
TREES: Tourism Research in Economic Environs and Society
Ditiragalo tsa dionase
Ditiragalo Tsa Dikirii ya onase
Ngwaga le ngwaga Baithuti ba Dikirii ya Onase ya Bojanala ba tshwanetse go rulaganya tiragalo ya ngwaga le ngwaga, e ka dinako tse dingwe e nnang ya go tshameka kolofo, go opela kgotsa ya Mr. and Miss Tourism. Ditiragalo tsa ngwaga ono tse di neng tsa tshwarwa di ne di akaretsa letsatsi la kolofo le Mr. and Miss Tourism.
Letsatsi la Kolofo 2010:
Tiragalo eno e ne ya tshwarwa ka di 13 Phatwe kwa mabaleng a kolofo a Goldfields kwa Carletonville. Batshameki ba le someamararo le bone ba ne ba nna le seabe mo tiragalong eno. Ba le supa ba baithuti ba ga jaanong jaana ba dikirii ya onase ba ne ba nna maloko a setlhopha sa VIP (Very Innovative Planners) gore ba rulaganyetse tiragalo eno.
Mr. and Miss Tourism 2010:
Tiragalo ya Mr. and Miss Tourism e ne ya tshwarwa ka di 12 Phatwe 2010 kwa Featherhill Spa, Potchefstroom. Baithuti ba le supa ba dikirii ya onase ba ne ba itlhamela komiti ya bone ya borulaganyi. Tiragalo eno e ne e akaretsa setlhopha sa ba ba botlana le sa ba bagolo. Mo setlhopheng sa ba ba botlana, e ne e le baithuti ba sekolo se segolo ba ba neng ba nna le seabe mme mo setlhopheng sa ba bagolo, e ne e le baithuti ba ngwaga wa ntlha go fitlha ka wa boraro ba ba ithutelang bojanala ba ba neng ba nna le seabe. Ba ba neng ba nna le seabe ba ne ba tshwanelwa ke go itirela diaparo tsa bone ka dikumo tse di kgonang go busediwa gape mo tirong mme setlhogo sa dilo tse ba neng ba di dira e ne e le Green Tourism.
Ditiragalo tse pedi tseno di ne tsa atlega fela thata. Ditlhopha tse pedi di ne tsa swetsa ka gore di kopanye diporofete tsa tsone mme ba di ntshe moneelo ba di neye E.S. Le Grange School, e leng sekolo sa bana ba ba nang le bogole jwa tlhaloganyo. Se ne sa newa madi a a kana ka R25 000.
Mo tsamaong ya ngwaga, mongwe le mongwe wa baithuti ba dikirii ya onase o nna le tshono ya go nna mmenejara wa karolo nngwe e e rileng mo go rulaganyetseng ditiragalo tseno. Mme baithuti ba tshwanelwa ke go dira ditlhopha tsa go akanya gore ke mang yo e tla nnang mmenejara yo o ba gaisang botlhe. Mmenejara yo o ba gaisang botlhe mo ngwageng ono e ne e le Rre Clinton Appel.


