Molaetsa go tswa go 
Motlatsa-mokanseliri

BADIRI KA NNA BA BA RATEGANG,

PHETLOLELA KWA TLASE

>

>

Bošeng jaana ke nnile le tšhono ya go fetsa diura di le mmalwa ke na le baemedi ba le 20 ba ba tswang kwa intasetering. Gape go ne go na le badini ba le bararo, bakaedi ba dikolo le badiri-ka-rona go tswa kwa Senthareng ya Mekgele ya Tiro. Boikaelelo e ne e le go utlwa go tswa go intaseteri gore tiro ya rona jaaka yunibesiti e tsamaya jang.

 

A baalogi ba rona ba fitlhelela maduo a a tlhokegang? Keng se re tshwanetseng go se dira jaaka yunibesiti go baakanyetsa baithuti ba rona tiro botoka?

 

Dipotso tseno di botlhokwa, ka gonne bokgakala jo re atlegang ka jone bo botlhokwa thata gore yunibesiti le yone e atlege.

 

Ba ba neng ba le teng mo ditherisanong tseno e ne e le baemedi ba intaseteri go tswa kwa mafapheng a tsa badiri le a boithuta mekgwa ya badiri mo tirong. Mo isagweng, ke tla bo ke le teng gape fa re tlotla le diintaseteri tse dingwe tse di farologaneng le ditlamo tsa seporofešenale.

 

Re tshwanetse go tshwara ditherisano ka metlha le ditheo tse di leng "kwa ntle" gore re nne re golagane le tsone. Ke solofela gore bontsi jwa baakatemi ba rona ba dira fela jalo mme e bile ke rotloetsa ba bangwe gore le bone ba dire jalo.

 

Mokgwa ono wa go tshwara ditherisano o golagana le boikemisetso jwa rona jwa go dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo ya go ruta le go ithuta. Leano la rona le tlhalosa ka phepafalo gore re batla "go di goga kwa pele mo go tsa tlhamosešwa ya go ithuta le go ruta le mo patlisisong ya maemo a a kwa godimo, gore re solegele setšhaba molemo ka go se naya kitso".

 

Moono wa rona wa mo teng ga setheo o o tla tlisang katlego o naya tiro ya go ruta le go ithuta ya boleng jo bo kwa godimo boemo jo bo botlhokwa thata.

 

Ka jalo re tsaya tsia ka masisi kgang ya

    • go sekasekwa ke dithaka tse di kwa ntle ga setheo,

    • selekanyo sa go kgotsofala ga baithuti,

    • ditshwaelo tsa batho le

    • kgonego ya go thapa baalogi ba ba batlang tiro.

 

Boikaelelo jwa rona ke gore baalogi ba thapiwe kgotsa ba ipereke mo dikgweding di le thataro tsa go tlogela ga bone YBB. Gore re fitlhelele seno, leano la rona le leša la go ruta le go ithuta le a tlhalosa, gareng ga tse dingwe gore:

 

"Kgwetlho e batlhatlheledi ba lebaneng le yone ke go tlotla le baithuti ka puo le ka maemo a ba a tlhaloganyang.

 

"Boikaelelo jwa rona ke go tlhama maitemogelo a go ithuta a go dirisa sentle ditšhono tsa thuto tse re di newang ke dithekenoloji le ke didirisiwa tsa dijithale.

 

"YBB e tla naya baithuti ditšhono tsa go bona dikgono tse di botlhokwa tsa go dira patlisiso, go tlhatlhoba boleng go bopa tsela e e lomaganang sentle ya go tlhaloganya dintlha tse di farologaneng,

 

"Re batla gore e nne baithuti ba botshelo jotlhe bao dilo di tla ba tsamaelang sentle mo lefatsheng le le sa tlhomamisegeng."

 

Kgwetlho ya rona e a bonala gore ke efe. A re mekamekaneng ka yone ka tlhagafalo.