MAELE A A GAISANG OTLHE:

Kgaisano e ntšha ya Eish!

A ka simolola ka a a buang ka tsela ya go dirisa setlhako sa bogologolo go fitlha ka a go simolola go dumisa motšhini o o segang bojang go fitlha ka go dirisa ditlhako tse pedi tsa bogologolo go fitlha ka go tima motšhini o o boletsweng o o segang bojang.

 

Ditlhako tsa bogologolo? Tota? Nnyaa tlheng bagaetsho.

 

A re tlogeleng go tshameka: maele a lona e tshwanetse go nna a a dirang sentle e bile e le a o a lekileng (ka katlego). Fa a sa lekelediwa pele, a ka bakela babadi ba Eish! tshenyo e e sa kgoneng go baakanngwa ya mmele kgotsa ya maikutlo.  setlhopha sa botseleganyi se tlile go lekeletsa maele a gago gongwe le go dira bidio e khutshwane ya a a gaisang a mangwe otlhe.

 

O ka ikgapela madi a makana kang? Re maswabi. Ka ntlha ya letsholo la naga yotlhe la #FeesMustFall, sekgwama sa rona sa go kokoanya madi se kgaritlhegile, ka jalo ga go kitla go fenngwa madi ape. MME: se re ka go nayang sone ke botumo – fa leele la gago le gaisa a mangwe otlhe, o tla nna Ramaele wa Kgwedi.

 

Ka jalo, fa o na le leele le le ka fenyang, le romele kwa go nelia.engelbrecht@nwu.ac.za , mmogo le tlhaloso ya gore ke leng le gore ke eng o ne wa dirisa leele leo le o le tsentseng. Mme tsweetswee, o se ka wa dirisa mafoko a a jaaka “ditlhako tsa bogologolo” le “motšhini wa go sega bojang” mo polelong e le nngwe...

 

TSWEETSWEE ARABA POTSO YA RONA YA PATLISISO E E FA TLASE MME O LETELE EISH! E E LATELANG GO BONA DIPHOLO

P:  O rata go opela leng kgotsa kae?

>

>

Mo kgatisong e e fetileng ya Eish! Re boditse gore Lefelo le o le ratang go a gaisa otlhe la malatsi a boikhutso ke lefe?

Dipholo ke tseno:

Naga ya Dikgwa   17%

Kwa Lewatleng   76%

Mo gae  7%