Go emisetsa folete e e onetseng ya bogologolo ka diofisi tse dintle tse di ntšha.
'Baagi' ba mo khamphaseng: ba emisetsa folete ka kago e ntšha
Ka nako ya pulosemmuso ya diofisi tse di ntšha, Greg Roberts (yo o apereng bontsho), o ne a ntsha mafoko a a kgethegileng a tebogo go badiri ba RCS, a ba bitsa moya le pelo ya lefapha. Ba ba nang le ene fano ke Mop Fika Janse Van Rensburg (ka fa molemeng) le Herman Steyn (ka fa mojeng) yo o neng a eteletse pele tirelo ya go kgaolwa ga lelente.
Ka ntlha ya thulaganyosešwa ya bošeng jaana, lefapha la Kago ya Bonno le Ditirelo tsa Kapeo (Residence and Catering Services [RCS]) mo khamphaseng kwa Potchefstroom di ne tsa tshwanelwa ke go fuduga. Ka lesego, baagi ba ne ba na le kgopolo e ntle ya go tlhabolola folete e e neng e sa dirisiwe ya batlhokomedi ba barutwana kwa kagong ya Kom en Gaan.
Go kgaola lelente
Morago ga moo, ka di 20 Lwetse, letsatsi le sa ntse le tlhabile bontle le ditlhare tsa mokolane di ntse di sekamisetswa kwa le kwa ke phešwana e tsiditsana, lelente le ne la kgaolwa mme diofisi tse di ntšha tsa bulwa semmuso.
Mop Fika Janse Van Rensburg, mothusa motlatsa-mokanseliri wa khamphase, le Herman Steyn, mokaedi wa Tlhabololo ya Dikgwebo le Dikgwebo-Potlana, o ne a eteletse moletlo ono pele.
Greg Roberts, mmenejara wa RCS mo khamphaseng kwa Potchefstroom, o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe – go simolola ka setlhopha sa botsamaisi go fitlha ka dikonteraka tse di farologaneng le bomankge ba diporojeke – ka ntlha ya tiro ya bone ya ka natla le tshegetso.
Moono wa bone ke tiro ya boleng jo bo kwa godimo
RCS e na le seabe se se botlhokwa sa tshegetso mo khamphaseng ka go tlamela ka dijo tse di nang le dikotla le lefelo la bonno la baithuti le badiri.
"Re amogela baithuti le baeng mo dikagong tsa rona tse di farologaneng tsa boleng jo bo kwa godimo, tse di tsentsweng didirisiwa tse di tlhokegang," Greg o bolela jalo.
"Gape re leka ka natla go tlamela badirelwa ditirelo ba rona ka dijo tse di farologaneng thata tse di nang le dikotla le dijo tse di motlhoswana tse di sa tureng. Dijo tsotlhe di apeelwa mo dikitšhineng tsa rona tse di nang le didirisiwa tse di tlhokegang go dirisiwa mekgwa e e e gaisang yotlhe ya tiro, mme di tsholelwa mo diholong tsa rona tsa bojelo, dikhafetheria, mabenkele a kofi, di-kiosk le diresetšhurente."
Go apeelwa ba ba bolailweng ke tlala
RCS e tlamela ka ditirelo tse di farologaneng mo khamphaseng kwa Potchefstroom. Ditirelo tsa bone tsa kapeo di akaretsa dikitšhine tsa tlhagiso-dijo, Dampad le Voorhuis. Kwantle ga go apaya dijo tsa holo ya bojelo ya Voorhuis, gape ba apeela dikitšhine-potlana le diholo tsa bojelo mo dikagong tsa bonno tse di farologaneng. Dikago tseno tsa bonno ke tsa basadi tsa Minjonet le Oosterhof le kago ya bonno ya banna ya De Wilgers.
Badiri le baithuti ba kgona go ipelela dijo tsa motshegare tse di apeilweng tse di nang le dikotla, tse di foreše e bile di sa ture, tse di tsholwang go simolola ka 12:00 go fitlha ka 14:00 kwa go nngwe le nngwe ya diholo tseno tsa bojelo.
RCS gape e baakanyetsa ka ditiragalo le dikopano e bile e kgona go tlamela ka dijo tse di apeilweng, diterei tsa dijo, dijo tse di motlhoswana, dijo tsa maitseboa, kgotsa dipakete tsa dijo tsa motshegare.
Mo godimo ga moo, RCS e na le ditirelo tsa dijo le dino kwa dikhafetherieng le diresetšhurenteng tse di farologaneng, le ditirelo tsa kamogelo ya baeng le tsa kago ya bonno.
Pele badiri ba RCS ba fudugela mo diofising tse di ntšha tseno, ba ne ba le mo teng ga kago ya Joon van Rooy, morago ga moo ba fetsa nakonyana ba le mo dikagong tsa Ditirelo tsa Tshireletso.
Kago ya Bonno le Ditirelo tsa Kapeo. Diofisi tse di ntšha di na le boamogelo jo bontle le phaposi ya go tshwarela dikopano le diofisi tsa motho ka bongwe tse di tsentsweng difenitšhara. Gape go na le lefelo la go iketla la badiri kwa ntle kgotsa la dikopano.
Frik van Zyl le Sarah Molefe ke badiri ba babedi ba RCS ba ba neng ba etse tlhoko ka nako ya go kgaolwa ga lelente gore botlhe ba ipelela diseneke.
Maloko a badiri kwa pulosemmusong go tswa ka fa molemeng ke Lassie Williams, Lerato Modise, Thea Appel, Rika van Rooien, Greg Roberts, Cindy Vivier, Martin Oosthuizen, Erin Greeff, Lucas Williams, Tshiamo Cala, Lombard Bezuidenhout, Melita Mosholil mme, ka fa morago ga gagwe ke, Isaac Mcina.
<
>