
TREES: Tourism Research in Economic Environs and Society
Dibuka-thuto
|
|
|
|
|
|
|
|
1. HOSPITALITY, LEISURE AND TOUISM MANAGEMENT
M SAAYMAN (2nd ed)
Ngwaga: 2009
ISBN: 1-86822-396-5
Dinomore tsa ditsebe: 533
Intaseteri ya bojanala e lejwa e le intaseteri e kgolo go di gaisa mo lefatsheng mme e bile e gola ka lobelo mo Aforika Borwa. Patlisiso e bontsha gore sengwe sa dilo tsa konokono se se kgoreletsang kgolo ke go tlhokega ga badiri ba ba nang le bokgoni, segolobogolo dimmenejara. Ka jalo boikaelelo jwa buka eno ke go rarabolola mathata a a amanang le tsa bojanala, go amogela baeng le bokgoni jwa botsamaisi jo bo amanang le tsa boiketlo go thusa go tlhagisa dimmenejara tse di nang le matswela mo tirong eno. Ga jaanong jaana ke kgatiso ya mo Aforika Borwa fela e e tlotlang ka tharabololo ya dikarolo tseno tse tharo. Buka eno e na le dikgaolo di le 15 tse di tlotlang ka dikarolo tsotlhe tsa bommenejara kgotsa ditiro tse mmenejara a tlhokang go di tlhaloganya le go kgona go di dira. E tlotla ditiro tse di jaaka go rulaganya, go etelelapele, go buisana le ba bangwe, go laola, go maketa, tlhomamiso ka tsa boleng, bolaodi jwa tsa ditšhelete, boleng jwa tirelo, go laola botsamaisi jwa lefapha la tsa badiri, bolaodi jwa dikago, thulaganyetso ya mananeo a boiketlo, botsamaisi jwa ditiragalo tota le ka fa thulaganyo ya kgwebo e tlhamiwang ka gone. Ka jalo ke buka-thuto e e tlotlang ka dilo di le dintsi tota e re nang le yone ga jaanong, e e kwadilweng ke barutegi mo tirong eno mo Aforika Borwa. Baithuti, barutegi le badira mo tirong eno ba tla fitlhela buka eno e le mosola e bile e le e e tlhabang botlhale.
2. ECOTOURISM : BACK TO BASICS
M SAAYMAN (2nd ed)
Ngwaga: 2009
ISBN: 789-1-86822-546-0
Dinomore tsa ditsebe: 383
Intaseteri ya bojanala ya Aforika Borwa e theilwe thata-thata mo ditsompelong le mo dikumong tsa yone tsa tlhago. Buka eno ya bobedi e tlotla ka diphologolo le dimela le ka ditsompelo tse dingwe tsa tlhago tse motho a ka di ipelelang kwa serapeng sepe fela sa diphologolo kgotsa sa bosetšhaba, sa porofense kgotsa sa selegae, go umaka di sekae fela. Bojanala mo dilong tsa tlhago e sa ntse e le bojanala jo bo botlhokwa thata mo Aforika Borwa. Se se gakgamatsang ke gore ga go a kwalwa sepe se se kalo ka bojanala jwa mofuta ono mo Aforika Borwa; mo bukeng eno e e nang le dikgaolo di le 14, go kwadilwe dilo di le dintsi ka jone. Di bua ka tlhatlhobisiso ya gore bojanala mo dilong tsa tlhago bo ka ga eng; go ka dirwang gore bo kgone go itsetsepela; kumo ya bojanala jwa tlhago e akaretsa eng; seabe sa bojanala jwa setso le bojanala jwa bogatlhamela-masisi jaaka bojanala jo bo dirwang mo dilong tsa tlhago; Bojanala jwa dithuto tsa ikonomi ka ga tikologo; tsela ya go tlhama ditsela tsa go tsamaya mo dithabeng; tsela ya go laola mafelo a a ditsobotla le diparaka le go kgona go dira gore dilo tseno di itsetsepele. Barutegi ba ba di gogang kwa pele mo Aforika Borwa ba kwadile dikgaolo tse di maleba ka dikgang tseno. Baithuti, barutegi le badira mo tirong eno ba tla fitlhela kgatiso eno e le mosola e bile e le e e tlhabang botlhale. Boikaelelo jwa kgatiso eno ke go tlhalosa bojanala mo dilong tsa tlhago ka tsela e e utlwalang sentle ka go dirisa dikai tse di mosola le dikaelo tse di tlhaloganyesegang.
