
Tree: Socio-economic impact of Tourism
TSHEDIMOSETSO YA LEMORAGO LE HISETORI
E re ka Setheo sa Bojanala le Dithuto ka Tsa Boiketlo se diretse ditlamo tsa poraefete le badirelwa-ditirelo ba puso diporojeke tsa patlisiso tse di fetang 300 mo dingwageng di le 27 tse di fetileng, leina le se itiretseng lone la go dira patlisiso ke le le sa gaisiweng ke lepe mo Aforika Borwa. Lenaneo la Setheo la patlisiso ka tsa bojanala e ne ya nna lone la ntlha go newa tetlelelo-semmuso ya go nna la Mokgatlho wa Bosetšhaba wa maemo a a kwa godimo wa Patlisiso mo Aforika Bowa e bile e sa ntse e le lone fela lenaneo la bojanala la NRF le le tshegediwang ka madi. Ka 2008, Setheo se ne sa ipaakanyetsa go tsena mo kgatong e e latelang ya tlhabololo ka go fitlhelela boemo jo se tshwanelwang ke jone sentle mo YBB jwa mokgwa o moša wa botsamaisi jwa patlisiso. Ka bonako fela morago ga kitsiso Yunibesiti e ne ya simolola mokgwa o moša wa botsamaisi jwa patlisiso, Setheo se ne sa dira kopo ya go itsiwe jaaka setlamo sa patlisiso. Kopo ya sone e ne ya atlega mme, ka Phukwi 2008, Setheo se ne sa amogela thuso ya madi a go tlhoma lefelo la patlisiso, Ditlamorago tsa Bojanala mo Loagong le mo Ikonoming (Socio-Economic impact of Tourism [SEIT]). Tlhabololo eno e butse dikgoro tsa gore go nne le tirisano-mmogo fa gare ga babatlisisi mo tirong eno, mmogo le go oketsa dipholo tsa patlisiso mo nageng le kwa dinageng di sele.


