Dikhamphase tsa YBB tsa Potchefstroom le Khutlotharo ya Lekwa di amogetse ketelo e e kgethegileng ya baemedi ba le 18 go tswa kwa Hanseo University of Seosan kwa Korea Borwa.
Ketelo eno ke tsweletsopele ya memorantamo wa tumalano (memorandum of understanding [MoU]) o o neng wa saeniwa fa gare ga YBB le Hanseo ka 2007. MoU e ne e akaretsa go ananya baakatemi, baithuti, tirisanommogo mo diporojekeng tse di dirwang mo baaging le go tshwarwa ga diseminara tsa boeteledipele.
Go Thusa
Karolo e nngwe e e botlhokwa ya MOU e ne e le go tlhomiwa ga Setlhopha sa Baithaopi ba ba Tswang kwa Dinageng tse di Farologaneng se se ithaopelang go dira diporojeke mo baaging kwa Mahikeng le mo mafelong a a gaufi yone.
"Le fa kwa tshimologong MOU e ne e tlhomile mogopolo mo Khamphaseng ya Mafikeng fela le go gatelela tlhabololo mo go tsa temothuo malebana le tshireletsego ya dijo, gape e tla akaretsa le dikhamphase tse dingwe tsa YBB le diporojeke," go bolela jalo Theo Bekker. Theo ke mokaedi wa diporojeke tsa ditogamaano mo ofising ya motlatsa-mokanseliri gape ke mookamedi wa diporojeke tsa YBB/Korea Borwa.
Seno se ne sa dirwa morago ga tshwetso e e neng ya dirwa ka 2015 ya ga Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri, go lolamisa diporojeke gore di akaretse dikhamphase tsotlhe tse tharo. Baemedi ba ba neng ba eteletswe pele ke Mop Yun Tae Seoup ba ne ba etela diporojeke tse di fetang 18 tse di dirwang mo baaging kwa lefelong la Potchefstroom le la Khutlotharo ya Lekwa. E ne e le diporojeke tse di akaretsang tsa Mosaic, Senthara ya go Tlhokomela Bana Motshegare ya Bafenyi New Life, Sekolo sa Poraemari sa Dan Tloome, le lefapha la diphof diporojeke tsa ditshwantsho tse di tsentsweng botshelo le tsa kgwebo.
Diporojeke tse dintsi tse di atlegileng tsa letsholo la YBB tse di dirwang mo baaging di ne tsa kgatlha baemedi bano, segolobogolo diporojeke tsa Tirelosetšhaba ya Baithuti ya RAG (Student Rag Community Service [tse di bidiwang SJGD]) mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Diporojeke tseno di laolwa le go okamelwa ke baithuti fela.
Go tsaya kgato e le nngwe ka nako
Ratoropo wa Mmasepala wa Tlokwe, Mokhanselara Kgotso Khumalo, le ene o ne a etela diporojeke mme a tshitshinya gore re sekaseke kgonego ya go fetola dingwe tsa tsone go nna ditlamo tsa kgwebo," go bolela jalo Theo.
YBB le Hanseo University di dirile tshwetso ya gore diporojeke tse di dirwang mo Baaging tsa Baithaopi ba ba Tswang kwa Dinageng di Sele di tla tlhomiwa mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo. Gape go tla gatelelwa gore go dirwe tiro ya diphotefolio tsa baithuti mo baaging.
Go tlhoma mabenkele
"Gape re sekaseka go bona gore ke dikgwebo dife tsa kwa Korea Borwa tse di ka tlhomiwang mo Aforikaborwa. Di akaretsa dipeeletsomadi le ditšhono tsa go katisiwa, dikgwebo tse di amanang le diphofo, dithaele tse di dirilweng ka letsopa le le omeleditsweng le dikgwebo tse di rekisang nama kwa Mahikeng, Potchefstroom le kwa Vanderbijlpark," Theo o bolela jalo.
Go Thusa
Go tsaya kgato e le nngwe ka nako
Go tlhoma mabenkele
Ketelo e e kgethegileng go tswa kwa Botlhaba
SUPA DITLHOGO GO BUISA
Baemedi ba baithuti ba ba tswang kwa Korea Borwa, ba ba patilweng ke baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom, ba ne ba etela Sekolo sa Poraemari sa Dan Tloome kwa Ikageng.
Baemedi ba kwa Korea Borwa ba ne ba eteletswe pele ke Mop Yun Tae Seoup (ka fa molemeng). Fano o na le Bekker, mokaedi wa diporojeke tsa ditogamaano mo ofising ya motlatsa-mokanseliri, Mop AHN Dong Muan le Mop Kwon OH Hyung.
Baemedi ba baithuti ba ba tswang kwa Korea Borwa, ba ba patilweng ke baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom, ba ne ba etela Sekolo sa Poraemari sa Dan Tloome kwa Ikageng.
Baemedi ba baithuti ba ba tswang kwa Korea Borwa, ba ba patilweng ke baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom, ba ne ba etela Sekolo sa Poraemari sa Dan Tloome kwa Ikageng.
Baemedi ba baithuti ba ba tswang kwa Korea Borwa, ba ba patilweng ke baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom, ba ne ba etela Sekolo sa Poraemari sa Dan Tloome kwa Ikageng.
<
>