Go tsharolola diphuka ga nonyane e bo e fofa ke motsotswana o o jesang kgakge, e tlhabagana le maatlakgogedi e bo e tlhatlogela kwa lefaufaung. Motsotswana ono, mmogo le go tlhatlogela ga yone kwa godimodimo e bo e boga bontle jwa lefatshe, e ne e le thotloetso e e neng e dirisiwa ke YBB ya go kwala pego e e kopantsweng ya 2018.


Setlhogo sa pego eno se se neng se re “Re tlhomelela batho gore ba tlhatlogele godimo”, se lotlega kgang ya ka fa YBB e ileng ya itirela tiro ya boleng ka gone le go e direla bana le seabe ba yone mo tsamaong ya 2018.

TSEPA GO

KGANG YA YBB:

 

Rre Louis Jacobs, mokaedi wa ditlhaeletsano tsa kgwebo.

eish! E ne ya bua le Louis Jacobs, mokaedi wa ditlhaeletsano tsa kgwebo, ka ga pego, e Lekgotla la YBB le e amogetseng semmuso kwa kopanong ya lone ya di 20 Seetebosigo mme ya romelelwa Lefapha la Thutogodimo le Katiso kwa bokhutlong jwa Seetebosigo.

 

P: Goreng e bidiwa pego e e kopantsweng?

K: Go ntsha pego e e kopantsweng, e leng mokgwa o o dirisiwang mo lefatsheng lotlhe, ke mokgwa wa go ntsha pego ka botlalo. E batla gore o akanye e seng ka madi fela mme gore o ka dirisa jang leano la gago ka mokgwa wa gago wa go tsamaisa kgwebo gore e go solegele molemo wena le bana le seabe ba gago.

 

P: A pego e e kopantsweng e o e romeletseng DHET e kgona go bonwa ke maloko otlhe a badiri?

K: Ee, e phasaladitswe mo webosaeteng ya YBB – o ka kgona go e bona fano.

 

P: E tsentswe mo inthaneteng fela?

K: Ke ya dijethale, mme gape re gatisa e nngwe e e khutshwafaditsweng. Eo e tla tloga e nna gone

mme e tla golagana le e telele ka dikhoutu tsa QR mo webosaeteng. Mofuta wa e khutshwane le one

o tla phasaladiwa mo webosaeteng.

 

P: A motho a ka newa khopi e e gatisitsweng ya pego e e kopantsweng?

K: Gore re se ka ra leswafatsa tikologo le go boloka polanete ya rona e le phepa, go molemo go e buisa mo inthaneteng, mme fa o batla khopi, o ka  romela imeile kwa atereseng ya nelia.engelbrecht@nwu.ac.za. Dipego tse di gatisitsweng di tla nna gone ka kgweditharo ya bofelo ya ngwaga.

 

P: Goreng motho a tshwanetse go itshwenya ka go buisa pego e e kopantsweng?

K: E re bolelela kgang nngwe ka YBB e bile e tsamaisana le ditshwetso tse di dirilweng ke bana-le-seabe ba rona. Ka sekai, fa ba ba re tshegetsang ka madi ba buisa kgang ya gore boemo jwa ditšhelete jwa yunibesiti ke jo bo siameng le gore e tlhokomela batho ba yone, seno se ka nna sa ba ritibatsa, ka ba itse gore madi a ba a abileng a dirisiwa sentle.

 

Mo godimo ga moo, e itsise bana-le-seabe ba rona mo teng ga setheo – jaaka wena, maloko a rona a badiri – ka diphitlhelelo tsa yunibesiti. Gape e tlhalosa leano la rona, mokgwa wa rona wa go tsamaisa kgwebo, dikgonego tsa rona tsa go nna le ditatlhegelo tsa madi le ditšhono tse di re bulegelang le ka fa re dirileng ka gone mo mekgeleng e re neng re ipeetse yone.

 

P: A o ka re naya dikai di le mmalwa tsa diphitlhelelo tsa YBB le ka fa e dirileng ka gone?

K: A o ne o itse gore diofisi tsa Thuso ka Madi mo dikhamphaseng tse tharo di kgonne go kokoanya R1 565 milione ka 2018? Re kgobokantshitse R217,3 milione go tswa mo mading a re neng re na le one, e leng 14% ya madi otlhe a re neng ra thuswa ka go a abelwa. Seno se netefatsa boikemisetso jwa rona jwa go amogela baithuti mo setheong sa thuto le go direla baša tirelo ya boleng jo bo kwa godimo.

 

Mo godimo ga moo, palo ya ntlha ya baithuti ba ba neng ba ikwadisitse mme ba tlogela sekolo ba ba neng ba tlile go ithutela dikirii ba tlhatlhelwa ka tlhamalalo e ne ya fokotsega go tswa go 11,11% ka 2017 go ya go 9% ka 2018. Seno se bontsha gore boineelo jwa rona jwa go tshegetsa akatemi bo nna le mosola o mogolo thata. Gape go bontsha boikemisetso jwa maloko a rona a badiri a a nang le bokgoni jwa go tlhomelela baithuti ba rona gore ba tlhatlogele godimo.

Ka fa re tlhomelelang batho ka gone gore ba tlhatlogele godimo