ka tsela e kgatlhang

Pontsho ya In Perpetuum e ne e akaretsa ditlhogo le ditshwantsho tse di thadilweng go tswa mo tirong ya ga Beth Diane Armstrong ya letsopa ya dingwaga di le robedi tse di fetileng.

 

Seno ke se YBB e neng ya se dira ka Beke ya Letsholotemoso la Bong go simolola ka di 2 go fitlha ka di 8 Phatwe. Tiragalo e e tsereng beke yotlhe eno e ne e na le dikokoano tsa go tlhabana botlhale tse di farologaneng, diseminara, go buisa, dipontsho le konsarata ya mmino

 

Ditiragalo tseno di ne di tsepile mogopolo mo go lemotsheng batho ka dikgang tse di amanang le bong mo tirong, mo setšhabeng le mo baaging. Boikaelelo jwa letsholo leno e ne e le jo bo lebantshitsweng badiri le baithuti, mme le ne le akaretsa maloko a setšhaba.

 

Ajenda ya teng e ne e na le ditlhogo tse di botlhokwa jaaka go amogelesega le mathata a a amanang le LGBTIQ+, mmogo le mathata a mangwe a bong, segolobogolo a a amang basadi.

 

Letsholo leno le ne le welana le Kgwedi ya Basadi, mme eno ya nna tšhono e e molemo ya gore dikhamphase tse tharo tsa YBB di tshepe mogopolo mo basading.

 

Letsholotemoso la ka kelotlhoko le naya botlhe kitso

 

“"Re ne re batla go lemotsha batho ka dikgolagano magareng ga bong le go ikitse, fa gare ga go ikitse le pharologano,  le fa gare ga pharologano le botlhokwa jwa go amogela batho ba dipharologano tsotlhe," go bolela jalo Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta.

 

"Dipharologano le go akaretsa  dipharologano ke ponelopele ya konokono ya YBB le go ngaparela tshiamiso mo loagong," o bolela jalo. "Bong bo ka felela ka go se amogelwe ke ba bangwe kgotsa go kgaphelwa kwa thoko. Dikai tsa ditlamorago tsa go se amogelwe ke ba bangwe di akaretsa go sotlwa ga basadi, go tshwenngwa ga bone mo tirong le go gatelelwa ke banna, gareng ga tse dingwe. Ke gone ka moo go leng botlhokwa go tswa letsholotemoso."

 

Mop Robert a re gape go botlhokwa gore yunibesiti – jaaka setheo se se sa tswang go rulaganngwa boša – e itirele mokgwa wa go amogela botlhe le go dira gore ba ikutlwe ba ratwa.

 

Beke ya Letsholotemoso ka Bong e akaretsa magoro a YBB, Ofisi ya Botshelo ya Baithuti, Go Maketa le go Tsoma Badiri le Tlhaeletsano ka tsa Kgwebo.

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka Beke ya Letsholotemoso ka Bong le ditiragalo tse di kgatlhang tse e neng e le karolo ya tsone, tobetsa  fano.

Go bua boammaaruri fela: go ka direga gore letsholotemoso e nne le le lapisang. Le batla o tsenyeletsa diatshe le mmino mo go lone.

PHETLHOLELA KWA TLASE

BOELA MORAGO