3. AN INTRODUCTION TO CONFERENCE TOURISM
M SAAYMAN & E SLABBERT
Ngwaga: 2002
ISBN: 1-86822-377-9
Dinomore tsa ditsebe: 132
Dikhonferense di godile ka selekanyo se se iseng se ke se bonwe lefatshe ka bophara e bile Aforika Borwa e a tlhabologa go nna lefelo la dikhonferense tsa boditšhabatšhaba. Buka eno e sekaseka bojanala mo dikhonferenseng segolobogolo mo Aforika Borwa le go tlamela ka dikaelo tsa go rulaganyetsa khonferense ka katlego. Ke buka e e tshwanetseng go buisiwa ke batho ba ba kgatlhegelang bojanala mo dikhonferenseng le ba ba rulaganyang dikhonferense.
4. ENTREPRENEURSHIP: TOURISM STYLE
M SAAYMAN & A SNYMAN
Year: 2005
ISBN: 1-86822-450-3
Dinomore tsa ditsebe: 261
Aforika Borwa e nnile le palo ya selekanyo se se iseng se ke se bonwe ya go goroga ga bajanala le ya dikumo tsa bojanala le mo mafelong a a ngokang mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. Diporofense tsotlhe di le 9 di gaisana ka go jala dimela tsa tsone tsa bojanala le ka kgorogo ya bajanala mo go tsone. Le fa go ntse jalo seno se dirile gore go nne le ditlhaelo dingwe malebana le palo ya batho ba ba batlang go jela nala kwano le se ba ka tlamelwang ka sone, mme ditlhaelo tseno di bonala segolobogolo mo katisong le mo thutong. Puso le yone e gatelela gore tlhabololo ya di SMME e tshwanetse go nna yone ya ntlha-ntlha go dirwa, e leng se se dirileng gore go kwalwe buka eno. Le fa gone e se yone fela buka ya mofuta ono, mokgwa o e kwadilweng ka one ke wa go tlotla ka go tlhoma kgwebo ya tsa bojanala ka tsela e go iseng go ke go dirwe ka yone pele e bile e tlotla ka ditharabololo tsa mathata a re nang le one ga jaanong. Buka eno ga e feteletse dilo fa e tlotla ka kgopolo le go dira ka tlhamalalo mme boikaelelo jwa yone ke go tlhaola ditshono tsa bojanala le ka fa di ka solegelang bagwebi molemo ka gone. Buka eno e tlotla ka dikgang tse dintsi tse di farologaneng, ka sekai, bojanala jwa metseseteropo le jwa metseselegae, dikgang tse di amanang le bogole mmogo le ka fa o ka simololang kgwebo ya gago ka gone. Gape, buka eno e tlotla ka dikarolo tsa go laola kgonagalo ya ditatlhegelo tsa madi.
5. GUESTHOUSE MANAGEMENT IN SOUTH AFRICA
E SLABBERT & M SAAYMAN
Ngwaga: 2003
ISBN: 1-86822-390-6
Dinomore tsa ditsebe: 264
Bolaodi jwa matlo a baeng mo Aforika Borwa ke buka ya ntlha ya matlo a baeng mo Aforika Borwa e e tlotlang ka ga botsamaisi jwa ntlo ya baeng. Ka ntlha ya moo, buka eno e tlotla dintlha-kakaretso tsa intaseteri ya ntlo ya baeng le go e tlhoma. Buka eno e na le dikgaolo di le robongwe mme e tlotla ka dilo tse di jaaka bokgoni jwa botsamaisi jwa yone, botsamaisi ka ga maitemogelo a baeng ba nnileng le one, botsamaisi jwa go maketa, botsamaisi jwa tsa ditšhelete, tirelo ya dijo le go kgabisa ntlo ya baeng mo teng. Bomankge ba diintaseteri tse di farologaneng ba thusitse ka go kwalwa ga buka eno gore e nne buka e e mosola tota. Batho ba ba setseng ba na le kgwebo eno, ba ba batlang go nna le yone kgotsa ba ba kgatlhegelang go nna le yone ba tla solegelwa molemo ke go buisa buka eno.
6. INSIDE MPUMALANGA: A GUIDE FOR GUIDES
S FERRAR & T FERRAR
Ngwaga: 2004
ISBN: 1-866822-449-X
Dinomore tsa ditsebe: 100
Intaseteri ya bojanala e tlelwa ke kgolo ya selekanyo se se iseng se ke se bonwe mme bajanala bao palo ya bone e ntseng e oketsega ba jela Aforika Borwa le mafelo a a bapileng le yone nala. Buka eno e go tlhaba botlhale ka porofense ya Mpumalanga mme e tlhoma mogopolo mo dikgaolong di le supa tsa bojanala, mafelo a a ngokang baeng, ditiro, ditoropo/metsesetoropo, hisetori le tse dingwe tse dintsi. Ke ya ntlha ya diporofense di le robonngwe mme e kwadilwe ke bomankge ba le babedi ba tiro eno. Baithuti, barutabana, bakaedi ba tsa bojanala le bajanala botlhe ba tla fitlhela buka eno e le mosola tota.
