
Tshedimosetso ya Baithuti ba ka Moso
Fa e le gore ga o ise o dire tshwetso ka ga se o batlang go se ithuta fa o sena go fetsa sekolo. Tsebe eno e tla go thusa go sekaseka botshelo jwa mo yunibesiting le go ipelela monate wa go nna moithuti wa yunibesiti kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.
Tsebe eno e tla naya baithuti ba ka moso le batsadi ba bone tshedimosetso yotlhe e e tlhokegang e e amanang le dithuto tsa thešiari, e leng: go tlhopha dirutwa, dibasari le dikadimomadi, metshameko le ditiro tsa setso mmogo le dikago tsa bonno le marobalo. Ka nako ya tiragalo eno, baemedi ba magoro a mabedi, e leng Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso le Legoro la Dithuto ka Mekgwa ya Batho, ba tla bo ba le teng go bolelela baithuti ka dipharologano fa gare ga dimmojulo tse di farologaneng, dirutwa le mekgwa ya go di tlhopha. Mafapha a a farologaneng a kemonokeng a a jaaka Laeborari, Lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano, Metshameko, IT, Kemonokeng ya Akatemi le Kago ya Bonno le Ditirelo Tsa kapeo ya Dijo le one a tla nna le seabe mo tiragalong eno.
| Follow @VaalNWU |
|
|
|


