>

>

Molaetsa o o tswang go

MOTLATSA-MOKANSELIRI

BADIRI BA BA RATEGANG,

Etla re fa o buisa setlhogo seno, Paseka e tla bo e fetile e bile dipaka di tla bo di setse di fetogile. Jaanong ke nako ya ditekolo gape, tse morago ga tsone go tla latelang semesetara sa ntlha sa ditlhatlhobo morago ga dibeke di le tharo. Bamaketi ba rona ba tshwaragane le go etela dikolo ka nako e le nngwe fela le go rulaganya malatsi a go lalediwa ga botlhe a ka one re tla bong re batlana le baithuti ba ka moso ba re tlileng go ba amogela ka 2019.

 

Seno se bontsha boikemisetso jo YBB e nang le jone: go se lebe kwa morago le ka motlha, go rulaganya le go bonela pele katlego ya mo isagweng. Mo tokololong eno ya Eish! o tla buisa ka tsholofelo e re nang le yone  ya go tshegediwa ke puso fa re tlhoma sekolo se se ntšha sa tsa kalafi. Gape o tla kgona go buisa ka tiro yotlhe ya tlhabololo le diporojeke tsa dikago mo dikhamphaseng tsa rona.

 

Le fa go ntse jalo, mo YBB, re tlhomile mogopolo mo badiring ka rona le keletso ya rona ya go rotloetsa go tlhokomelana mo yunibesiting. Badiri ba rona le baithuti ba emela letshwao la botlhokwa le re tlhaolwang ka lone mme re batla gore botlhe ba ikutlwe ba amogelesegile, ba tseye karolo le go ikutlwa ba le maloko a dikhamphase tsotlhe tsa rona. Ka jalo, fela jaaka ka dinako tsotlhe, o tla buisa ka baithuti le badiri ba ba tlhomologileng.

 

Mo dikgweding tse di fetileng re nnile le bothata fa baithuti ba ngwaga wa ntlha ba ne ba goroga ka bontsi, ba ba neng ba sa tlhomamisege gore dithulaganyo tse di ntšha tsa go tshegediwa ka madi di dira jang, tse go neng ga dirwa kitsiso ka tsone go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga. Ka ntlha ya moo, NSFAS le yone e nnile le mathata a a neng a ama YBB. Re ne ra tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsa ka bonako ka go ikwadisa ga baithuti. Ke rolela badiri ba dikhamphase tsa rona hutshe ka ntlha ya go mekamekana ga bone le bothata jono ka tsela e e bontshang kamego le boikarabelo.

 

Setlhopha sa rona sa pholisi ya dipuo le sa tiro se tswelela pele go amogela ditshwaelo ka tlhabololo e ntšha ya Dipuo le Thulaganyo. Re lebogela ditshwaelo tsa lona go tla go fitlha fano.

 

Gantsi ke bodiwa gore maikutlo a me ke eng ka ga seno. Pholisi ya rona le thulaganyo di tshwanetse go tsamaisana le dipatlafalo tsa Pholisi ya Dipuo ya Thutogodimo e e rotloetsang tiriso ya dipuo tse di farologaneng, le go tsamaisana le Molao wa rona wa Lekgotla wa 2017, o o tlhalosang gore pholisi ya dipuo ya yunibesiti "e nne e e fetofetogang le e e dirang sentle, le gore e rarabolole bothata jwa nako e e fetileng jwa go sa dirisiweng ga dipuo ka tekatekano mme e rotloetse bopuontsi, tiriso ya tsone, go kopanngwa ga tsone le go dira gore baithuti ba ikutlwe ba le seoposengwe."

 

Fa re kaelwa ke ditaelo tseno, ga go kitla go nna le dikgaogano mo gare ga rona, mekgwa e e re kgaoganyang e e dirang gore re se ka ra nna le phitlhelelo ya go fetolwa ga puo le go kopanya ditlhopha ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng.