PHETLOLELA KWA TLASE

>

>

Sekolo sa Kgwebo le Taolo sa Bokone-Bophirima (North-West University School of Business and Governance [NWU-SBG]) se ne sa bula dikago tsa sone tse di ntšha tsa maemo a a kwa godimo ka di 18 Phatwe kwa Potchefstroom.

 

Kago e ntšha eno, e e nang le diphaposi tsa botlhatlheledi tse pedi, phaposi ya khonferense, holo ya boamogelo, boapeelo jwa segompieno le diofisi tse di farologaneng tsa tsamaiso, e na le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang gore e kgone go dira gore NWU-SBG e e sa tswang go tlhomiwa e nne lefelo la go ithuta kgakala le setheo sa thuto le gape e tla nnang la go ithutela mo setheong sa thuto ka ditekanyetso tsa boditšhabatšhaba.

 

Nngwe le nngwe ya diholo tse pedi tsa botlhatlheledi e kgona go tshola baithuti ba le 60 ka nako mme gape di ka kopanngwa gore di tshole baithuti kgotsa batlakopanong ba le 120. Diholo tseno di na le dikhemera di le thataro tse di tla rekotang ditlhatlhelelo le go di tsenya mo inthaneteng ya YBB ya go ithuta le ya tirisanommogo, eFundi.

 

Gape kago eno e dira jaaka boremelelo jwa tsamaiso ya NWU-SBG mme gape e na le ofisi ya mokaedi le diofisi tsa go maketa, tsa dikamano le badiri le tsa ditlhaeletsano.

 

NWU-SBG e na le mafelo a le mararo a borutelo – Khamphase ya Mafikeng, Khamphase ya Potchefstroom le Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa. “Mafelo ano a ipharologanya ka tsela ya one ya go maketa le ka go ruta dikgono tse di kgethegileng tsa go maketa.

 

Mop Tommy du Plessis, mokaedi wa NWU-SBG, a re ba setse ba rutile dikhoso tse pedi mo diholong tse dintšha tsa botlhatlheledi beke pele di bulwa semmuso. Gape e tla dirisiwa ka nako ya Moletlo wa Diatshe o o tlang wa ngwaga ono wa Aardklop.

Mop Fika Janse van Rensburg, moreketoro wa nakwana wa Khamphase ya Potchefstroom, le Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri, ba ne ba bula polaka ya dikago tse dintšha tsa Sekolo sa YBB sa Kgwebo le Taolo.

"Ke se re se tlhokang gore sekolo se kgone go dira ka bojotlhe le go tsenya lotseno lwa madi a mantsi a a tlhokegang thata mo yunibesiting."

- Mop Tommy du Plessis, mokaedi wa  NWU-SBG

PHETLOLELA KWA TLASE

Dikago tse dintšha tsa botlhatlheledi le tsone di fitlhelela dipatlafalo tsa tetlelelo-semmuso ya Mokgatlho wa di MBA. Seno se raya "tebego" ya mafelo ano, mmogo le didirisiwa tsa kgatelopele ya thekenoloji tse di jaaka Wi-Fi le go tshwara khonferense ka bidio

Setsha se na le hisitori e e seng kana ka sepe

 

Dikago tse dintšha tsa NWU-SBG di mo teng ga kago e e neng e le ya Standard Bank kwa Potchefstroom fa thoko ga Mmusiamo wa President Pretorius.

 

Baagi ba ntlha mo setsheng seno e ne e le balemirui ba Batswana mo dingwageng tsa bo 1500 bao moragonyana ba neng ba ntshiwa moo ke Kgosi Shaka Zulu ka 1825. Moragonyana ditsha tseo e ne ya nna polasi ya Rietfontein pele e kopanngwa le toropo ya Potchefstroom ka ditlhabololo tsa yone tsa ka 1838.

 

E ne e le karolo ya thuso ya madi a bokana ka 300 morgen a a neng a newa poresidente wa ntlha wa Repaboliki ya Aforikaborwa, Marthinus Wessel Pretorius, kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1800. Se ne sa dirisiwa jaaka karolo ya ntlha ya lesaka la gagwe la dikgomo le hoko ya dikoko. Moragonyana se ne sa dirwa lefelo la go kampa ka nako ya Ntwa ya Maburu.

 

Go ne ga agiwa phaposi ya botlhatlheledi go ela kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1980 mo go sone setsha seno ke Kholetšhe ya go Ruta ya Potchefstroom mme e ne ya duelelwa ke Standard Bank.

 

"Eno ke kago e ntle tota mme yunibesiti yotlhe e ka ipela ka yone. Ke sekai se se siameng sa boleng jo re bo gagamalelang mo YBB."

- Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri

BOELA MORAGO

BUISA GO FETA