Mop Marius Stander a re o tla dirisa lefoko ‘lerato’ go tlhalosa kgolagano ya gagwe le yunibesiti.

PHETLHOLELA KWA TLASE

Marius Stander:

YBB e mo teng ga DNA ya me

Ngwaga e ne e le wa 1983 mme ka nako eo, o ne o ka kgona go reka Wimpy ya nama e e gadikilweng ka R3,50, o bo o bogela West Indies XI e tlile dikgaisanong tsa yone mo Aforikaborwa, leba jaaka Leanne Hosking a rwesiwa serwalo sa go nna Miss South Africa a bo a ja tlhako a tantshetsa moribo wa pina ya ga Joan Armatrading ya Drop the pilot.

Eno e ne e le nako e ka yone Marius Stander a neng a nna leloko la setheo se ka nako eo se neng se bidiwa Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thutogodimo ya Sekeresete (Potchefstroom University for Christian Higher Education (PU for CHE)), a simolola mokgele o o kgatlhang thata wa tiro o o neng o tlile go tsaya dingwaga tse di fetang masomaamarataro.

 

Gompieno jaana, morago ga dingwaga di le 36, Marius o lejwa e le molaodi yo o di gogang kwa pele mo tirong ya go ithuta boikutlo jwa badiri mo tirong le botsamaisi jwa ditalente. O rutile baithuti ba gagwe bokgoni jono a bo a thusa yunibesiti ka jone, segolobogolo khamphase ya Vanderbijlpark, a thusa go tlhama lefelo la boleng jo bo kwa godimo le le tla amang ka tsela e e molemo dikokomana tse di tlang.

 

O nnile le bontsi jwa dilo tsa lekgetlo la ntlha (Bontsi jwa dilo e ne e le tsa ntlha mo go ene)

 

Bontsi jwa dilo tsa lekgetlo la ntlha di fetola matshelo a rona, seno se ntse jalo bogolo jang fa re leba botshelo jwa ga Marius.

 

Fa a ne a le moithuti kwa khamphaseng ya PU ya CHE ya Vanderbijlpark go ela kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1970, o ne a le mongwe wa badulasetulo ba ntlha-ntlha ba Lekgotla la Baithuti la Khamphase.

 

Morago ga moo, Marius a nna moemedi wa ntlha mo khamphaseng eo go nna leloko la Afrikaanse Studentebond a bo a nna moithuti wa nako e e tletseng wa go ithuta boikutlo jwa badiri mo tirong gore a ithutele dithuto tsa morago ga kalogo kwa khamphaseng ya Potchefstroom.

 

Morago ga go aloga, o ne a nna moemedi wa ntlha wa baithuti ba nako e e fetileng ba khamphase go direla mo Setlhopheng sa Lekgotla la Yunibesiti.

 

O rata thata batho ba ba tsaletsweng motshameko wa rakabii

 

Jaaka mongwe wa leloko la ba ba tlhamileng tlelapa ya Rakabii ya WATUNI kwa Vanderbijlpark,  Marius a re go rata ga gagwe ditlhopha tsa batho ba ba farologaneng go bakile gore a tlhabolole motshameko wa rakabii.

 

“Metshameko yotlhe e na le dithuto tse di ka ithutwang go tswa mo lebaleng le go dirisiwa mo botshelong, mme rakabii yone e na le dithuto tse di ka se kang tsa bonwa mo metshamekong epe e mongwe – e bile ga ke bue ka tirisanommogo ka kakaretso ya setlhopha sa batshameki le go ntsha ga tshwene fa go tshamekiwa,” Marius o tlhalosa jalo.

 

Dingwe tsa dithuto tseno ke: katlego e tlisiwa ke go ntsha ga tshwene fa motho a tshameka, kgotsofalo e tlisiwa ke go dira ka natla, lefatshe le re tshelang mo go lone ga le mpampetse ope, ga go a lekana go fitlhelela mokgele wa gago – o tshwanetse go dira go fetsa mokgele oo, e bile katlego ya gago e laolwa ke tshwetso ya gago ya motsotswana wa bofelo.

 

Dintlhakgolo tsa tiro ya gagwe

 

Marius o simolotse mokgele wa gagwe wa akatemi e le motlhatlheledipotlana wa go Ithuta boikutlo jwa badiri mo tirong kwa khamphaseng ya Potchefstroom mme ka 1985 a fudugela kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark. Ene le modiri ka ene wa nako e telele, motlhababotlhale le tsala ya gagwe, e leng Mop Joppie van Graan, ba ne ba tlhoma Lefapha la Go Ithuta Boikutlo jwa Badiri mo Tirong la khamphase e bile ga go na ope yo o sa itseng ka gone.

 

“Ke itumelela ditšhono tsotlhe tse ke ileng ka di newa, e bile ke ikutlwa ke le lesego gore ke ile ka nna moemedi wa tiro ya me e ke e kgatlhegelang mo dikontinenteng di le thataro.”

 

Marius ke mmatlisisi yo o neilweng maduo wa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso, modirimogolo wa lefapha la tsa badiri, mokatisimogolo, motlhababotlhale ka Ditiro tsa Batho tsa Boto ya Aforikaborwa, e bile gape ke Moakatemimogolo yo o tlotlegang wa Intaseteri le Mokgatlho wa Baithutatlhaloganyo wa Aforikaborwa. Ee, e bile ke moporofesa ka botlalo wa intaseteri ya boithutatlhaloganyo.

 

Go tla go fitlha gompieno, Marius o neetse dipuo tsa akatemi kwa dikhonferenseng tsa boditšhabatšhaba kwa dinageng di le 18, o ile a nna mookamedi wa baithutatlhaloganyo ba ba fetang 60 ba ba neng ba katisiwa ba le mo tirong, a bo a nna moakatemi wa thuto wa baithuti ba ba fetang 50 ba masetase le ba PhD.

 

DNA ya me e ka tswa e gatisitswe ditlhaka tsa YBB

 

Fa Marius a bodiwa ka YBB a re o belaela gore YBB e ka tswa e le mo teng ga dijini tsa gagwe.

 

“Kgang yotlhe ya botshelo jwa me e golagane le YBB, batho ba yone le ditšhono tse ke neng ka di newa, tsa go nna moithuti, leloko la badiri, moakatemi kgotsa moithuti wa nako e e fetileng yo o motlotlo,” o bolela jalo.

 

O kopane le mosadi wa gagwe, e leng Annatjie, kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark. Banyalani bano ba segofaditswe ka bana ba babedi, Ederick le Elizma le ngwetsi ya bone e leng, Tasmin. Mo gare ga bone ba le batlhano ba na le di dikirii tse di fetang 19 tse ba di ithutetseng kwa YBB!

 

Ke isagwe efe e a e eleletsang YBB? “Ke solofela ka pelo ya me yotlhe gore YBB e tla tswelela e le setheo se se fitlhelelang mekgele ya sone, mme go feta tsotlhe, e tla nna le diphelelo tse di siameng mo go botlhe.”

 

Lelapa la ga Stander le simolola ka fa molemeng ka Marius, Annatjie, Ederick, Tasmin le Elizma.

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE