Mo kgatisong e e fetileng ya Eish! re go boditse gore o ne o ka tlhopha go nna le bokgoni bofe jo bo sa tlwaelegang.

 

 

 

 

MAELE A A GAISANG OTLHE:

Kgaisano ya Eish!

TSWEETSWEE ARABA POTSO YA RONA YA PATLISISO FA TLASE MME O LETELE EISH! E E LATELANG. GO BONA DIPHOLO.

A o feditse halofo ya ura o batlana le dinotlolo tsa koloi mo mosong ono, o bo o di fitlhela mo foritšhing mo wena ( ee, wena!) o di beileng gone? Mme fa o le mo tseleng o ya tirong, a o ne wa goeletsa mosadimogolo yo o neng a kgweetsa koloi (e e bonya thata) fa pele ga gago?

 

Fa go ntse jalo, Ramaele yo o Gaisang Botlhe mo tokololong eno, e leng Bonita Maboeta, mmenejara wa Wellness kwa YBB, o na le maele a a botlhokwa a a ka go thusang. Ka jalo goga mowa go sekae, tobetsa aekhone e e fa tlase mme o buise kgakololo ya gagwe ka dilo tse di go bakelang seterese jaaka go sa itse kwa dinotlolo di leng gone le go tsamaya ka bonya ga pharakano.

 

 

 

 

 

Re itsise gore a maele ano a go thusitse. Mme fa e le gore le wena o na le leele le le lengwe kgotsa a mabedi a a gaisang a mangwe otlhe, a romele kwa atereseng ya  nelia.engelbrecht@nwu.ac.za, (Fa o batla, o ka nna wa re bolelela gore o dirisitse leng leele leo le o le rometseng le gore o ne o le dirisetsa lebaka lefe.)

P:  O ipoloka jang o thuthafetse bosigo?

>

>

Dipholo ke tse

Bokgoni jwa :
go bala megopolo

ya ba bangwe :          34 %
go sa bonale :             28 %

go fofa:                        38 %