7. MANAGING GAME FARMS FROM A TOURISM PERSPECTIVE
P VAN DER MERWE & M SAAYMAN (2nd ed)
Ngwaga 2004
ISBN: 1-86822-392-2
Dinomore tsa ditsebe: 287
Eno ke buka ya ntlha mo Aforika Borwa mme e na le maele a botsamaisi jwa dirapa tsa diphologolo malebana le tsa bojanala. Batho ba ba kgatlhegelang dirapa tsa diphologolo le bojanala mo dilong tsa tlhago ba tla solegelwa molemo ke go buisa buka eno.
8. AN INTRODUCTION TO SPORTS TOURISM AND EVENT MANAGEMENT
M SAAYMAN (2nd ed)
Ngwaga: 2004
ISBN: 1-86822-378-7
Dinomore tsa ditsebe: 350
Eno ke nngwe ya dibuka-thuto tsa ntlha mo Aforika Borwa ka ga bojanala jwa tsa metshameko mme e tla solegela molemo thata baithuti ba tsa bojanala, metshameko le dithuto ka tsa boiketlo. Buka eno ke matseno a dikgopolo tse di farologaneng mme e bontsha diphelelo tse metshameko e nnang le yone mo ikonoming ya tsa bojanala.
9. EN ROUTE WITH TOURISM: AN INTRODUCTORY TEXT
M SAAYMAN (2nd ed)
Ngwaga 2008
ISBN: 978-1-86822-495-1
Dinomore tsa ditsebe: 356
Buka eno e ne ya gatisiwa la ntlha ka 1994 ka setlhogo sa Aforikanse se se neng se re Toerismesisteem (Tsamaiso ya Bojanala) mme moragonayana ya ranolelwa mo Seesemaneng. E ne ya tlhabololwa ka 1997 mme setlhogo sa yone sa fetolwa gore e nne Mo Tseleng le Bojanala. E ne e le buka ya ntlha ya bojanala mo Aforika Borwa go gatisiwa ke mokwadi wa Aforika Borwa. E ne ya tlhabololwa gape ka 2000 mme morago ga moo ga feta dingwaga di le mmalwa pele go bonala gore go ne go tlhokega diphetogo mo go yone, mme go ne ga swediwa ka gore diphetogo tseo di dirwe ka 2007. Eno ke buka e e kwaletsweng baithuti le batho ba ba amanang le tiro eno. E tlhalosa dintlha tsa motheo ka bojanala – e leng karolo e gantsi e tlodisiwang matlho mo dibuka-thutong. Le fa go ntse jalo, ga go kgonege go tlhaloganya dintlha tsa maemo a a kwa pele tsa bojanala fa motho a sena kitso ka dintlha tsa motheo ka kgang eno. Buka eno e tlotla ka intaseteri ya Aforika Borwa mme ga e tlhokomologe intaseteri ya bojanala ya lefatshe lotlhe. Re dumela gore kgatiso eno e tla thusa ka tsela e e rileng mo go atoloseng kitso ka bojanala.
.
10. MARKETING TOURISM PRODUCTS AND
DESTINATIONS: GETTING BACK TO BASICS
M SAAYMAN (kgat ya bo 2)
Ngwaga: 2006
ISBN: 1-86822-412-0
Dinomore tsa ditsebe: 234
Buka-thuto ya ntlha mo Aforika Borwa ya go Maketa Bojanala e ne ya gatisiwa ka 1997. Fa e sa le ka nako eo, go ne ga tshwarwa diporojeke di le mmalwa tsa patlisiso tse di thusang fela thata ka kgolo ya palo ya dibuka tse di buang ka go maketa bojanala. Bakwadi ba bangwe mo Aforika Borwa ba ne ba gatisa dikgatiso tse dingwe di le mmalwa. Seno ke kgatelopele e le tota mo saenseng ya bojanala e bile re dumela gore go tla tla dikgatiso tse dingwe gape di le dintsi, tse di buang ka dikgang tse di farologaneng. Go dirisa melaometheo ya bojanala e sa ntse e le kgwetlho mme boikaelelo jwa kgatiso eno ke go busetsa batho kwa melaometheong ya go maketa bojanala. Ono ke wa ntlha wa metseletsele e mebedi e e buang ka go maketa bojanala. Ka jalo, e tla solegela molemo baithuti ba tsa bojanala, badiri mo tirong eno mmogo le barutegi. Ke kgatiso e go solofetsweng gore e tla fetola boemo malebana le go maketa bojanala, segolobogolo mo nageng e e tlhabologang.


