Dikakgelo tsa
morulaganyi
Tobetsa go buisa go feta
Duelela kitso le thuto ya mo isagweng
Benjamin Franklin o kile a re go duelela kitso go busetsa morokotso o mogolo mme monna yo mongwe, yo o botlhale go gaisa ba bangwe, Nelson Mandela, o ne a re thuto ke sebetsa se se maatla go di gaisa tsotlhe se o ka se dirisang go fetola lefatshe.
Mo ntlheng eno, banna bano ka bobedi ba ka bo ba ile ba ikutlwa ba phuthologile kwa YBB koo kitso le thuto di bonwang gone jaaka dilo tse di botlhokwa thata tsa go aga isagwe e e botoka.
Mo tokololong eno ya Eish! o tla fitlhela go na le diathikele tse dintsi ka kitso le thuto. Mo athikeleng nngwe, Mop Alfred Enrico, mofenyi wa Awate e e Tlhomologileng ya Go Ruta ga Maemo a a kwa Godimo ya YBB, o go naya maele a a mosola ka go ruta. Mo diathikeleng tse dingwe o ka buisa ka kgang ya gore YBB ke nngwe ya diyunibesiti tse tlhano tse di kwa godimo tsa tlhamosešwa mo Aforikaborwa, ka go aloga ga baithuti ba kitso ya setso, le ka fa dingwaga tsa bogodi e seng matsapa ka gone fa motho a nyoretswe kitso e bile a na le keletso e e nonofileng thata ya go ithuta.
Fa re leba diathikele tseno, go bonala go na le kitso e ntsi ya botlhokwa e re e "ruileng boswa" e re santseng re ka e dirisa gompieno – ka sekai, kitso ya setso e ka tokafatsa tsela e re tlhaloganyang ka yone temothuo, pholo, diatshe le setso le saense le thekenoloji, mme gape re ntse re tlhagisa kitso e "ntšha".
Kitso eno ga e botlhokwa fela ka ntlha ya se re ka se dirang ka yone gompieno. Yone ke motheo wa dikokomana tse di tla tlang morago ga rona. Fela jaaka re ruile botlhale go tswa go dikokomana tse di fetileng, re tshwanetse go batla go tlogelela isagwe botlhale jo e leng boswa.
A re nneng botlhale thata go ka dirisa dilo tse dikgolo tsa mo nakong e e fetileng go humisa kitso ya rona, re nne botlhale thata gore re se ka ra boeletsa diphoso tsa nako e e fetileng. A re tseyeng tsia kgakololo ya ga Benjamin Franklin mme re tsweleleng go duelela kitso. A re ithuteng go tswa mo go Nelson Mandela mme re ruteng kokomana ya ga jaanong jaana gore ba fetole lefatshe go nna sengwe se se botoka le se se botlhale
Buisang ka boitumelo,