhano ka beke, Matlhatso baletswe mo malatsing ao a matlhano, go itshidila mmele lobaka lo lo ka fa tlase ga diura di le pedi. nako ya go itshidila mmele, batsayakarolo ba dingwaga tsotlhe le ba ba itekanetseng ka ditsela tse di sa tshwaneng ba katisiwa go ya ka bokgoni jwa bone mme Joseph o bitsa ikatiso eno a re ke “thulaganyo ya go fetoga ka ikatisommele”.  Seno se akaretsa go tsenela kampa ya go ikatisa ya bogatlhamelamasisi, CrossFit, go nonotsha pelo le go tsholetsa ditshipi.

 

Fa Joseph a bodiwa gore a mongwe le mongwe a ka tsaya karolo, go sa kgathalesege gore po bokoa go le go kae mo mmeleng, o tlhalosa gore diitshidilo mmele tsotlhe di simolola mo palong ya lefela, mo go rayang gore jaaka fa boitekanelo jwa mmele jwa motsayakarolo bo ntse bo tlhatloga, mokgwa wa go ikatisa le one o a gola.

 

Kgotsofalo ya gagwe e kgolo e tlisiwa ke go bona batsayakarolo ba fitlhelela mekgele ya bone ya boitekanelo mme ka go dira jalo, ba tlhokomela boitekanelo jwa bone jwa mmele le botsogo jo bo siameng.

 

O dira eng fa a se mo lefelong la boitshidilommele, a sa katise badiri le baithuti kgotsa fa a sa etelele pele ditiro tsa metshameko mo khamphaseng? O bogela metshameko mo thelebišeneng!

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka tlelapa ya go itekanela mo mmeleng, tsweetswee romelela Joseph imeile.  Go ikatisiwa mahala.

Joseph (ka fa mojeng) o katisa maloko a tlelapa go ya ka bokgoni jwa one.

 

A o ka rata go ikopantsha le bone? Jaanong jaana tlelapa ya go ikatisa e kopana gatlhano ka beke le

gape mo mosong ka Lamatlhatso

 

PHETLHOLELA KWA TLASE