PHETLOLELA KWA TLASE

>

>

"Kago e ntšha ke lefelo la konokono la go katisa bakhemisi mo Aforikaborwa mme, e re ka re na le bangwe ba batlhatlheledi ba maemo a a kwa godimo ba khemisi mo Aforikaborwa, leno ke lefelo le baithuti ba khemisi ba ka fitlhelelang mekgele ya bone mo go lone le go diragadiwa ga ditoro tsa bone ka thuto ya boleng jo bo kwa godimo."

 

Go ne ga bolela jalo modini wa Legoro la Disaense tsa Pholo, Mop Awie Kotzé, ka nako ya go bulwa ga Khemisi e ntšha le kago (G23) ya Disaense tsa Thutatshelo mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

 

Letlhakore le lengwe la kago ga jaanong jaana le na le Sekolo sa Dikhemisi, se se tsayang matlhatlaganyane a le mane. Ofisi ya mokaedi, e leng Mop Sandra van Dyk, mmogo le ofisi ya mmenejara wa lenaneothuto la pele ga kalogo, Ofisi ya Morago ga Kalogo (MUSA), le phaposi ya khonferense di mo boalong jo bo fa fatshe.

 

Mo boalong jwa ntlha go na le setlhopha sa Khemisi sa Tliliniki le mmotlolo wa laboratori. Boalo jwa bobedi bo na le Lefelo la Khemisi, le diphaposi tsa botlhatlheledi tse dinnye di le nne, mme boalo jwa boraro jone bo na le lefelo la Boithutadiokobatsi le laboratori e nngwe gape.

 

Letlhakore le lengwe le le tlileng go tsenya Disaense tsa Thutatshelo (Legoro la Disaense tsa Tlhago) ga le ise le wediwe. Dithendara tsa go tsenya diofisi le dilaboratori di sa tswa go kopiwa bošeng jaana. Ditshenyegelo tsa go tlhomiwa ga tsone di tla fitlha go mo e ka nnang R50 milione.

 

Motlatsa-mokanseliri, Mop Dan Kgwadi, o kgaola ribone ya moletlo wa go bulwa ga Kago e ntšha ya G23 mo Khamphaseng ya Potchefstroom, fa mokaedimogolo wa tlhabololo ya dikago le go dira dipolane, Rre Joep Joubert (molema), le modini wa Legoro la Disaense tsa Pholo, Mop Awie Kotzé, ba lebile.

PHETLOLELA KWA TLASE

Kago e ntšha e tlamela ka dikago tse di ntšha  le tikologo e e tokafaditsweng e e siametseng gore go ka ithutwa mo go yone e baithuti ba ka ithutelang tiro ya bokhemisi mo go yone.

Tobetsa go buisa go feta

BOELA MORAGO

BUISA GO FETA