DIPHAROLOGANO

A RE YE KOO, JA LEOTO...KGOTSA A MABEDI

Fa e le gore o mongwe wa bagolo a le mongwe mo go ba le bane mo lefatsheng lotlhe yo o sa  tsheleng botshelo jo bo tlhagafetseng, kgonego ya gago ya go swa e oketsegile ka 20% go ya go 30% fa e bapisiwa le ya batho ba ba tlhagafetseng ka thata.

 

Go ya ka tsebe ya webo ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Pholo (World Health Organisation), go sa tlhagafale ka tsela e e lekaneng mo mmeleng ke sengwe sa dilo tse di kwa pele se se bakang loso mo lefatsheng lotlhe. Gape ke sengwe sa konokono se se bakang bolwetse jo bo sa tshelanweng jo bo jaaka bolwetse jwa pelo, kankere le bolwetse jwa sukiri.

 

Go bonala e kete madi le lefelo le motho a nnang kwa go lone di nna le seabe se se rileng  malebana le gore motho o tlhagafetse go le go kana kang. Patlisiso nngwe e bontsha gore 26% ya banna le 35% ya basadi mo dinageng tsa lotseno lwa madi lo lo kwa godimo ba ne ba tlhagafetse ka mo go lekaneng, fa ba bapisiwa le 12% ya banna le 24% ya basadi mo dinageng tsa lotseno lwa madi lo lo kwa tlase.

 

Mo ditoropong, dilo tse di jaaka bokebekwa mo mafelong a a kwantle, go kitlana thata ga pharakano, kgotlelo le go tlhokega ga diphaka le gone go ka nyemisa batho mooko gore ba se ka ba tshela botshelo jo bo tlhagafetseng.

 

Tokololo eno ya Eish! e bua ka batho ba le mmalwa ba e leng batlhomasekao ba ba siameng mo go ba ba sa tsheleng botshelo jo bo tlhagafetseng gotlhelele mo gare ga rona. Fanie Roos le Mop  Melvin Mbao ke batshameki ba ba tlhagafetseng ba kolofo, mme Ngaka Pieter van den Berg o katisa ditlhopha tse di farologaneng tsa sevens tsa rakabii.

 

Gape re na le motabogi wa mmarathone e leng Elroy Gelant le moatlelete yo mmotlana yo o gaisang botlhe wa heptathlon, e leng Joné Kruger. Ke solofela gore ba ikgapetse dipara di le dintsintsi tsa ditlhako tsa go taboga mo nakong ya botshelo jwa bone.

 

Nna le wena re ka kgona gore le rona re fetole botshelo jwa rona (segolobogolo ka go itshidila mmele kwa ntle). Ka sekai, rona rotlhe ba re nnang mo Potchefstroom re ka tsenela Thuto ya Tsamaiso ya Dikarolo tsa Mmele ya Setheo sa YBB.

 

E bulegetse badiri le baithuti botlhe ba YBB mme  ba ka duela R200 ka kgwedi go tsenela ditsela tsa saense tsa go itshidila mmele, mananeo a go itshidila mme ba beilwe leitlho le go dirisa mafelo a go itshidila mmele.  (O ka bona tshedimosetso go ya pele le dintlha tsa motho yo go ka ikgolaganngwang le ene fano.)

 

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Pholo (World Health Organisation) o rotloetsa gore bagolo ba dingwaga di le 18 go fitlha ka 64 ba tshwanetse go dirisa metsotso e le 150 ba itshidila mmele ka tsela e e tseneletseng ka tekano beke yotlhe.

 

Ka jalo, lona bagodi-ka-nna ba ba botswa, a re simololeng go itshikinya mmele. Gakologelwa: o ka fokotsa 20% go fitlha go 30% ya kgonego ya go swa...

BUISA GO FETA